Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 34


Tsetlana 34

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Orson Pratt, kwa Fayette, New York, Ngwanaetsele 4 1830. Mokaulengwe Pratt o ne a le dingwaga di le lesome le boferabongwe ka nako eo. O ne a sokologile mme a kolobediwa fa a ne a utlwa la ntlha thero ya efangele e e tsosolositsweng ka mogolowe, Parley P. Pratt, dibeke tse thataro pele ga foo. Tshenolo e e amogetswe mo lwapeng la ga Peter Whitmer Sr.

1–4, Ba ba ikanyegang ba nna barwa Modimo ka Tetlanyo; 5–9, Thero ya efangele e baakanya tsela ya Go Tla ga Bobedi; 10–12, Seperofeti se tla ka thata ya Mowa o o Boitshepo.

1 Morwaake Orson, reetsa mme o utlwe le go bona se Nna, Morena Modimo, ke tlaa se go rayang, e bong Jeso Keresete Morekolodi wa gago;

2 Lesedi le botshelo jwa lefatshe, lesedi le le phatshimang mo lefifing mme lefifi la se ka la amogalana nalo;

3 Yo o ratileng lefatshe mo go kalokalo gore a ntshe botshelo jwa gagwe, gore botlhe ba ba tlaa dumelang ba ka nna bana ba Modimo. Ke gone o morwaake;

4 Mme o sego gonne o dumetse;

5 Mme o sego thata gonne o biditswe ke nna go rera efangele ya me—

6 Go tsholetsa lentswe o gelebetega jaaka porompeta, ka boleele le ka modumo o o kwa godimo, mme o bolela boikwatlhao mo tshikeng e e kgopo e bilee le logwadi, go baakanya tsela ya Morena ya Go Tla ga gagwe ga Bobedi.

7 Gonne bona, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, nako e tloga e atamela eo ke tlaa a tlang mo lerung ka thata le ka kgalalelo e kgolo.

8 Mme e tlaa nna letsatsi le legolo ka nako ya go tla ga me, gonne ditšhaba tsotlhe di tlaa roroma.

9 Mme pele ga letsatsi le legolo leo le tlaa tla, letsatsi le tlaa fifala, mme ngwedi o fetolwe madi; le dinaledi di tlaa gana go phatshima ga tsone, mme tse dingwe di tlaa wa, mme tshenyego e kgolo e emetse baikepi.

10 Ke gone, tsholetsa lentswe mme o se rekegele sepe, gonne Morena Modimo o buile, ke gone ka moo perofesa, mme go tlaa newa ka thata ya Mowa o o Boitshepo.

11 Mme fa o ikanyega, bona, ke na le wena go fitlha ke tla—

12 Mme ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, ke tla ka pela. Ke Morena wa gago le Morekolodi wa gago. Fela jalo. Amene.