Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 45


Tsetlana 45

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Kereke, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 7, 1831. Jaaka ketapele ya tshupo ya tshenolo e, Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore “ka motlha o wa kereke … dipego tse dintsi tse e seng tsone … le dipolelo tsa boeleele, di ne tsa anamisiwa … mme tsa gasamisiwa, … go itsa batho go tlhotlhomisa tiro e, kgotsa go amogela tumelo. … Mme mo boitumelong jwa Baitshepi, … ka amogela mo go latelang.”

1–5, Keresete ke Mmueledi wa rona kwa go Rara; 6–10, Efangele ke morongwa go baakanya tsela fa pele ga Morena; 11–15, Enoko le bakaulengwe ba gagwe ba amogetswe ke Morena mo go Ene; 16–23, Keresete o senola ditshupo tsa go tla ga Gagwe jaaka di neetswe mo Thabeng ya Olife; 24–38, Efangele e tlaa tsosoloswa, dinako tsa Baditšhaba di tlaa dirafala, le bolwetse jo bo ganyaolang batho bo tlaa apesa lefatshe; 39–47, Ditshupo, dikgakgamatso, le Tsogo di tlaa diragala le Go Tla ga Bobedi; 48–53, Keresete o tlaa ema mo Thabeng ya Olife, mme Bajuta ba tlaa bona dintho mo diatleng tsa Gagwe le mo dinaong tsa Gagwe; 54–59, Morena o tlaa busa ka nako ya Meleniamo; 60–62, Moperofeti o laelwa go simolola thanolo ya Kgolagano e Ntsha, e ka yone molaetsa o o botlhokwa o tlaa itsisiweng; 63–75, Baitshepi ba laelwa go phutega le go aga Jerusalema o Mosha, o batho go tswa ditshabeng tsotlhe ba tlaa tlang kwa go one.

1 Tlhwayang tsebe, Ao lona batho ba kereke ya me, ba bogosi le bo neetsweng; tlhwayang tsebe mme lo sekegele tsebe ene yo o theileng motheo wa lefatshe, yo o dirileng magodimo le masomosomo otlhe a a mo go one, yo o dilo tsotlhe di dirilweng ke ene tse di tshelang, le tse di tshikinyegang, mme di le teng.

2 Mme gape Ka re, tlhwaelang tsebe lentswe la me, e sere kgotsa loso lo le wele; mo oureng e lo sa solofelang selemo se tlaabo se fitile, mme thobo e khutlile, mme mewa ya lona e sa bolokwa.

3 Reetsang ene yo o e leng mmueledi kwa go Rara, yo o le buelelang fa pele ga gagwe—

4 A re: Rara, bona tshotlego le loso la ene yo o sa leofang, yo o neng o itumela thata mo go ene; bona madi a Morwa wa gago a a tsholotsweng, madi a ene yo o mo neetseng gore wena ka wesi o ka galalediwa;

5 Ke gone, Rara, rekegela bakaulengwe ba ba me ba ba dumelang mo leineng la me, gore ba ka tla kwa go nna mme ba nna le botshelo jo bo sa khutleng.

6 Tlhwayang tsebe, Ao lona batho ba kereke ya me, mme lona bagolwane reetsang mmogo, mme utlwang lentswe la me fa go santse go katwe gompieno, mme se thatafatseng dipelo tsa lona;

7 Gonne ammaaruri Ke a lo raya Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo, lesedi le botshelo jwa lefatshe—lesedi le le phatsimang mo lefifing mme lefifi la seka la amogalana nalo.

8 Ke tlile mo go bagaetsho, mme bagaetsho ba seka ba ntshola; mme ba le bantsi ba ba ntshotseng Ke ba neetse thata go dira dikgakgamatso tse dintsi, le go nna bana ba Modimo; mme le mo go bone ba ba dumelang mo leineng la me Ke ba neetse thata go amogela botshelo jo bosakhutleng.

9 Mme fela jalo Ke rometse kgolagano ya me e e sa khutleng mo lefatsheng, go nna lesedi la lefatshe, le go nna mokgele wa batho ba me, le Baditšhaba go phutgegela kwa go wena, le go nna morongwa fa pele ga sefatlhogo sa me go baakanya tsela fa pelega me.

10 Ke gone, tlayang kwa go yone, mme le ene yo o tlang Ke tlaa akantshana le ene jaaka le batho mo metlheng ya ba bogologolo, mme Ke tlaa lo supegetsa mabaka ame a a thata.

