Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 128


Tsetlana 128

Lekwalo go tswa kwa go Moperofeti Joseph Smith go kwa Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, le na le dikaelo tse dingwe ka kolobelediwang baswi, le kwadilwe kwa Nauvoo, Illinois, Lwetse 6, 1842.

1–5, Bagatisi ba selegae le ba kakaretso ba tshwanetse go supela nnete ya dikolobetso tsa baswi; 6–9, Ditshupo tsa bone di a bofa mme di gatisiwa mo lefatsheng le kwa legodimong; 10–14, Lekadiba la kolobetso ke tshwantshiso ya lebitla; 15–17, Elija o buseleditse thata e e mabapi le kolobetso ya baswi; 18–21, Dilotlele tsotlhe, dithata, le ditaolo tsa ditebalebelo tse di fitileng di buseleditswe; 22–25, Mafoko a a molemo le a boitumelo a bolelwa batshedi le baswi.

1 Jaaka Ke lo boleletse mo lekwalong la me pele ke tloga bonnong jwa me, gore ke tlaa le kwalela go tswa nako le nako mme ke lo neele polelo mabapi le ditlhogo tse dintsi, jaanong ke tsweledisa setlhogo sa kolobetso mo boemong jwa baswi, jaaka setlhogo seo se lebega se nna se le mo tlhaloganyong ya me, mme se ama maikutlo ame mo go nonofileng, e sale ke salwa morago ke baba ba me.

2 Ke le kwaletse mafoko a se kae a tshenolo mabapi le mogatisi. Ke nnile le megopolo e le mmalwa e e tlalaletsang mabapi le kgang e, e jaanong ke e trurifatsang. Ke gore, go ne go boletswe mo lekwalong la me la pele gore go tshwanetse ga nna le mogatisi, yo o tshwanetseng go nna mosupi, le gone go utlwa ka ditsebe tsa gagwe, gore o ka dira pego ka boammaaruri fa pele ga Morena.

3 Jaanong, mabapi le kgang e, go tlaa nna thata thata gore mogatisi a le mongwe a nne teng ka dinako tsotlhe, le go dira ditiro tsotlhe. Go itsa bothata jo, go kanna le mogatisi yo o tlhomilweng mo kgotleng nngwe le nngwe ya toropo, yo o nang le bokgoni jwa go kwala dintlha tse di tsepameng; mme a nne kelelelo thata le go tsepama mo go kwaleng ditiragalo tsotlhe, a rurifatsa mo pegong ya gagwe gore o bone ka matlho a gagwe, e bile o utlwile ka ditsebe tsa gagwe, a a naya letsatsi, le maina, le jalo jalo, le ditso tsa tiragalo yotlhe; a nankola ka maina le gone bangwe ba bararo ba ba leng teng, fa, go na le bangwe ba ba leng teng, ba e ka reng ka nako nngwe fa ba bidiwa ba rurifatse sone seo, gore mo molomong wa basupi ba babedi kgotsa ba bararo lefoko lengwe le lengwe le ka tlhomamisiwa.

4 Ke gone, a go nne le mogatisi wa kakaretso, yo o ka neelwang dipego tse dingwe tse, di patagantswe le setlankana se se beilweng menwana ya bone, ba rurifatsa gore pego e ba e dirileng e boammaaruri. Ke gone mogatisi wa kereke wa kakaretso a ka tsenyang pego mo bukeng ya kakaretso ya kereke, le ditlankana le basupi botlhe ba ba neng ba le teng, ka mokwalo wa gagwe gore ka boammaaruri o dumela gore mokwalo o o fa godimo le dipego di boammaaruri, ka kitso ya gagwe ya botho le go tlhomiwa ga banna bao ke kereke. Mme se fa se dirilwe mo bukeng ya kakaretso ya kereke, pego e tlaa nna fela jaaka e e boitshepo, mme e tlaa tlhomamisa tao jaaka e e letlelesegang fela jaaka e kete o boneng ka matlho a gagwe le go e utlwa ka ditsebe tsa gagwe, mme a dirile pego ya tsone tseo mo bukeng ya kakaretso ya kereke.

