Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 67


Tsetlana 67

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, kwa tshimologong ya Ngwanatsele 1831. Lobaka e ne e le leo la khonferense e e tlhaolegileng, mme kanamiso ya ditshenolo tse di neng di setse di amogetsweng go tswa kwa go Morena ka Moperofeti di ne tsa akangwa mme tsa diragadiwa (bona setlhogo sa tsetlana 1). William W. Phelps o ne a sa tswa go tlhomamisa lefelo la kgatiso la Kereke mo Independence, Missouri. Khonferense ya swetsa mogopolo go anamisa ditshenolo mo Book of Commandments le go gatisa 10,000 ya dikaelo (tseo ka ntlha ya mathata a a neng a sa solofelwa di ne morago tsa fokolediwa mo meriting e le 3,000). Bontsi jwa bakaulengwe ba supa tshupo e e masisi gore ditshenolo tse ka lobaka lo di neng di rulaganyeditswe go anamisiwa di ne ka ammaaruri di le boammaaruri, jaaka go ne go supilwe ke Mowa o o Boitshepo o o neng o goromeleditswe mo go bone. Ditso tsa ga Joseph Smith dibega gore morago ga tshenolo e e itsegeng jaaka tsetlana 1e sena go amogelwa, dipuisanyo dingwe di ne tsa tshwarwa mabapi le puo e e dirisitsweng mo ditshenolong tse. Tshenolo ya se gompieno ya latela.

1–3, Morena o utlwa dithapelo le go lebelela bagolwane ba Gagwe; 4–9, O gwetlha motho yo tlhalefileng go ntsha e e tshwana le e e potlana ya ditshenolo tsa Gagwe; 10–14, Bagolwane ba ba boikanyego ba tlaa rudisiwa mo Moweng le go bona sefatlhogo sa Modimo.

1 Bonang mme lo utlweng, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, ba le phutegileng, bao dithapelo tsa bone Ke di utlwileng, le bao dipelo tsa bone Ke di itseng, le bao dikeletso tsa bone di tlhatlhogetse fa pele ga me.

2 Lebang mme bonang, matlho ame a mo go lona, mme magodimo le lefatshe di mo diatleng tsa me, mme dikhumo tsa bosakhutleng ke tsa me go di aba.

3 Lo lekile go dumela gore lo amogele tshegofatso e lo neng lo e neetswe; mme bonang, ammaaruri Ke a lo raya go ne go na le poifo mo dipelong tsa lona, mme ammaaruri se ke lobaka lwa go bo lo sa amogela.

4 Mme jaanong Nna, Morena, ke lo neela tshupo ya boammaaruri jwa ditaelo tse di leng fa pele ga lona.

5 Matlho a lona a ntse a le mo motlhankeng wa me Joseph Smith, Jun., mme puo ya gagwe lo e itsile, mme makowa a gagwe lo a itsile; mme lo batlile mo dipelong tsa lona kitso gore lo tle lo bue go gaisa puo ya gagwe; se lo sone lo a se itse.

6 Jaanong, batlang mo Bukeng ya Ditaelo, e bong tse di potlana tseo tse di mo gare ga tsone, le mo tlhome yo o botlhale thata mo gare ga lona;

7 Kgotsa, fa go na le mongwe mo gare ga lona yo o tlaa dirang nngwe e tshwanang le tsone, ke gone lo siamisitswe fa lo bua gore ga lo itse gore di boammaaruri;

8 Mme fa lo ka seka lwa dira tse dingwe tse di tshwanang le tsone, lo ka fa tlase ga tshekiso fa lo sa supe tshupo gore di boammaaruri.

9 Gonne lo a itse gore ga gona tshiamololo mo go tsone, le gore se se siameng se fologa go tswa kwa godimo, go tswa kwa go Rara wa masedi.

10 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya gore ke tshiamelo ya lona, mme tsholofetso Ke a lo e neela lona bao ba le tlhomilweng mo tirelong e, gore e re ka lo ikapola mafufa le dipoifo, mme lo ikokobetsa fa pele ga me, gonne ga lo a ikokobetsa mo go lekaneng, sesiro se tlaa kgaoga mme lo tlaa mpona mme lo itse gore Ke Nna—e seng ka senama le fa e le ka tlhaloganyo ya tlholego, mme ka semowa.

11 Gonne ga go motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe mo nameng, fa e se fela a rudisiwa ka Mowa wa Modimo.

12 Le fa e le motho ope wa tlholego yo o ka itshokelang boleng teng jwa Modimo, le fa e le ka fa tlhaloganyong ya senama.

13 Ga lo a nonofela go itshokela boleng teng jwa Modimo jaanong, le fa e le go direla ga baengele; ke gone, tswelelang ka bopelotelele go fitlha lo dirwa boitekanelo.

14 A ditlhaloganyo tsa lona di se fetogeleng morago; mme fa lo tshwanetse, mo nakong ya me e e tshwanetseng, lo tlaa bona le go itse seo se se neng se tlhomilwe mo go lona ka diatla tsa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun. Amene.