11 Ke gone, tlhwayang tsebe mmogo mme mmang ke lo supegetse e le ruri botlhale jwa me—tlhalefo ya ene yo lo reng ke Modimo wa ga Enoko, le bakaulengweng ba gagwe,

12 Ba ba neng ba tloswa mo lefatsheng, mme bane ba amogelwa kwa go nna—toropo e e tshegeditsweng go fitlha letsatsi la tshiamo le fitlha—letsatsi le le batlilweng ke batho botlhe ba ba boitshepo, mme ba se ka ba le bona ka ntlha ya boikepo le makgapha;

13 Mme ba ipolela fa e le baeng le baeti mo lefatsheng;

14 Mme ba amogetse tsholofetso gore ba tlaa e bona mme ba e bona mo nameng ya bone.

15 Ke gone, tlhwayang tsebe mme Ke tlaa akantshana le lona, mme Ke tlaa bua le lona mme ke perofese, jaaka mo bathong mo metlheng ya bogologolo.

16 Mme Ke tlaa e senola sentle jaaka Ke ne ka e senolela barutwana ba me fa ke eme fa pele ga bone mo nameng, mme ka bua le bone, ke re: Jaaka lo mpoditse mabapi le ditshupo tsa go tla ga me, mo letsatsing le ke tlaa tlang mo kgalalelong ya me mo marung a legodimo, go diragatsa ditsholofetso tse ke di dirileng mo go bo rraalona,

17 Gonne jaaka lo lebeletse go sa nna teng ga mewa ya lona mo mebeleng ya lona e le botshwaro, Ke tlaa lo supegetsa ka fa letsatsi la thekololo le tlaa tlang ka teng, mme le gone tsosoloso ya Iseraele o o phatlaletseng.

18 Mme jaanong lo bona tempele e e e mo Jerusalema, e lo e bitsang ntlo ya Modimo, mme baba ba lona ba re ntlo e ga e kitla e wa.

19 Mme, ammaaruri Ke a lo raya, gore tshwafalo e tlaa tla mo tshikeng e jaaka legodu bosigo, mme batho ba ba tlaa nyelediwa mme ba phatlalelela mo gare ga ditšhaba tsotlhe.

20 Mme tempele e jaanong lo e bonang e tlaa digwa gore go se kitla go tlogelwa lentswe lepe le tlhatlaganye le lengwe.

21 Mme go tlaa diragala, gore tshika e ya Bajuta ga e kitla e feta go fitlhelela tshwafalo nngwe le nngwe e ke lo e boleletseng mabapi le bone e diragadiwa.

22 Lo bua gore lo itse gore bokhutlo jwa lefatshe bo e tla; lo bua le gone gore lo itse gore magodimo le lefatshe di tlaa feta;

23 Mme mo go se lo bua boammaaruri, gonne go ntse jalo; mme dilo tse ke di lo boleletseng ga di kitla di feta go fitlha tsotlhe di diragadiwa.

24 Mme se ke se lo boleletse mabapi le Jerusalema; e tlaa re fa letsatsi leo le tla, masalela a tlaa phatlalalela mo gare ga ditšhaba tsotlhe;

25 Mme ba tlaa phutiwa gape; mme ba tlaa nna go fitlha nako ya Baditšhaba e diragadiwa.

26 Mme mo letsatsing leo go tlaa utlwalelwa dintwa le medumo ya dintwa, mme lefatshe lotlhe le tlaa nna mo khuduegong, mme dipelo tsa batho di tlaa palelwa, mme ba tlaa re Keresete o dia go tla ga gagwe go fitlha bokhutlo jwa lefatshe.

27 Mme lorato lwa batho le tlaa tsidifala, mme tshiamololo e tlaa ata.

28 Mme e tlaa a re dinako tsa Baditšhaba di fitlha, lesedi le tlaa tlhaga mo gare ga bone bao ba ntseng mo lefifing, mme e tlaabo e le botlalo jwa efangele ya me;

29 Mme ga ba e amogele; gonne ga ba lemoge lesedi, mme ba faposa dipelo tsa bone mo go nna ka ntlha ya dikaelo tsa batho.

30 Mme mo tshikeng eo dinako tsa Baditšhaba di tlaa diragadiwa.

31 Mme go tlaabo go na le batho ba ba tshelang mo tshikeng eo, bao ba se kitlang ba feta go fitlha ba bona sebetso se se penologang; gonne bolwetse jo bo swafatsang bo tlaa apesa lefatshe.

32 Mme barutwana ba me ba tlaa ema mo mafelong a a boitshepo, mme ga ba kitla ba tshikinyega; mme mo gare ga baikepi, batho ba tlaa tsholetsa mantswe a bone mme ba tlhapatse Modimo mme ba swe.

