Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 105


Tsetlana 105

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, mo Nokeng ya Fishing, Missouri, Seetebosigo 22, 1834. Ka fa tlase ga boeteledipele jwa Moperofeti, Baitshepi go tswa Ohio le mafelo a mangwe ba gwanta go ya kwa Missouri mo thomong ya lesomo la barongwa le morago la itsege jaaka kampa ya Sione. Maikaelelo a bone e ne e le go pata Baitshepi ba Missouri ba ba kobilweng go boela kwa mafatsheng a bone mo Khaunthi ya Jackson. BaMissouri ba ba neng pele ba bogisa Baitshepi ba boifa go ipusolosetsa go tswa mo Kampeng ya Sione le go itshireletsa ka go lwantsha bangwe ba Baitshepi ba ba nnang mo Khaunthi ya Clay, Missouri. Morago ga mmusi wa Missiouri a boela morago tsholofetso ya gagwe go rotloetsa Baitshepi, Joseph Smith a amogela tshenolo e.

1–5, Sione o tlaa agiwa ka go tshegetsa molao wa selesetiale; 6–13, Thekololo ya Sione e seegelwa fa thoko ka paka e khutshwane; 14–19, Morena o tlaa lwa dintwa tsa Sione; 20–26, Baitshepi ba tlhalefe mme ba seka ba ikgogomosa ka ditiro tse di maatla jaaka ba phuthagana; 27–30, Mafatshe mo Jackson le mafatshe a a latelang a tshwanetse go rekwa; 31–34, Bagolwane ba tshwanetse go amogela endaomente motlong ya Morena mo Kirtland; 35–37, Baitshepi ba ba biditsweng mmogo le ba ba itshenketsweng ba tlaa itshepisiwa; 38–41, Baitshepi ba tshwanetse go tsholetsa mokgele wa kagiso mo lefatsheng.

1 Ammaaruri Ke a lo raya ba le phuthileng mmogo gore lo ka ithuta thato ya me mabapi le thekololo ya batho ba me ba ba tlhokofaditsweng—

2 Bonang, Ke a lo raya, fa e ne e se ka di tlolo molao tsa batho ba me, ke bua mabapi le kereke mme e seng batho ka bongwe, ba ka bo ba rekolotswe le e leng jaanong.

3 Mme bonang, ga ba a ithuta go obamela dilo tse ke di lopileng mo diatleng tsa bone, mme ba tletse ka yotlhe mokgwa e e bosula, e bile ga ba abelane dilwana tsa bone, jaaka go tshwanetse baitshepi, go bahumanegi le ba ba tlhokofaditsweng mo gare ga bone;

4 Mme ga ba utlwane go ya ka kutlwano e e lopiwang ke molao wa bogosi jwa selesetiale;

5 Mme Sione ga a kitla a agiwa fa e se fela ka melawana ya molao wa bogosi jwa selesetiale; fa go sa nna jalo ga Ke ka ke ka mo amogela go nna.

6 Mme batho ba me ba tlhoka go otlhaiwa go fitlha ba ithuta go obamela, fa go tlhokega, ka dilo tse ba di bogang.

7 Ga ke bue mabapi le ba ba tlhomilweng go etelela pele batho ba me, ba e leng bagolwane ba ntlha ba kereke ya me, gonne ga se botlhe ba ba ka fa tlase ga tshekiso e.

8 Mme ke bua mabapi le dikereke tse di go se le—go na le ba le bantsi ba ba tlaa reng: Modimo wa bone o kae? Bonang, o tlaa ba golola mo nakong ya le tshwenyego la bone, fa go sa nna jalo ga re kitla re ya kwa Sione, e bile re tlaa baya madi a rona.

9 Ke gone ka moo, mo di tlamoragong tsa tlolo molao ya batho ba me, go tshwanetse mo go nna gore bagolwane ba me ba tshwanetse go ema lobakanyana ka ga thekololo ya Sione—

10 Gore bone ka bo bone ba ka baakangwa, le gore batho ba me ba ka rutiwa tota mo go boitekanelo, mme ba nne le maitemogelo, mme ba itse bogolo thata mabapi le ditiro tsa bone, le dilo tse Ke di lopang mo go bone.

11 Mme se ga se kake sa diragadiwa go fitlha bagolwane ba me ba apesiwa ka nonofo go tswa kwa godimo.

12 Gonne bonang, Ke baakantse endaomente e kgolo le tshegofatso tse di tlaa goromelediwang mo go bone, e re ka ba le boikanyego le go tswelela ka boikokobetso fa pele ga me.

13 Ke gone ka moo go tshwanetse mo go nna gore bagolwane ba me ba eme ka lobakanyana, go thekololo ya Sione.

14 Gonne bonang, ga Ke batle mo diatleng tsa bone go lwa dintwa tsa Sione; gonne, jaaka Ke buile mo taelong ya pele, fela jalo ke tlaa diragatsa—Ke tlaa lwa ditlhabano tsa lona.

15 Bonang, Ke rometse mosinyi go senya le go swafatsa baba ba me; mme e seng mo dingwageng tse di ntsi go tloga fa ga ba kitla ba tlogelwa go itshekolola boswa jwa me, le go tlhapaola leina la me mo mafatsheng a Ke a tshwaetse go phutha baitshepi ba me.

16 Bonang, Ke laetse motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., go raya nonofo ya ntlo ya me, e bong batlhabani ba me, banna ba ba botlana, le ba ba dingwaga di fa gare, go kgobokana mmogo go thekololo ya batho ba me, le go diga di kago tse di kwa godimo tsa iphemelo tsa baba ba bone, le go phatlhalatsa balebedi ba bone;

17 Mme nonofo ya ntlo ya me ga e a utlwa mafoko ame.

18 Mme e re ka go na le ba ba utlwileng mafoko ame, Ke ba baaakanyeditse tshegofatso le endaomente, fa ba nna boikanyego.

