Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 133


Tsetlana 133

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Ngwanatsele 3, 1831. Go simolola tshenolo ya Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela, “Ka nako e gone go na le dilo tse dintsi tse Bagolwane ba neng ba eletsa go di itse mabapi le go rera Efangele mo banning ba lefatshe, le mabapi le go phuthega; le gore ba tsamaye mo leseding la boammaaruri, le go kaelwa go tswa kwa godimo, Ngwanatsele 3, 1831, Ke ne ka botsa Morena mme ka amogela tshenolo e e latelang e e botlhokwa.” Tsetlana e lantlha e ne ya tsenngwa mo bukeng ya Dithuto le Dikgolagano jaaka aphentikise mme kgabagare ya neelwa tsetlana le nomore.

1–6, Baitshepi ba laelwa go baakanyetsa Go Tla ga Bobedi; 7–16, Batho botlhe ba laelwa go tshaba mo Babilone, go tlaya kwa Sione, le go baakanyetsa letsatsi le legolo la Morena; 17–35, O tlaa ema mo Thabeng ya Sione, dikhonthinente di tlaa nna lefatshe le le lengwe, mme merafe e latlhegileng ya Iseraele e tlaa boa; 36–40, Efangele e buseleditswe ka Joseph Smith go rerwa mo lefatsheng lotlhe; 41–51, Morena o tlaa tla ka pusoloso mo baikeping; 52–56, E tlaa nna ngwaga wa barekolodwi ba Gagwe; 57–74, Efangele e tlaa romelwa go boloka Baitshepi le tshenyego ya baikepi.

1 Reetsang, Lona batho ba kereke ya me, go bua Morena Modimo wa lona, mme utlwang lefoko la Morena mabapi le lona—

2 Morena yo ka bonako a tlang mo tempeleng ya gagwe; Morena yo a tlaa fologelang mo lefatsheng ka phutso go atlhola; ee, mo ditšhabeng tsotlhe tse di lebetseng Modimo, le mo baikeping botlhe mo gare ga lona.

3 Gonne o tlaa apola letsogo la gagwe le le boitshepo mo matlhong a ditšhaba tsotlhe, mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona poloko ya Modimo wa bone.

4 Ke gone, baakanyang, baakanyang, Ao bathoba me; e itshepiseng; phuthegang, Ao lona batho ba kereke ya me, mo lefatsheng la Sione, lona lotlhe ba lo sa laolwang go sala.

5 Tsamayang lo tswe mo Babilone. Lo nne phepa lona ba lo rweleng dilwana tsa Morena.

6 Bitsang diphutego tse di masisi tsa lona, mme buang gantsi mongwe le yo mongwe. Mme a motho mongwe le mongwe a bitse leina la Morena.

7 Ee, ammaaruri ke a lo raya gape, nako e tlile e lentswe la Morena le leng mo go lona: Tsamayang lo tswe mo Babilone; phutegang lo tswe mo gare ga ditšhaba, go tswa mo diphefong tse nne, go tswa sekhutlong se senngwe sa legodimo go ya kwa go se senngwe.

8 Romelang bagolwane ba kereke ya me kwa ditšhabeng tse di kgakala; kwa ditlhaketlhakeng tsa lewatle; romelang kwa mafatsheng a sele; bitsang ditšhaba tsotlhe, pele mo Baditšhabeng, mmeke gone mo Bajuteng.

9 Mme bonang, mme lebang, se e tlaa nna kitsiso ya lona, le lentswe la Morena mo bathong botlhe: Tswelang pele kwa lefatsheng la Sione, gore melolwane ya batho ba me e ka okediwa, le gore dimapo tsa gagwe di ka nonotshiwa, le gore Sione a ka atologela kwa dikgaolong tse di mo ditikologong.

10 Ee, a kitsiso e tswele pele mo gare ga batho botlhe: Tsogang le emelele mme lo tswele pele go kgatlhantsha Monyadi; bonang mme lebang, Monyadi o e tla; tsamayang lo ye go mo kgatlhantsha. Ipaakanyetseng letsatsi le legolo la Morena.