5 Lo ka akanya gore thulagano e ya dilo e tsepame thata; mme tlang ke le bolele gore ke fela go diragatsa go rata ga Modimo, ka go dumalana le tao le paakanyetso e Morena a e tlhomileng le go e baakanya pele ga motheo wa lefatshe, go diragatsa poloko ya baswi ba ba tlaa swang ba sena kitso ya efangele.

6 Mme gape, ke batla lo gakologelwe gore Johane wa Mosenodi o ne a akanya thata ka sone setlhogo se mabapi le baswi, fa a ne a bolela, jaaka lo tlaa fitlhela go kwadilwe mo go Tshenolo 20:12—Mme ke ne ka bona baswi, ba bannye le ba bagolo, ba ema fa pele ga Modimo; mme dibuka di ne tsa bulwa; mme buka e nngwe ya bulwa, e e leng buka ya botshelo; mme baswi ba ne ba atlholwa go tsweng mo dilong tseo tse di neng di kwadilwe mo dibukeng go yeng ka ditiro tsa bone.

7 Lo tlaa lemoga mo nopolong e gore dibuka di ne tsa bulwa; mme buka e nngwe e ne ya bulwa, e e neng e le buka ya botshelo; mme baswi ba ne ba atlholwa go tswa mo dilong tseo tse di neng di kwadilwe mo dibukeng, go ya ka ditiro tsa bone; ke gone ka moo, dibuka tse go buiwang ka tsone di tshwanetse tsa bo e le dibuka tse di nang le pego ya ditiro tsa bone, mme di raya dipego tse di tshegeditsweng mo lefatsheng. Mme buka e e neng e le buka ya botshelo ke pego e e tshegeditsweng kwa legodimong; molawana o dumalana ka tlhomamo le thuto e lo e laolelwang mo tshenolong e e mo lekwalong le ke le lo kwaletseng pele fa ke tloga kwa bonnong jwa me—gore mo dipegong tsotlhe tsa lona e ka kwalwa kwa legodimong.

8 Jaanong, tlholego ya tao e mo thateng ya boperesiti, ka tshenolo ya ga Jeso Keresete, e ka yone go neetsweng gore le fa e le eng se o se bofang mo lefatsheng se tlaa bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se o se bofololang mo lefatsheng se tlaa bofololwa kwa legodimong. Kgotsa, ka mafoko a mangwe, fa re tlhaloganya thanolo ka tsela e sele, le fa e le eng se o se kwalang mo lefatsheng se tlaa kwalwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se o sa se kwaleng mo lefatsheng ga se kitla se kwalwa kwa legodimong; gonne go tswa mo dibukeng baswi ba lona ba tlaa atlholwa, go yeng ka ditiro tsa bone, fa bone ka bo bone ba dirile ditao ka sebele, kgotsa ka baemedi ba bone, go yeng ka tao e Modimo a e baakanyeditseng poloko ya bone go tswa pele ga motheo wa lefatshe, go yeng ka dipego tse ba di tshegeditseng mabapi le baswi ba bone.

9 E ka lebega mo go bangwe go nna thuto e e thata e re buang ka ga yone—thata e e kwalang kgotsa e e bofang mo lefatsheng le go bofa kwa legodimong. Le fa gontse jalo, mo dingwageng tsotlhe tsa lefatshe, nako nngwe le nngwe e Morena a neetseng tebalebelo ya boperesiti mo monneng ope ka tshenolo tota, kgotsa setlhopha sa banna, thata e e neetswe ka metlha. Ke gone ka moo, le fa e le eng se banna bao ba se dirileng ka taolo, mo leineng la Morena, mme ba se dirile ka boammaaruri le boikanyego, mme ba tshegeditse pego e e lolameng le e e boikanyego ya sone seo, e nnile molao mo lefatsheng le kwa legodimong, mme e ka seke e phimolwe, go ya ka ditao tsa ga Jehofa yo mogolo. Se ke puo e e boikanyego. Ke mang yo o ka e utlwang?

