Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 83


Tsetlana 83

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Independence, Missiouri, Moranang 30, 1832. Tshenolo e ne e amogetswe fa Moperofeti a ntse mo lekgotleng le bakaulengwe ba gagwe.

1–4, Basadi le bana ba na le tshwanelo mo banneng ba bone le borraabone go ba tlamela; 5–6, Batlholagadi le dikhutsana ba na le tshwanelo mo kerekeng go ba tlamela.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena, mo tlaleletsong ya melao ya kereke mabapi le basadi le bana, bao ba e leng ba kereke, ba ba latlhegetsweng ke banna kgotsa borraabone:

2 Basadi ba na le tshwanelo mo banneng ba bone go ba tlhokomela, go fitlha banna ba bone ba tsewa; mme fa ba sa bonwe e le ba tlolamolao ba tlaa nna le botsalano mo kerekeng.

3 Mme fa ba se boikanyego ga ba kitla ba nna le botsalano mo kerekeng; le fa go ntse jalo ba ka nna mo bosweng jwa bone go ya ka melao ya lefatshe.

4 Bana botlhe ba na le tshwanelo mo batsading ba bone go ba tlamela go fitlha ba nna mo dingwageng tsa bogolo.

5 Mme morago ga se, ba na le tshwanelo mo kerekeng, kgotsa ka mafoko a mangwe mo ntlong ya polokelo ya Morena, fa batsadi ba bone ba sena seo se ba ka se ba neelang e le boswa jwa bone.

6 Mme ntlo ya polokelo e tlaa tshegediwa ka ditshwaelo tsa kereke; mme batlholagadi le dikhutsana di tlaa tlamelwa, jaaka le bone bahumanegi. Amene.