11 Lebelelang, ke gone ka moo, gonne ga lo itse le fa e le letsatsi le e seng oura.

12 Ke gone ka moo, a ba, ba mo gare ga Baditšhaba ba tshabele kwa Sione.

13 Mme a ba e leng ba ga Juta ba tshabele kwa Jerusalema, kwa dithabeng tsa ntlo ya Morena.

14 Tsamayang lo tswe mo gare ga ditšhaba, le e leng mo Babilone, mo gare ga boikepi, jo e leng Babilone wa semowa.

15 Mme ammaaruri, go bua jaana Morena, a go tshaba ga lona go nne ka potlako, mme a dilo tsotlhe di baakanyediwe fa pele ga lona; mme a yo o tsamayang, a se lebe kwa morago esere kgotsa tshenyego ya tshoganyetso e ba wele.

16 Reetsang le utlwe, Ao lona banni ba lefatshe. Reetsang, lona bagolwane ba kereke ya me mmogo, mme utlwang lentswe la Morena; gonne o bitsa batho botlhe, mme o laela batho botlhe gongwe le gongwe go ikwatlhaya.

17 Gonne Bonang, Morena Modimo o rometse baengele go bolela mo gare ga legodimo, ba re: Baakanyang tsela ya Morena, mme lo siamiseng tsela ya gagwe, gonne oura ya go tla gagwe e atametse—

18 Fa Kwana e tlaa ema mo Thabeng ya Sione, mme a na le dikete di le lekgolo le masome a mane le bone, ba ba kwadilweng leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.

19 Ke gone, ipaakanyetseng go tla ga Monyadi; tsamayang, tsamayang lo ye go mo kgatlhantsha.

20 Gonne bonang, o tlaa ema mo thotheng ya lotlhware, le mo lewatle le le maatla, e bong boteng jo bogolo, le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle, le mo lefatsheng la Sione.

21 Mme o tlaa ntsha lentswe la gagwe go tswa mo Sione, mme o tlaa bua go tswa mo Jerusalema, mme lentswe la gagwe le tlaa utlwiwa mo gare ga batho botlhe;

22 Mme e tlaa nna lentswe jaaka mosumo wa metsi a le mantsi, le jaaka tumo e kgolo ya maru, le le tlaa kgaolang dithaba, le megogoro ga e kitla e bonwa.

23 O tlaa laola boteng jo bogolo, mme bo tlaa kgoromelediwa morago mo mafatsheng a a mo bokone, mme ditlhaketlhake di tlaa nna lefatshe le le lengwe;

24 Mme lefatshe la Jerusalema le lefatshe la Sione a tlaa boela mo mafelong a one, mme lefatshe le tlaa nna jaaka le ne le ntse mo malatsing a pele le kgaogangwa.

25 Mme Morena, e bong Mmoloki, o tlaa ema mo gare ga batho ba gagwe, mme o tlaa busa mo nameng yotlhe.

26 Mme bao ba ba mo mafatsheng a a mo bokone ba tlaa gakologelwa fa pele ga Morena; mme baperofeti ba bone ba tlaa utlwa lentswe la gagwe, mme ga ba kitla ba ithibela; mme ba tlaa itaya matlapa, mme kgapetlana ya metsi e tlaa nyera ka go bonalo ga bone.

27 Mme tsela e kgolo e tlaa tlhatlosiwa mo gare ga boteng jo bogolo.

28 Baba ba bone ba tlaa nna thopo mo go bone,

29 Mme mo dikakeng tse di omeletseng go tlaa tswa megobe ya metsing a a tshedileng; mme lefatshe le le lokgere ga le kitla le tlhola le nna lefatshe le le nyorilweng.

30 Mme ba tlaa tlisa mahumo a bone a boleng jo bogolo mo baneng ba ga Eforeime, batlhankaba me.

31 Mme melolwane ya dithaba tsa bo sa khutleng e tlaa roroma mo ponalong ya bone.

32 Mme koo ba tlaa khubama mme barwesiwe ka serwalo sa kgalalelo, le e leng mo Sione, ka diatla tsa batlhanka ba Morena, e bong bana ba ga Eforeime.

33 Mme ba tlaa tlala ka dipina tsa boitumelo jo bosa khutleng.

34 Bonang, se ke tshegofatso ya Modimo ya bosa khutleng mo merafeng ya Iseraele, le tshegofatso e e tseneletseng mo tlhogong ya ga Eforeime le beng ka ene.