10 Mme gape, e le sekao, Mathaio 16:18, 19: Mme Ke a go raya, ke re o Petere, mme mo lefikeng le Ke tlaa aga kereke ya me; mme dikgoro tsa molete ga di kitladi e fenya. Mme ke tlaa go neela dilotlele tsa bogosi jwa legodimo: mme le fa e le eng se o tla se bofang mo lefatsheng se tlaa bofiwa kwa legodimong; mme le fa e le eng se o tlaa se bofololang mo lefatsheng se tlaa bofololwa kwa legodimong.

11 Jaanong sephiri se segolo le se se tona sa kgang yotlhe, le summum bonum ya setlhogo sotlhe se se fa pele ga rona, se mo go amogeleng dithata tsa Boperesiti jo bo Boitshepo. Mabapi le ene yoo o neelwang dilotlele tse ga gona bothata mo go amogeleng kitso ya dintlha tsa nnete mabapi le poloko ya bana ba batho, gotlhe le tsa baswi le batshedi.

12 Mo go se ke kgalalelo le tlotlo, le bosasweng le botshelo jo bosakhutleng—Tao ya kolobetso ka metsi, go nwetswa mo go one gore go nne mo go mo sekaong sa setshwanosa baswi, gore molwana o le mongwe o ka dumalana le o mongwe; go nwetswa mo metsing le go tswa mo metsing go mo setshwanong sa tsogo ya baswi mo go tsweng mo mabitleng a bone, ke gone ka moo, tao e e simolodisitswe go dira kamano le tao ya go kolobelediwa baswi, e le mo setshwanong sa baswi.

13 Ke gone ka moo, lekadiba la kolobetso le simolodisitswe e le sekao sa lebitla, mme gone go laotswe gore le nne mo lefelong le le kwa tlase kwa batshedi ba sa tlwaelang go phutegela teng, go supa batshedi le baswi, le gore dilo tsotlhe di ka nna le setshwano sa tsone, le gore di ka dumalana nngwe le e nngwe—gore se e leng sa selefatshe se dumalane le seo se e leng sa selegodimo, jaaka Paulo a boletse, 1 Bakorinthe 15:46, 47, le 48:

14 Le fa go ntse jalo sa pele e neng e se sa semowa, fa e se sa tlholego; mme sa se mowa se tla kwa morago. Motho wa pele ke wa mmu, selefatshe, motho wa bobedi ke Morena go tswa kwa legodimong. Jaaka go ntse wa selefatshe, ba ntse jalo le bone ba selefatshe; le jaaka go ntse wa selegodimo, ba ntse jalo le bone ba selegodimo. Le jaaka dipego di ntse mo lefatsheng mabapi le baswi ba lona, tse di dirilweng ka boammaaruri, le tsone di ntse jalo dipego tse di kwa legodimong. Ke gone ka moo, se, ke thata e e kanang le e e bofang, mme, ka ntlha e nngwe, dilotlele tsa bogosi, tse di leng mo selotleleng sa kitso.

15 Mme jaanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, tlang ke lo rurifaletse gore tse ke melawana mabapi le baswi le batshedi e e sa kakeng ya itlhokomolosiwa, mabapi le poloko ya rona. Gonne poloko ya bone e a tlhokega e bile e botlhokwa mo polokong ya rona, jaaka Paulo a bua mabapi le borre—gore bone kwantle ga rona ba kake ba dirwa boitekanelo—le fa e le rona ga re kake ra dirwa boitekanelo kwantle ga baswi ba rona.

16 Mme jaanong, mabapi le kolobetso mo boemong jwa baswi, Ke tlaa lo neela nopolo e nngwe ya ga Paulo, 1 Bakorinthe 15:29: Fa go sa nna jalo ba ba kolobelediwang baswi ba tla dirang, fa baswi ba sa tsoge gotlhelele? Ke gone ba tlaa bo ba kolobelediwa eng ba ba kolobeletswang baswi?

