Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 102


Tsetlana 102

Mekwalo ya mokgatlho wa ntlha wa lekgotla le legolo la Kereke, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 17, 1834. Mekwalo ya ntlha e ne ya kwalwa ke Mogolwane Oliver Cowdery le Orson Hyde. Moperofeti o ne a baakanya mekwalo letsatsi le le latelang, mme letsatsi le le latelang mekwalo ya amogelwa ka bongwefela ke lekgotla le legolo jaaka “popego le molao motheo wa lekgotla le legolo” la Kereke. Ditemana 30 go ya go 32, e e amanang le Lekgotla la Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, di ne tsa okediwa ka 1835 ka fa tlase ga kaelo ya ga Joseph Smith fa tsetlana e e baakanyediwa go anamisiwa mo Dithutong le Dikgolagano.

1–8, Lekgotla le legolo le tlhometswe go rarabolola marara a botlhokwa a a tsogang mo kerekeng; 9–18, ditsamaiso tsa go reetsa dikgang di a neelwa; 19–23, Poresidente ya lekgotla o ntsha tshwetso; 24–34, Tsamaiso ya boikuelo e bewa pele.

1 Mo letsatsing le lekgotla la kakaretso la baperesiti ba bagolo ba le masome a mabedi le bone le ne la phuthegela kwa ntlong ya ga Joseph Smith Jun., ka tshenolo, mme ba tswelela ka go rulaganya lekgotla le legolo la kereke ya ga Keresete, le le neng le tshwanetse go akaretsa baperesiti ba bagolo ba le lesome le bobedi, le a le mongwe kgotsa ba le bararo ba boporesidente jaaka kgang e ka tlhoka.

2 Lekgotla le legolo le ne le tlhomilwe ka tshenolo ka boikaelelo jwa go rarabolola marara a botlhokwa a a ka tsogang mo kerekeng, a a ka sekang a rarabololweng ke kereke kgotsa lekgotla la ga bishopo go kgotsofatsa masongwana.

3 Joseph Smith, Jun., Sidney Rigdon le Frederick G. Williams ba ne ba amogetsweng jaaka boporesidente ka lentswe la lekgotla; le Joseph Smith, Sen., John Smith, Joseph Coe, John Johnson, Martin Harris, John S. Carter, Jared Carter, Oliver Cowdery, Samuel H. Smith, Orson Hyde, Sylvester Smith, le Luke Johnson, baperesiti ba bagolo, ba ne ba itshenketswe go nna lekgotla la se nnela ruri la kereke, ka bongwefela jwa lentswe la lekgotla.

4 Bagolwane ba maina a a nankotsweng fa godimo ba ne foo ba bodiwa fa ba amogetse go tlhomiwa ga bone, le gore a ba ka dira mo ofising eo go ya ka molao wa legodimo, ka ga se botlhe ba arabile gore ba amogetse go tlhomiwa ga bone, le gore ba ka dira mo diofising tsa bone go ya ka tshegofatso ya Modimo e ba e neetsweng.

5 Palo e e tlhamang lekgotla, ba ba tlhophileng mo leineng le mo boemong jwa kereke mo go tlhomeng bagolwane ba maina a a nankotsweng fa godimo ba ne ba le masome a mane le boraro, jaaka go latela: baperesiti ba bagolo ba ba ferangbongwe, bagolwane ba le lesome le bosupa, baperesiti ba bane, le maloko a le lesome le boraro.

6 Ba tlhophile: gore lekgotla le legolo ga le ka ke la nna le thata go dira fa e se bagolwane basupa ba maina a a nankotsweng fa godimo, kgotsa batlhatlhami ba bone ba ba tlhomilweng ka fa go tshwanetseng ba le teng.

7 Ba basupa ba ba tlaa nna le thata go tlhoma baperesiti ba bagolo ba bangwe, bao ba ka ba bonang ba tshwanetse e bile ba nonofile go dira mo boemong jwa bagolwane ba ba seong.