19 Ke utlwile dithapelo tsa bone, e bile Ke tlaa amogela tshupelo tsa bone; mme go tshwanetse mo go nna gore ba tshwanetse go tlisiwa go fitlha jaana go nna teko ya tumelo ya bone.

20 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo neela taelo, gore jaaka ba le bantsi ba tlhatlogetseng kwano, bao ba ka nnang mo kgaolong e e mo tikolong, a ba nne;

21 Mme ba ba sa kakeng ba nna, ba ba nang le malwapa kwa botlhaba, a ba diege ka lobakanyana, e re ka motlhanka wa me Joseph a tlaa tlhoma mo go bone;

22 Gonne Ke tlaa mo kaela mabapi le selo se, mme dilo tsotlhe le fa e le eng tse a tlaa di tlhomang mo go bone di tlaa diragadiwa.

23 Mme a batho ba me botlhe ba ba nnang mo dikgaolong tse di mo tikologong ba nne boikanyego thata, le go rapela, le go ikokobetsa fa pele ga me, mme ba se senole dilo tse Ke ba di senoletseng, go fitlha e nna tlhalefo mo go nna gore ba di senole.

24 Se bueng ka dikatlholo, le fa e le go ikgogomosa ka tumelo kgotsa ditiro tse di maatla, mme ka kelelelo phuthegang, ka bontsi mo kgaolong e le nngwe jaaka go ka nna, ka tekano le maikutlo a batho;

25 Mme bonang, Ke tlaa lo neela letlhogonolo le tshegofatso mo matlhong a bone, gore lo ka nna mo kagisong le tshireletsego, fa lo raya batho ba lo re: Re diragaletseng katlholo le tshiamiso go ya ka molao, mme lo lefetse melato ya rona.

26 Jaanong, bonang, Ke a lo raya, ditsala tsa me, ka tsela e lo ka bona tumelesego mo matlhong a batho, go fitlha batlhabani ba Iseraele ba nna bagolo thata.

27 Mme ke tlaa nolofatsa dipelo tsa batho, jaaka Ke dirile pelo ya ga Faro, nako le nako, go fitlha motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., le bagolwane ba me, bao Ke ba tlhomileng, ba nna le nako go kgobokanya nonofo ya ntlo ya me,

28 Le go bo Ke rometse batho ba ba botlhale, go diragatsa seo se ke se ba laetseng mabapi le go reka mafatshe otlhe mo Jackson Khaunthi ao a ka rekwang, le mo dikgaolong tse di mabapi mo tikologong.

29 Gonne Ke thato ya me gore mafatshe a tshwanetse go rekwa; mme morago ga go rekiwa gore baitshepi ba me ba tshwanetse go a rua go ya ka melao ya tshwaelo e Ke ba e neetseng.

30 Mme morago ga mafatshe a a sena go rekiwa, ga Ke ne ke bone batlhabani ba me ba Iseraele molato, mo go tseyeng mafatshe a bone, a ba neng ba a rekile go le pele ka madi a bone, le ya go diga di kago tse di kwa godimo tsa iphemelo tsa baba ba me tse ba leng mo go tsone, le go phatlhalatsa balebedi ba bone, le go mpusolosetsa mo babeng ba me go fitlha ka tshika ya boraro le ya bone ya ba ba ntlhoileng.

31 Mme lantlha a batlhabani ba me ba nne bagolo thata, mme ba itshepisiwe fa pele ga me, gore ba ka nna bantle jaaka letsatsi, mme ba itshekile jaaka ngwedi, le gore mekgele wa gagwe o ka boitshega mo ditšhabeng tsotlhe;

32 Gore magosi a lefatshe a ka patelesega go amogela gore bogosi jwa Sione ka nnete ke bogosi jwa Modimo le Keresete wa gagwe; ke gone ka moo, a re nneng ka fa tlase ga melao ya gagwe.

33 Ammaaruri Ke a lo raya, go tshwanetse mo go nna gore bagolwane ba me bantlha ba kereke ya me ba amogele endaomente ya bone go tswa kwa godimo mo ntlong ya me, e Ke laotseng go agelwa leina la me mo lefatsheng la Kirtland.

34 Mme a ditaelo tseo Ke di neetseng mabapi le Sione le molao wa gagwe di dirwe le go diragadiwa, morago ga thekololo ya gagwe.

35 Go nnile le letsatsi la pitso, mme nako e fitlhile ya letsatsi la go itshenkela; mme a bao ba itshenkelwe bao baba tshwanetseng.

36 Mme go tlaa itshupa mo go motlhanka wa me, ka lentswe la Mowa, bao ba ba itshenketsweng; mme ba tlaa itshepisiwa;

37 Mme e re ka ba sala morago kgakololo e ba e amogelang, ba tlaa nna le thata morago ga malatsi a mantsi go diragatsa dilo tsotlhe tse e leng tsa Sione.

38 Mme gape Ke a lo raya, batlang kagiso, e seng fela mo bathong ba ba lo iteileng, mme le gone mo bathong botlhe;

39 Mme tsholetsang mokgele wa kagiso, mme lo boleleng kagiso mo dikhutlong tsa lefatshe;

40 Mme lo dire dikopo tsa kagiso mo go bao ba ba lo iteileng, go ya ka lentswe la Mowa o o mo go lona, mme dilo tsotlhe di tlaa dirisanya mmogo go le direla molemo.

41 Ke gone ka moo, nnang boikanyego; mme bonang, mme lebang, Ke na le lona e bong go ya bokhutlong. Fela jalo. Amene.