17 Mme gape, mabapi le nopolo e ke tlaa lo neela nopolo go tswa mo mongweng wa baperofeti, yo o neng a tsepamesitse leitlho la gagwe mo puseletsong ya boperesiti, dikgalalelo tse di tlaa senolwang mo malatsing a bofelo, le ka mokgwa o o faphegileng thuto e e itumedisang e ya dithuto tsotlhe tse e leng tsa efangele e e sa khutleng, e bong, go kolobelediwa baswi; gonne Malaki a re, kgaolo ya bofelo, ditemana tsa botlhano le borataro: Bonang, Ke tla roma Elija moperofeti kwa go lona pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le boitshega la Morena: Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana mo baneng, le pelo ya bana kwa go borraabo, e sere kgotsa Ka tla mme ka itaya lefatshe ka phutso.

18 Ke ka tswa ke neetse thanolo e e motlhofo ka ga se, mme e motlhofo mo go lekaneng go dumalana le maikaelelo a me jaaka a ntse. Go lekane go itse, mo kgang e, gore lefatshe le tlaa itewa ka phutso fa e se go na le kgokagano e e tshwaraganeng ya mofuta mongwe kgotsa e nngwe mo gare ga borrabana le bana, mo thutong nngwe kgotsa e nngwe—mme bonang ke efe thuto eo? Ke go kolobelediwa baswi. Gonne rona kwantle ga bone ga re kake ra dirwa boitekanelo; le fa e le bone kwantle ga rona ga ba kake ba dirwa boitekanelo. Le fa e le bone le e seng rona ga re kake ra dirwa boitekanelo kwantle ga bao ba ba swetseng mo mo efangele le bone; gonne go a tlhokega mo tshimolodisong ya tebalebelo ya metlha e e feletseng, tebalebelo e jaanong e simololang go tsena, gore tshwaragano mmogo e e feletseng le e e tletseng le e e boitekanelo ya ditebalebelo, le dilotlele, le dithata, le dikgalalelo di ka diragala, mme di senolwe go tswa ka malatsi a ga Atame le e leng go fitlha nako e. Mme e seng fela se, mme dilo tseo tse di iseng di ke di senolwe go tswa kwa motheong wa lefatshe, mme di ntse di fitlhetswe ba ba botlhale le senokopela, di tlaa senolelwa bana ba bannye le ba ba anywang, mo go e, tebalebelo ya metlha e e feletseng.

19 Jaanong, re utlwa eng mo efangeleng e re e amogetseng? Lentswe la boipelo! Lentswe la kutlwelobotlhoko go tswa kwa legodimong; le lentswe la boammaaruri go tswa mo lefatsheng; mafoko a a molemo mo baswing; lentswe la boipelo mo batsheding le mo baswing; mafoko a a molemo le a boitumelo jo bogolo. Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa bao ba ba tlisang mafoko a a molemo a dilo tse di molemo, le ba ba rayang Sione ba re: Bona, Modimo wa gago wa busa! Jaaka monyo wa karemele, fela jalo kitso ya Modimo e tlaa fologela mo go bone!

20 Mme gape, re utlwa eng? Mafoko a a molemo go tswa kwa Khomora! Moroni, moengele go tswa kwa legodimong, a bolela go diragadiwa ga baperofeti—buka e e tlaa senolwang. Lentswe la Morena mo nageng ya Fayette, kgaolo ya Seneca, le bolela basupi ba bararo ba ba tlaa supang tshupo ya buka! Lentswe la ga Mikaele mo dintshing tsa Susquehanna, a lemoga diabole fa a bonala jaaka moengele wa lesedi! Lentswe la ga Petere, Jakobe, le Johane mo nageng fa gare ga Harmony, kgaolo ya Susquehanna, le Colesville, kgaolo ya Broome, mo nokeng ya Susquehanna, ba ipolela fa ba na le dilotlele tsa bogosi, le tsa tebalebelo ya metlha e e feletseng!