8 Ba tlhophile: gore e tlaare mogang phatlha epe e bulega ka loso, go ntshiwa mo ofising ka ntlha ya tlolo, kgotsa a fuduga mo lefelong le le mo melelwaneng e kereke e e nang le taolo mo go lone, wa ope fela wa bagolwane ba maina a a nankotsweng fa godimo, e tlaa tladiwa ka go kaiwa ka leina ga poresidente kgotsa boporesidente, le go dumalanwa ka lentswe la lekgotla kakaretso la baperesiti ba bagolo, le le phuthilweng ka boikaelelo joo, go dira mo leineng la kereke.

9 Poresidente ya kereke, yo le gone e leng poresidente ya lekgotla, o tlhomiwa ka tshenolo, mme o amogelwa mo tirelong ya gagwe ka lentswe la kereke.

10 Mme Ke ka go ya ka seriti sa ofisi ya gagwe gore o tshwanetse go okamela lekgotla la kereke; mme ke tshiamelo ya gagwe go thusiwa ke boporesidente ba bangwe ba babedi, ba ba tlhomilweng ka fa mokgweng o o tshwanang le oo e ne a tlhomilweng ka one.

11 Mme mo boseong jwa a le mongwe kgotsa botlhe bao ba ba tlhomilweng go mo thusa, o na le thata go okamela lekgotla a sena mothusi, mme mo boseong jwa gagwe, boporesidente ba bangwe ba na le thata go okamela mo boemo jwa gagwe, botlhe kgotsa mongwe wa bone.

12 Nako le nako fa lekgotla le legolo la kereke ya ga Keresete le rulaganngwa, go ya ka sekao se se setseng se builwe, e tlaa nna tiro ya bagolwane ba ba lesome le bobedi go inola dinomore ba sa lebisisa, mme ka gone mo ba tlhomamise gore ke ofe mo go ba ba lesome le bobedi yo o tlaa buang pele, go simolola ka nomore ya ntlha jalo ka tatelano go ya kwa oreng ya bo lesome le bobedi.

13 Nako le nako fa lekgotla le le phuthega go dira mo kgang epe, bagolwane ba ba lesome le bobedi ba tlaa ela tlhoko fa e le e e thata kgotsa nnyaa; fa go sa nna jalo, ba babedi fela ba bagolwane ba tlaa bua mo go yone, go ya ka thulaganyo e e kwadilweng fa godimo.

14 Mme fa e akangwa gore e thata, ba bane ba tlaa tlhomiwa, mme fa e le thata thata, ba barataro, mme mo kgang epe ga go kitla go tlhomiwa ba ba fetang borataro go bua.

15 Yoo beilweng molato mo ditshekong tsotlhe, o na le tshwanelo ya sephatlo sa lekgotla, go thibela ditlhapa kgotsa tshiamololo.

16 Mme bagolwane ba ba laotsweng go bua fa pele ga lekgotla ba tshwanetse go bega kgang, morago ga bosupi bo sena go sekwasekwa, ka fa bo ntseng ka teng fa pele ga lekgotla; mme motho mongwe le mongwe o tshwanetse go bua go ya ka tekatekanyo le tshiamiso.

17 Bagolwane ba ba tlhophang dinomore tse di latelang, tse e leng, 2, 4, 6, 8, 10, le 12, ke batho ba ba tlaa emang mo boemong jwa yo o beilweng molato, mme ba thibele ditlhapa le tshiamololo.

18 Mo dikgang tsotlhe yo o bayang molato le yo o beilweng molato ba tlaa nna le tshwanelo ya go ipuelela fa pele ga lekgotla, morago ga bosupi bo sena go utlwiwa le bagolwane ba ba tlhomilweng go bua mo tshekong ba feditse dikakgelo tsa bone.

19 Fa go sena go utlwiwa bosupi, lekgotla, yo o bayang molato le yo o beilweng molato ba sena go bua, poresidente o tlaa neela tshwetso go ya ka go tlhaloganya ga gagwe mo a nang le gone ka kgang e, mme a bitse bagolwane ba ba lesome le bobedi go dumalana le seo ka tlhopho ya bone.

20 Mme fa bagolwane ba ba setseng, ba ba sa buang, kgotsa ope wa mongwe wa bone, fa a sena go utlwa bosupi le boikuelo e seng ka tshokamo, a bo a lemoga phoso mo tshwetsong ya poresidente, ba ka e bonatsha, mme kgang ya reediwa gape.

