Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 106


Tsetlana 106

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Ngwanaetsele 25, 1834. Tshenolo e e lebagane le Warren A. Cowdery, morwarragwe Oliver Cowdery.

1–3, Warren A. Cowdery o biditswe jaaka mookamedi; 4–5, Go Tla ga Bobedi ga go ka ke ga feta bana ba lesedi jaaka legodu; 6–8, Ditshegofatso tse dikgolo di sala morago tirelo ya boikanyego mo Kerekeng.

1 Ke thato ya me gore motlhanka wa me Warren A. Cowdery o tshwanetse go tlhomiwa le go tlhomiwa mookamedi wa baperesiti ba bagolo mo kerekeng ya me, mo lefatsheng la Freedom le mo dikgaolong tse di mo tikologong;

2 Mme o tshwanetse go rera efangele ya me e e sa khutleng, le go tsholetsa lentswe la gagwe mme a tlhagise batho, e seng fela mo lefelong la gagwe, mme mo dikgaolo tse di mabapi;

3 Mme a neele nako ya gagwe yotlhe mo pitsong e e godimo e bile e le boitshepo, e jaanong Ke mo e neelang, a batla ka tlhwaafalo bogosi jwa legodimo le tshiamo ya jone, le dilo tsotlhe tse di tlhokegang di tlaa okelediwa mo go seo; gonne modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe.

4 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, go tla ga Morena go gaufi, mme go tshoganyetsa lefatshe jaaka legodu bosigo—

5 Ke gone ka moo, tlamang matheka a lona, gore lo nne bana ba lesedi, mme letsatsi leo ga le kitla le lo tshoganyetsa jaaka legodu.

6 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, gone go na le boitumelo kwa legodimong fa motlhanka wa me Warren a obamela seikokotlelo sa bogosi, le go ikgaoganya le boferefere jwa batho;

7 Ke gone ka moo, go segofetse motlhanka wa me Warren, gonne Ke tlaa mo utlwelabotlhoko, mme, le fa go ntse jalo mo boithamakong jwa pelo ya gagwe, Ke tlaa mo tsholetsa e re ka a tlaa ikokobetsa fa pele ga me.

8 Mme Ke tlaa mo neela tshegofatso le tsholofelo tse ka tsone a ka emang; mme fa a tswelela a nna mosupi yo o boikanyego le lesedi mo kerekeng Ke mo baaanyeditse korone mo mannong a ga Rara. Fela jalo. Amene.