33 Mme go tlaa nna le dithoromo tsa lefatshe le gone mo mafelong mangwe le mangwe, le ditshwafalo tse dintsi, le fa go ntse jalo batho ba tlaa nthatafaletsa dipelo tsa bone, mme ba tlaa tsaya ditšhaka, mongwe kgatlhanong le yo mongwe, mme ba tlaa bolaana.

34 Mme jaanong, fa Nna Morena ke bua mafoko a mo barutwaneng ba me, ba ne ba tshwenyegile.

35 Mme ka ba raya ka re: Lo se ka lwa tshwenyega, gonne, e tlaa re dilo tse tsotlhe di diragala, lo ka itse gore ditsholofetso tse lo di diretsweng di tlaa diragadiwa.

36 Mme e tlaa re lesedi le simolola go phunyeletsa, go tlaa nna mo go bone jaaka setshwantsho se ke tlaa lo se supegetsang—

37 Lo a leba mme lo bona ditlhare tsa mofeige, mme lo di bona ka matlho a lona, mme lo re fa di simolola go tlhoga, le matlhare a tsone a santse a le boruma, gore selemo jaanong se atametse;

38 Fela jalo go tlaa nna mo letsatsing le ba tlaa reng ba bona dilo tse tsotlhe, ke gone ba itse gore oura e gaufi.

39 Mme go tlaa diragala gore ene yo o mpoifang o tlaa bo a lebeletse letsatsi le legolo la Morena go tla, le e leng ditshupo tsa go tla ga Morwa Motho.

40 Mme ba tlaa bona ditshupo le dikgakgamatso, gonne di tlaa supiwa mo magodimong kwa godimo, le mo lefatsheng kwa tlase.

41 Mme ba tlaa bona madi, le molelo, le looto la mosi.

42 Mme pele ga letsatsi la Morena le fitlha, letsatsi le tlaa fifala, mme ngwedi a fetolwe madi, mme dinaledi di tlaa wa kwa legodimong.

43 Mme masalela a tlaa phuthelwa mo lefelong le;

44 Mme foo ba tlaa ntshenka, mme, bonang, Ke tlaa tla; mme ba tlaa mpona mo marung a legodimo, ke apesitswe ka thata le kgalalelo e kgolo; le baengele botlhe ba ba boitshepo; mme yo o sa ntebelelang o tlaa kgaolwa.

45 Mme pele ga letsogo la Morena le itaya, moengele o tlaa letsa porompeta ya gagwe, mme baitshepi ba ba robetseng ba tlaa tla go nkopantsha mo marung.

46 Ke gone, fa lo robetse ka kagiso lo sego, gonne jaaka jaanong lo mpona mme lo itse gore Kentse, fela jalo lo tlaa tla kwa go nna mme mewa ya lona e tlaa tshela, mme thekololo ya lona e tlaa dirwa boitekanelo; mme baitshepi ba tlaa tswa mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe.

47 Ke gone letsogo la Morena le tlaa welang mo ditšhabeng.

48 Mme ke gone Morena o tlaa tlhoma dinao tsa gagwe mo thabeng e, mme e tlaa fatogana ka bogare, mme lefatshe le tlaa roroma, mme le thethekele, le magodimo le one a tlaa tshikinyega.

49 Mme Morena o tlaa ntsha lentswe la gagwe, mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa le utlwa; mme ditšhaba tsa lefatshe di tlaa hutsafala, mme bone ba ba tshegileng ba tlaa lemoga boeleele jwa bone.

50 Mme masetlapelo a tlaa apesa bakgadi, mme mosotli o tlaa lailwa; mme bone ba ba ntseng ba lebeletseng tshiamololo ba tlaa kgaolwa mme ba latlhelwe mo molelong.

51 Mme ke gone Bajuta ba tlaa leba nna mme ba re: Dintho tse ke dife tse di mo diatleng tsa gago le mo dinaong tsa gago?

52 Foo ba tlaa itse gore Ke nna Morena; gonne ke tlaa ba raya ke re: Dintho tse ke dintho tse ke di ntshitsweng mo ntlong ya ditsala tsa me. Ke nna yoo ke neng ke tsholeditswe. Ke nna Jeso yoo ke neng ke bapotswe. Ke nna Morwa Modimo.

53 Mme foo ba tlaa lela ka ntlha ya ditshiamololo tsa bone; ka lobaka loo ba tlaa hutsafala gonne ba bogisitse kgosi ya bone.

54 Mme morago ditšhaba tsa baheitane di tlaa rekololwa, mme bone bao ba ba sa itseng molao ba tlaa nna le karolo mo tsogong ya ntlha; mme go tlaa nna botoka mo go bone.