21 Mme gape, lentswe la Modimo mo ntlong ya mogolo Rre Whitmer, mo Fayette, kgaolo ya Seneca, le ka metlha e e farologanyeng, le mo mafelong a a farologaneng mo dikhudugong tsotlhe le dipitlagano tsa Kereke e ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo! Le lentswe la ga Mikaele, moengele yo mogolo; lentswe la ga Gabariele, le la ga Raphele, le a baengele ba ba farologaneng, go simolola ka Mikaele kgotsa Atame go fitlhelela nako e, botlhe ba bolela tebalebelo tsa bone, ditshwanelo tsa bone, dilotlelele tsa bone, ditlotlo tsa bone, borena jwa bone le kgalalelo, le thata ya boperesiti jwa bone; ba neela sekao mo sekaong, kaelo mo kaelong; bonnye fano, bonnye fale; ba re neela kgomotso ka go bolela seo se se tlaa tlang, ba tlhomamisa tsholofelo ya rona!

22 Bakaulengwe, are tlaa seka re tswelela mo ntlheng e kgolo jaana? Tswelelang pele mme e seng go katela morago. Bopelokgale, bakaulengwe; mme tswelelang, tswelelang mo phenyong! A dipelo tsa lona di itumele, mme di ipele thata. A lefatshe le ponyege mo go opeleng. A baswi ba bolele difela tsa kgalaletso ya bosakhutleng kwa go Kgosi Immanuele, yo o tlhomileng, pele ga lefatshe le nna teng, seo se se tlaa re nonotshang go ba rekolola go tswa mo kgolegelong ya bone; gonne magolegwa a tlaa gololesega.

23 A dithaba di gowe ka boitumelo, mme lona mekgatsha yotlhe kuelang kwa godimo; mme lona mawatle otlhe le mafatshe a a omeletseng bolelang dikgakgamatso tsa Kgosi ya lona ya Bosakhutleng! Mme lona dinoka, le melapo, le melatswana, elelang ka boipelo. A dikgong le ditlhare tsotlhe tsa naga di galaletse Morena; mme lona maje lelang ka boitumelo! Mme a letsatsi, ngwedi, le dinaledi tsa moso di opele mmogo, mme a barwa ba Modimo botlhe bathele loshalaba lwa boitumelo! Mme a mabopo a bosakhutleng a bolele leina la gagwe ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae! Mme gape ka re, le galalela jang lentswe le re le utlwang go tswa kwa legodimong, le bolela mo ditsebeng tsa rona, kgalalelo, le poloko, le tlotlo, le bosasweng, le botshelo jo bosakhutleng, magosi, magosana, le dithata!

24 Bonang, letsatsi le legolo la Morena le gaufi; mme ke mang yo o ka itshokelang motlha wa go tla ga gagwe, mme ke mang yo o tlaa emang mogang a bonalang? Gonne o tshwana le molelo o o tlhaolang, le jaaka sesepa sa motlhatswi, mme o tlaa nna jaaka moitshekisi le montlafatsi wa selefera, mme o tlaa ntlafatsa barwa Lefi, mme a ba ntlafatse jaaka gauta le selefera, gore ba ka isetsa Morena tshupelo mo tshiamong. Ke gone ka moo, a re, jaaka kereke le batho, le jaaka Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re isetseng Morena tshupelo mo tshiamong; mme a re supeng mo tempeleng ya gagwe, fa e fedile, buka e e nang le dipego tsa baswi ba rona, e e tla tshwanelwang ke kamogelo yotlhe.

25 Bakaulengwe, Ke na le dilo di le dintsi tse ke ka di le bolelelang mabapi le thuto; mme jaanong ke tlaa ema go le kalo gompieno, mme ke tlaa tsweledisa thuto nako e nngwe. Ke nna, jaaka ka metlha, motlhanka wa lona yo o boikokobetso le tsala e ka gope e sa fetogeng,

Joseph Smith.