Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 60


Tsetlana 60

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo Jackson County, Missiouri, Phatwe 8, 1831. Ka lobaka lo bagolwane ba ne ba tsamaetseng kwa Jackson County mme batsayakarolo mo tshwaelong ya lefatshe le lefelo la tempeleba eletsa go itse se ba neng ba tshwanetse go se dira.

1–9, Bagolwane ba rere efangele mo diphuthegong tsa baleofi; 10–14, Ba tshwanetse gore ba se ka ba tshamikisa nako ya bone, le fa e le go fitlha ditalente tsa bone; 15–17, Ba ka tlhapa dinao tsa bone e le bopaki kgatlhanong le bao ba ba ganang efangele.

1 Bonang, go bua jaana Morena le bagolwane ba kereke ya gagwe, ba ba tshwanetseng go boela ka bofefo kwa lefatsheng le ba tswang kwa go lone: Bonang, go a intumedisa, gore le tlile kwano;

2 Mme ka bangwe ga Ke a itumela thata, gonne ga ba bule melomo ya bone, mme ba fitlha talente e Ke ba e neetseng, ka ntlha ya poifo ya motho. Bohutsana mo go ba ba ntseng jalo, gonne bogale jwa me bo ba tuketse.

3 Mme go tlaa diragala gore, fa ba se boikanyego thata mo go nna, le se ba nang le sone, ba tlaa se tseelwa.

4 Gonne Nna, Morena, ke busa mo magodimong godimo, le mo gare ga batlhabani ba lefatshe; le mo letsatsing leo ke tlaa dirang serwalo sa me, batho botlhe ba tlaa itse gore ke eng se se buelelang thata ya Modimo.

5 Mme, ammaaruri, Ke tlaa bua le lona mabapi le loeto lwa lona kwa lefatsheng le lo tswang kwa go lone. A go nne le mokoro o o dirwang, kgotsa o rekiwe, jaaka le bona go le molemo mo go lona, ga go re sepe mo go nna, mme lo tseele loeto lwa lona ka bofefo kwa lefelong le le bidiwang St. Louis.

6 Mme go tswa koo a batlhanka ba me Sidney Rigdon, Joseph Smith, Jun., le Oliver Cowdery ba tseele loeto lwa bone kwa Cincinnati;

7 Mme mo lefelong leo a ba tsholetse mantswe a bone mme ba bolele lefoko la me ka matswe a a kwa godimo, kwa ntle ga kgalefo kgotsa pelaelo, ba tsholetsa diatla tse di boitshepo mo go bone. Gonne Ke nonofile go lo dira boitshepo, mme dibe tsa lona lo di itshwaretswe.

8 Mme a masalela a tseye loeto go tswa kwa St. Louis, ka sebedi bedi, mme ba rere lefoko, e seng ka potlako, mo gare ga diphuthego tsa baikepi, go fitlha ba boela kwa dikerekeng tse ba tswang kwa go tsone.

9 Mme tse tsotlhe ka ga molemo wa dikereke; gonne ka boikaelelo jo Ke ba romile.

10 A motlhanka wa me Edward Partridge a abele bagolwane ba me, bontlha bongwe jwa madi a ke a mo a neetseng;

11 Mme yo o kgonang, a a buse ka moemedi; mme yo o sa kgoneng, mo go ene ga go batliwe.

12 Mme jaanong Ke bua ka masalela a a tshwanetseng go tla mo lefatsheng le.

13 Bonang, ba rometswe go rera efangele ya me mo gare ga diphuthego tsa baikepi; ke gone, Ke ba neela taolo, jaana: Lo seka lwa senya nako ya lona, le fa e le go fitlha talente tsa lona gore di se ka tsa itsiwe.

14 Mme morago fa lo sena go tla mo lefatsheng la Sione, mme lo boletse lefoko la me, lo bowe ka bofefo, le bolela lefoko la me mo gare ga diphuthego tsa baikepi, e seng ka potlako, le fa e le ka kgalefo le e seng ka kganetsanyo.

15 Mme lo tlhotlhore lerole la dinao tsa lona kgatlhanong le bao ba sa lo amogeleng, e seng mo ponong ya bone, e sere kgotsa lwa ba tena, mme mo sephiring; mme lo tlhape dinao tsa lona, jaaka bopaki kgatlhanong le bone mo letsatsing la katlholo.

16 Bonang, se se lo lekanye, e bile ke thato ya ene yo o le romileng.

17 Mme ka molomo wa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., go tlaa itsisiwe mabapi le Sidney Rigdon le Oliver Cowdery. Masalela morago ga fa. Fela jalo. Amene.