Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 46


Tsetlana 46

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Kereke, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 8, 1831. Mo nakong e ya go sale gale ya Kereke, mokgwa o o tshwanang wa go tsamaisa ditirelo tsa Kereke o ne o ise o tlhomamisiwe. Le fa go ntse jalo, mokgwa wa go amogela maloko fela le batlhotlhomisi ba ba tlhwaafetseng mo diphuthegong tsa sakaramente le diphuthego tse dingwe tsa Kereke di ne di itsege mo go lekanetseng. Tshenolo e e tlhalosa thato ya Morena mabapi le go laola le go tsamaisa diphuthego le taelo ya Gagwe mo go batleng le go lemoga dineo tsa Mowa.

1–2, Bagolwane ba tshwanetse go tsamaisa phuthego jaaka ba kaelwa ke Mowa o o Boitshepo; 3–6, Ba batli ba boammaruri ga ba tshwanela go tswalelwa kwa ntle mo ditirelong tsa sakaramente; 7–12, Kopa Modimo mme o batle dineo tsa Mowa; 13–26, Nankolo ya dingwe tsa dineo tse e a neelwa; 27–33, Baeteledipele ba Kereke ba neelwa thata go lemoga dineo tsa Semowa.

1 Tlhwayang tsebe, Ao! lona batho ba kereke ya me; gonne ammaaruri Ke a lo raya gore dilo tse di builwe mo go lona gore di le thuse le go le ruta.

2 Mme le fa go ntse jalo dilo tseo tse di kwadilweng, ka metlha go ntse go neetswe bagolwane ba kereke go tswa kwa tshimologong, mme ka metlha go tlaa nna jalo, go tsamaisa diphuthego tsotlhe jaaka ba kaelwa le go tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo.

3 Le fa gontse jalo lo laelwa gore ka gope lo se leleke ope mo diphuthego tsa botlhe, tse di tshwarwang fa pele ga lefatshe.

4 Lo laelwa gape gore lo se leleke ope yo e leng wa kereke mo diphuthego tsa sakaramente; le fa go ntse jalo, fa mongwe a tlodile molao, a se je go fitlha a dira kagisanyo.

5 Mme gape ke a lo raya, lo seka lwa leleka ope mo diphuthegong tsa lona tsa sakaramente o ka tlhwaafalo a batlang bogosi—Ke bua se mabapi le bao ba e seng ba kereke.

6 Mme gape ke a lo raya, mabapi le diphuthego tsa lona tsa tlhomamiso, gore fa go na le mongwe yo e seng wa kereke, yo o ka tlhwaafalo a batlang bogosi, lo seka lwa ba leleka.

7 Mme lo laelwa mo dilong tsotlhe go kopa Modimo, o o neelang ka bogolo; le seo se Mowa o se supang mo go lona fela jalo Ke rata gore lo ka se dira ka boitshepo jotlhe jwa pelo, lo tsamaya ka thokgamo fa pele ga me, lo akanyetsa bokhutlo jwa poloko ya lona, lo dira dilo tsotlhe ka thapelo le malebogo, gore lo ka se raelwe ke mewa e e bosula, kgotsa dithuto tsa bodiabole, kgotsa ditaelo tsa batho; gonne dingwe ke tsa batho, mme tse dingwe tsa bodiabole.

8 Ke gone, lo itise e sere kgotsa lwa tsiediwa; mme gore lo se ka lwa tsiediwa batlang ka tlhwaafalo dineo tse di molemo bogolo, ka metlha lo gakologelwa gore di neeletsweng eng;

9 Gonne ammaaruri ke a lo raya, di neetswe go thusa bao ba ba nthatang mme ba tshegetsa ditaelo tsa me tsotlhe, mme le ene yo o batlang go dira jalo; gore botlhe ba ka thusega ba ba batlang kgotsa ba kopa, ba ba kopang mme e seng go nna le tshupo gore ba tle ba itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa bone.

10 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, Ke rata gore ka metlha lo ka gakologelwa, mme ka metlha go tshegetsa mo ditlhaloganyong tsa lona gore dineo tseo ke di fe, tse di neelwang kereke.

11 Gonne botlhe ga ba neelwa neo nngwe le nngwe; gonne go na le dineo tse dintsi, mme mo mothong mongwe le mongwe go neelwa neo ka Mowa wa Modimo.

12 Go bangwe go neetswe e le nngwe, mme go ba bangwe go neetswe e nngwe, gore botlhe ba ka thusega ka gone moo.

13 Go bangwe go neetswe ka Mowa o o Boitshepo go itse gore Jeso Keresete ke Morwa Modimo, le gore o bapoletswe dibe tsa lefatshe.

14 Go ba bangwe go neetswe go dumela mo mafokong a bone, gore le bone ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng fa ba tswelela ka boikanyego.

15 Mme gape, go ba bangwe go neetswe ka Mowa o o Boitshepo go itse dipharologanyo tsa tsamaiso, jaaka go tlaa kgatlha Morena o ntseng a le o mongwefela, go ya ka thato ya Morena, go tshwanetse mautlwelobotlhoko a gagwe go ya ka diemo tsa bana ba batho.

16 Mme gape, go neelwa ka Mowa o o Boitshepo go bangwe go itse mediro mengwe le mengwe, fa e le ya Modimo, gore diponatshego tsa Mowa di ka neelwa motho mongwe le mongwe go thusega ka tsone.

17 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, go bangwe go neetswe, ka Mowa wa Modimo, lefoko la tlhalefo.

18 Go yo mongwe go neelwa lefoko la kitso, gore botlhe ba ka rutwa go nna botlhale le go nna le kitso.

19 Mme gape, go bangwe go neelwa go nna le tumelo go fodisiwa;

20 Mme go ba bangwe go neelwa tumelo go fodisa.

21 Mme gape, go bangwe go neelwa go dira dikgakgamatso;

22 Mme go ba bangwe go neelwa go perofesa;

23 Mme ba bangwe go lemoga mewa.

24 Mme gape, go neetswe go bangwe go bua ka diteme;

25 Mme go yo mongwe go neetswe go phutholola diteme.

26 Mme dineo tse tsotlhe di tswa kwa Modimong, go thusa bana ba Modimo.

27 Mme go bishopo wa kereke, le mo go botlhe ba Modimo a tlaa ba tlhoma mme a ba tlhomamise go lebelela kereke le go nna bagolwane mo kerekeng, ba tshwanetse go neelwa go lemoga dineo tseo tsotlhe e sere kgotsa go tlaa nna le mongwe mo gare ga lona o o ipolelang mme le fa go ntse jalo ba sa rongwa keModimo.

28 Mme go tlaa diragala gore yo o kopang ka Mowa o tlaa amogela ka Mowa;

29 Gore mo go ba bangwe go ka newa go nna le dineo tseo tsotlhe, gore go ka nna le tlhogo, gore leloko lengwe le lengwe le ka thusega ka gone moo.

30 Yo o kopang ka Mowa o kopa go ya ka thato ya Modimo; ke gone go dirwa fela jaaka a kopa.

31 Mme gape, Ke a lo raya, dilo tsotlhe di tshwanetswe go dirwa mo leineng la ga Keresete, sengwe le sengwe se o se dirang ka Mowa;

32 Mme lo tshwanetse go leboga Modimo mo Moweng mabapi le tshegofatso nngwe le nngwe e lo segofaditsweng ka yone.

33 Mme lo tshwanetse go tswelela lo dira molemo le boitshepo fa pele ga me. Fela jalo. Amene.