35 Mme le gone le bao ba morafe wa ga Juta, morago ga botlhoko jwa bone, ba tlaa itshepisiwa mo boitshepong fa pele ga Morena, go nna mo bo leng teng jwa gagwe motshegare le bosigo, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

36 Mme jaanong, ammaaruri go bua Morena, gore dilo tse di ka itsiwe mo gare ga lona, Ao banni ba lefatshe, ke rometse moengele wa me afofa mo gare ga legodimo, a nale efangele e e sa khutleng yo o bonetseng mo bangweng mme o e neetse motho, yo o tlaa bonalang mo go bale bantsi ba ba nnang mo lefatsheng.

37 Mme efangele e e tlaa rerelwa ditšhaba tsotlhe, le lotso, le puo, le batho.

38 Mme batlhanka ba Modimo ba tlaa tswela pele, ba bua ka lentswe lelgolo: Boifang Modimo mme lo o neele kgalalelo, gonne oura ya katlholo ya gagwe e tlile;

39 Mme obamelang ene yo o dirileng legodimo, le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi—

40 Le bitsa leina la Morena motshegare le bosigo, lo re: A bo o ka fatoganyana magodimo, gore o ka fologa, gore dithaba di ka nyera ka go bonalo ga gago.

41 Mme di tlaa arabelelwa mo ditlhogong tsa bone; gonne boleng teng jwa Morena e tlaa nna jaaka molelo o o tshubang, le jaaka molelo o o bedisang metsi.

42 Ao Morena, o tlaa fologa gore o itsise baganetsi ba gago leina la gago, mme ditšhaba tsotlhe di tlaa roroma mo boleng teng jwa gago—

43 Fa o dira dilo tse di boitshegang, dilo tse ba sa di lebelelang;

44 Ee, fa o fologa, mme dithaba di nyera mo boleng teng jwa gago, o tlaa kopana le ene yo o itumelang le go dira tshiamo, ba ba go gakologelwang mo ditseleng tsa gago.

45 Gonne e sale kwa tshimologong ya lefatshe batho ga ba e se ba ke ba utlwe le fa e le go tlhwaisa katsebe, le fa e le leitlho ga le e se le bone, Ao Modimo, fa e se wena, gore ke dilo tse dikgolo jang tseo di baakanyeditseng ene yo o go lebelelang.

46 Mme go tlaa twe: Ke mang ene yoo fologang go tswa kwa Modimong mo legodimong ka diaparo tse di bohibidu jo bo mokgona; ee, go tswa kwa dikgaolong tse di sa itsiweng, a apere seaparo sa gagwe se se galalelang, a tsamaya mo bogolong jwa thata ya gagwe?

47 Mme o tlaa a re: Ke nna yo ke buang ka tshiamo, ke le mothata mo go bolokeng.

48 Mme Morena o tlaa bo a le mo seaparong se sehibidu, mme diaparo tsa gagwe di tla nna jaaka tsa yo o gatang sedibeletso sa mofine.

49 Mme kgalalelo ya boleng teng jwa gagwe e tlaa nna kgolo thata mo e leng gore letsatsi le tlaa fitlhang sefatlhogo sa lone ka ntlha ya ditlhong, mme ngwedi o tlaa gana ka lesedi la one, mme dinaledi di tlaa wa mo mafelong a tsone.

50 Mme lentswe la gagwe le tlaa utlwiwa: Ke gatile sedibeletso sa mofine ke le nosi, mme ke tlisitse katlholo mo bathong botlhe; mme go ne go sena ope yo a neng a na le nna;

51 Mme Ke ba gatakile mo tenegong ya me, mme ke ba gatakile mo bogaleng jwa me, mme madi a bone ke a gasegetse mo diaparong tsa me, mme ke tladikile diaparo tsa me tsotlhe; gonne se e ne e le letsatsi la pusoloso e e neng e le mo pelong ya me.

52 Mme ngwaga ya barekolodwi ba me e fitlhile; mme ba tlaa umaka bopelonomi jwa lorato lwa Morena wa bone, le tsotlhe tse a a ba di neetseng go yeng ka molemo wa gagwe, le go yeng ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

53 Mo dipogisong tsotlhe tsa bone o ne a bogisiwa. Mme moengele o o mo boleng teng jwa gagwe a ba boloka; mme ka lorato lwa gagwe, le ka bopelotlhomogi jwa gagwe, a ba rekolola, mme a ba tshola, le go ba tshegetsa mo malatsi otlhe a bogologolo;

54 Ee, Enoko le ene, le bao ba ba neng ba na le ene; baperofeti ba ba neng ba le pele ga gagwe; mme Noa le ene, le bao ba ba neng ba le pele ga gagwe; mme Moše le ene, le ba ba neng ba le pele ga gagwe;

55 Le go tswa ka Moše go ya kwa go Elija, le go tswa ka Elija go ya kwa go Johane, ba ba neng ba nale Keresete mo tsogong ya gagwe, le baaposetole ba ba boitshepo, le Aberahame, Isake, le Jakobe, ba tlaa nna mo boleng teng jwa Kwana.