21 Mme fa, morago ga go reediwa gape ka kelotlhoko, tshedimosetso nngwe e e tlaleletsang e supiwa mo tshekong, tshwetso e tlaa fetolwa ka fa go tshwanetseng.

22 Mme fa tshedimosetso e e tlaleletsang e sa neelwe, tshwetso ya ntlha e tlaa dirisiwa, bontsi jwa ba lekgotla ba na le thata go dira tshwetso ya seo.

23 Fa go ka nna le bothata mo ntlheng ya dithuto kgotsa molawana, fa mo go kwadilweng go sa lekana go dira kgang motlhofo mo ditlhaloganyong tsa ba lekgotla, poresidente o ka botsa le go amogela tlhaloganyo ya Morena ka tshenolo.

24 Baperesiti ba bagolo, fa ba le go sele, ba na le thata go bitsa le go rulaganya lekgotla ka fa mokgweng wa se se setseng se builwe, go atlhola bothata, fa masongwana kgotsa le fa e le lengwe la one le ka kopa.

25 Mme lekgotla le le builweng la baperesiti ba bagolo ba tlaa nna le thata go tlhoma mongwe go tswa mo setlhopheng sa bone go okamela lekgotla leo ka nakwana.

26 E tlaa nna tiro ya lekgotla le le builweng go fitisetsa, ka pela, moriti wa dithulaganyo tsa bone, ka polelo e e tletseng ya bopaki jo bo patileng tshwetso ya bone, kwa lekgotleng le legolo la setilo sa Boporesidente jwa Ntlha jwa Kereke.

27 Fa masongwana kgotsa le fa e le lengwe la one le sa kgotsofalele tshwetso ya lekgotla le le builweng, ba ka ikuela kwa lekgotleng le legolo la setilo sa Boporesidente jwa Ntlha jwa Kereke, mme e reediwe gape, tsheko e e tlaa tshwarelwang koo, go ya ka sekao sa polelo e kwadilweng go le pele, jaaka e kete tshwetso e e ntseng jalo e ne e sa dirwa.

28 Lekgotla la baperesiti ba bagolo le le go sele le tshwanetse go bidiwa fela mo ditshekong tse di thata thata tsa dikgang tsa kereke; mme go seka ga nna le kgang epe e e motlhofo kgotsa ya tlwaelo e e ka lekanang go bitsa lekgotla leo.

29 Baperesiti ba bagolo ba ba etang kgotsa banni go sele ba na le thata go bua gore a go a tlhokega go bitsa lekgotla leo kgotsa nnyaa.

30 Go na le pharologanyo ma gareng ga lekgotla le legolo kgotsa baperesiti ba bagolo ba ba etetseng go sele, le lekgotla le legolo le le etang le le tlhamiwang ke baaposetole ba ba lesome le bobedi, mo ditshwetsong tsa bone.

31 Go tswa mo tshwetsong ya la pele go ka nna le boikuelo; mme go tswa mo tshwetsong ya la bofelo ga bo ka ke jwa nna teng.

32 La bofelo le ka bilediwa fela go botsolotswa ke batsamaisi kakaretso ba kakaretso ba kereke mo kgannyeng ya tlolo molao.

33 Tumalano: gore poresidente le boporesidente ba setilo sa Boporesidnte jwa Ntlha jwa Kereke ba tlaa nna le thata go tsaya tshwetso fa tsheko epe e e ntseng jalo, jaaka go ka ikuelwa, e na le tshiamelo ya tshwanelo ya go reediwa gape, morago ga go sekaseka boikuelo le bosupi le mekwalo e e patileng.

34 Bagolwane ba ba lesome le bobedi ba tswelela ka go inola dinomore ba sa lebisisa kgotsa ka go tlhopha ka go nopola kgotsa ka talama, go bona gore ke mang yo o tlaa buang pele mme mo go latelang e ne le maduo, e bong: 1, Oliver Cowdery; 2, Joseph Coe; 3, Samuel H. Smith; 4, Luke Johnson; 5, John S. Carter; 6, Sylvester Smith; 7, John Johnson; 8, Orson Hyde; 9, Jared Carter; 10, Joseph Smith, Sen.; 11, John Smith; 12, Martin Harris.Morago ga thapelo khonforense ya tlosoloswa.

Oliver Cowdery,

Orson Hyde,

Bakwaledi