Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 47


Tsetlana 47

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 8, 1831. John Whitmer, yo o neng a setse a dirile jaaka mokwaledi wa Moperofeti, lantlha o ne a etsaetsega fa a ne a kopiwa go dira jaaka raditso wa Kereke le mokwadi, go emisetsa Oliver Cowdery. O ne a kwala, “ke rata ke se dire sepe mme ke tlhokometse gore go rata ga Morena go diragale, mme fa a eletsa, Ke eletsa gore o ka e bonatsha ka molebi Joseph.” Morago ga Joseph Smith a sena go amogela tshenolo e, John Whitmer a amogela mme a dira mo ofising e a e tlhometsweng.

1–4, John Whitmer o tlhomelwa go tshegetsa ditso tsa Kereke le go kwalela Moperofeti.

1 Bonang, go tshwanetse mo go nna gore motlhanka wa me John o tshwanetse go kwala le go tshegetsa ditso tsa gale, mme a go thuse, motlhanka wa me Joseph, mo go kwaleng dilo tsotlhe tseo o tlaa di senolelwang, go fitlha a bilediwa ditiro tse dingwe.

2 Gape, ammaaruri Ke a o raya gore o ka tsholetsa lentswe la gagwe mo diphuthegong, nako nngwe le nngwe e go tshwanetseng.

3 Mme gape, Ke a go raya gore go tlaa tlhomiwa mo go ene go tswelela a tshegetsa ditshupo tsa kereke le ditso; gonne Oliver Cowdery Ke mo tlhomile mo ofising e nngwe.

4 Ke gone, o tlaa neelwa, e re ka a le boikanyego, ka Mogomotsi, go kwala dilo tse. Fela jalo. Amene.