56 Mme mabitla a baitshepi a tlaa bulwa; mme ba tlaa tswa mme ba eme mo seatleng sa moja sa Kwana, fa a ema mo Thabeng ya Sione, le mo toropong e e boitshepo, Jerusalema o Mosha; mme ba tlaa opela pina ya Kwana, motshegare le bosigo ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

57 Mme ka lebaka le, gore batho ba ka dirwa baabedwi ba dikgalalelo tse di neng di tshwanetse go senolwa, Morena o rometse efangele ya gagwe ka botlalo, kgolagano e e sa khutleng, a akantshana sentle le ka bomotlhofo—

58 Go baakanyetsa ba ba bokowa dilo tseo tse di tlang mo lefatsheng, le thomo ya Morena mo letsatsing leo ba ba bokoa ba tlaa tlhabisang ba ba botlhale ditlhong, mme yo mmotlana o tlaa nna tšhaba e e thata, mme ba le babedi ba tlaa tshabisa ba ba dikete di le masome ba bone.

59 Mme ka dilo tse di bokowa tsa lefatshe Morena o tlaa photha ditšhaba ka thata ya Mowa wa gagwe.

60 Mme ka ntlha e ditaelo tse di ne tsa neelwa; di ne di laotswe go dibelwa mo lefatsheng mo letsatsing leo le di neng di neelwa, mme jaanong di tshwanetse go tswela pele mo nameng yotlhe—

61 Mme se go yeng ka mogopolo le thato ya Morena, yo o busang nama yotlhe.

62 Mme yo o ikwatlhayang le go iitshepisa fa pele ga Morena o tlaa neelwa botshelo jo bosakhutleng.

63 Mme mo go bone ba ba sa reetseng lentswe la Morena go tlaa diragadiwa seo se se neng se kwadilwe ke Moperofeti Moše, gore ba tlaa kgaolwa mo gare ga batho.

64 Mme le gone le seo se se neng se kwadilwe ke moperofeti Malaki: Gonne, bonang, letsatsi le etla le le tlaa tukang jaaka leiso la boubelo, le botlhe ba ba mabela, ee, le botlhe ba ba dirang boikepo, ba tlaa nna dirine; mme motlhao o tlaa tlang o tlaa ba laila, go bua Morena wa masomosomo, gore ga o kitla o ba tlogelela modi kgotsa kala.

65 Ke gone, se e tlaa nna karabo ya Morena mo go bone:

66 Mo letsatsing leo fa ke tla mo go ba me, ga go motho ope mo ga re ga lona yoo nkamogetseng, mme lone lwa lelekiwa.

67 Fa ke bitsa gape gone go sena ope wa lona yo o arabang; le fa gontse jalo letsogo la me le ne le sa ngotlafadiwa gotlhelele gore ke kapalelwa ke go rekolola, le fa e le thata ya me go golola.

68 Bonang, ka kgalemo ya me ke kgadisa lewatle. Ke dira dinoka naga; tlhapi tsa tsone di a nkga, mme di swa ka lenyora.

69 Ke apesa magodimo ka bontsho, ebile ke dira kgetse go nna sebipo sa one.

70 Mme se lo tlaa se amogela mo seatleng sa me—lo tlaa robalela mo bohutsaneng.

71 Bonang, mme lebang, ga gona bape ba ba ka le gololang; gonne ga lo a obamela lentswe la me fa ke ne ke lo bitsa go tswa kwa magodimong; ga lo a dumela batlhanka ba me, mme fa ba ne ba romelwa kwa go lona ga lo a ba amogela.

72 Ke gone, ba kanne bopaki le go bofa molao, mme lo ne lwa neelwa mo lefifing.

73 Se se tlaa tswela pele mo lefifi le le kwantle, kwa go leng selelo, le kuruetso le go huranya ga meno.

74 Bonang Morena Modimo wa lona o go boletse. Amene.