Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 125


Tsetlana 125

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Nauvoo Illinois, Mopitlo 1841, mabapi le Baitshepi mo kgaolong ya Iowa.

1–4, Baitshepi ba tshwanetse go aga ditoropo le go phuthegela mo dimapong tsa Sione.

1 Thato ya Morena ke eng mabapi le baitshepi mo Kgaolong ya Iowa?

2 Ammaruri, jaana go bua Morena, Ke a lo raya, fa bao ba ba ipitsang ka leina la me e bile ba ipolela go nna baitshepi ba me, fa ba rata go dira thato ya me le go tshegetsa ditaelo tsa me mabapi le bone, a ba phuthegele mo mafelong a ke tlaa ba a tlhomelang ka motlhanka wa me Joseph, mme ba agele leina la me ditoropo, gore ba ka ipaakanyetsa seo se se tlaa tlang.

3 A ba agele leina la me toropo mo lefatsheng le le lebaganeng le toropo ya Nauvoo, mme a e bidiwe Sarahemola.

4 Mme a bao botlhe ba ba tlang go tswa botlhaba, le bophirima, le bokone, le borwa, ba ba nang le dikeletso go nna mo go yone, ba tseye boswa jwa bone mo go yone eo, le mo toropong ya Nashville, kgotsa mo toropong ya Nauvoo, le mo dimapong tsotlhe tse ke di tlhomileng, go bua Morena.