Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 96


Tsetlana 96

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, e supa thulaganyo ya toropo kgotsa lomapo lwa Sione kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 4, 1833, jaaka sekai mo Baitsheping mo Kirtland. Lobaka e ne e le la khonforense ya baperesiti ba bagolo, mme setlhogo sa konokono e ne e le kabo ya ditsha dingwe, tse di itsiwe jaaka tshimo ya Fora, e e tserweng ke Kereke go bapa le Kirtland. Gonne khonforense e ne ya retelelwa ke go dumalana gore ke mang yo o tshwanetseng go tlhokomela tshimo e, botlhe ba dumalana go botsa Morena mabapi le kgang e.

1, Lomapo lwa Sione la Kirtland le tshwanetse go thatafadiwa; 2–5, Bishopo o tshwanetse go kgaoganya boswa jwa Baitshepi; 6–9, John Johnson o tshwanetse go nna leloko la thulaganyo e e kopanetsweng.

1 Bonang, ke a lo raya, se ke botlhale, jo lo ka itseng ka jone gore lo ka dira jang mabapi le kgang e, gonne go tshwanetse mo go nna gore lomapo le le ke le tlhometse nonofo ya Sione le tshwanetse go thatafadiwa.

2 Ke gone ka moo, a motlhanka wa me Newel K. Whitney a tseye taolo ya lefelo le le nankotsweng mo gare ga lona, le mo go lone Ke ikaeletseng go aga ntlo ya me e e boitshepo.

3 Mme gape a e kgaogangwe ka ditsha, go ya ka tlhalefo, go thusa bao ba ba batlang boswa, jaaka go tlaa tsewa tshwetso ke lekgotla mo gare ga lona.

4 Ke gone ka moo, tlhokomelang gore lo itebaganye le go diragatsa selo se, le seabe seo se se tlhokegang go thusa thulaganyo ya me, ka maikaelelo a go tlisa lefoko la me kwa baneng ba batho.

5 Gonne bonang, ammaaruri Ke a lo raya, se se tshwanetse thata mo go nna, gore mafoko ame a tshwanetse go tswela pele mo baneng ba batho, ka maikaelelo a go nolofatsa dipelo tsa bana ba batho go le direla molemo. Fela jalo. Amene.

6 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, ke tlhalefo e bile go tshwanetse mo go nna, gore motlhanka wa me John Johnson yo o tshupelo ya gagwe Ke e amogetseng, le yo o dithapelo tsa gagwe ke di utlwileng, yo Ke mo neelang tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng e re ka a tlaa tshegetsa ditaelo tsa me go tswa fa—

7 Gonne ke kokomane ya ga Joseph le motlhakanedi wa ditshegofatso tse di solofeditsweng borraagwe—

8 Ammaaruri Ke a lo raya, go tshwanetse mo go nna gore o tshwanetse go nna leloko la thulaganyo, gore a ka thusa mo go tliseng lefoko la me mo baneng ba batho.

9 Ke gone ka moo lo tlaa mo tlhoma mo tshegofatsong e, mme a batle ka tlhwaafalo go tlosa dithaarang tseo tse di mo ntlong e e umakilweng mo gare ga lona, gore a tle a nne mo go yone. Fela jalo. Amene.