55 Mme Satane o tlaa golegwa, gore a seka a nna le bonno mo dipelong tsa bana ba batho.

56 Mme ka letsatsi leo, e tlaa re Ke tla ka kgalalelo ya me, setshwatsho se ke se buileng mabapi le makgarebe a le lesome se tlaa diragadiwa.

57 Gonne bone bao ba ba botlhale mme ba amogetse boammaaruri, mme ba amogetse Mowa o o Boitshepo go nna mokaedi wa bone, mme ga ba a tsiediwa—ammaaruri Ke a lo raya, ga ba kitla ba kgaolwa le go latlhelwa mo molelong, mme ba tlaa itshokela letsatsi leo.

58 Mme ba tlaa neelwa lefatshe e le boswa; mme ba tlaa ntsifala le go nna thata, mme bana ba bone ba tlaa gola kwa ntle ga sebe go ya polokong.

59 Gonne Morena o tlaa nna mo gare ga bone, mme kgalalelo ya gagwe e tlaa nna mo go bone, mme o tlaa nna kgosi ya bone le motlhomi wa molao wa bone.

60 Mme jaanong, bonang, Ke a lo raya, ga lo kitla lo neelwa go itse mo gongwe gape mabapi le kgaolo e, go fitlha Kgolagano e Ntsha e ranolwa, mme mo go yone dilo tse tsotlhe di tlaa itsisiwe;

61 Ke gone ke lo neela gore jaanong lo ka e ranola, gore lo ka ipaakanyetsa dilo tse di tlaa tlang.

62 Gonne ammaaruri ke a lo raya, gore dilo tse dikgolo di lo emetse;

63 Lo utlwalela ka dintwa mo mafatsheng a sele; mme, bonang, Ke a lo raya, di gaufi, le fela mo mejakong ya lona, mme e seng dingwaga tse dintsi go tswafa lo tlaa utlwalela ka dintwa mo mafatsheng a lona.

64 Ke gone Nna, Morena, ke rile, phutegang go tswa kwa mafatsheng a botlhabatsatsi, phuthegang lona bagolwane ba kereke ya me; tswelang pele lona kwa mafatsheng a a kwa bophirimatsatsi, bitsang banni go ikwatlhaya, mme e re ka ba ikwatlhaya, nkageleng dikereke.

65 Mme ka pelo e le nngwefela le ka maikutlo a le mangwefela, kgobokanyang mahumo a lona gore lo ka reka boswa jo e tlaa reng morago ga fa lo bo laolelwe.

66 Mme bo tlaa bidiwa Jerusalema o Mosha, lefatshe la kagiso, toropo ya botshabelo, lefelo la pabalesego la baitshepi ba Modimo Mogodimodimo;

67 Mme kgalalelo ya Morena e tlaa nna teng koo, mme poifo ya Morena le yone e tlaa nna teng koo, mo e leng gore baikepi ga ba kitla ba tla mo go lone, mme le tlaa bidiwa Sione.

68 Mme go tlaa diragala mo gare ga baikepi, gore motho mongwe le mongwe yo o se kitlang a tsaya tšhaka ya gagwe go tlhabana le moagisanyi wa gagwe o tshwanetse go tshabela kwa Sione go bona polokesego.

69 Mme ba tlaa phuthiwa go tswa kwa ditšhabeng tsotlhe ka fa tlase ga legodimo; mme e tlaa nna bone batho fela ba ba se kitlang ba lwantshana.

70 Mme go tlaa buiwa mo gare ga baikepi: A re se bololeleng go tlhabana le Sione, gonne banni ba Sione ba a boitshega, ke gone ga re ka ke ra itshoka.

71 Mme go tlaa diragala gore basiami ba phuthege go tswa mo gare ga ditšhaba tsotlhe, mme ba tlaa tla mo Sione, ba opela ka kopelo ya boitumelo jwa bosakhutleng.

72 Mme jaanong ke a lo raya, kgaphang dilo tse mo go yeng kwa ntle mo lefatshe go fitlha go tshwanetse mo go nna, gore lo ka diragatsa tiro e mo matlhong a batho, le mo matlhong a baba ba lona, gore ba ka se itse ditiro tsa lona go fitlha lo diragaditse selo se ke se lo laetseng;

73 Gore e re fa ba tlaa go e itse, gore ba ka elatlhoko dilo tse.

74 Gonne e tlaa re Morena a iponatsa o tlaabo a boitshega mo go bone, gore poifo e ka ba wela, mme ba tlaa emela kgakala e bile ba roroma.

75 Mme ditšhaba tsotlhe di tlaa boifa ka ntlha ya poifo ya Morena, le thata ya maatla a gagwe. Fela jalo. Amene.