Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 135


Tsetlana 135

Kitsiso ya go swela tumelo ga ga Moperofeti Joseph Smith le morwarraagwe, Hyrum Smith wa Mopatiriaka, kwa Carthage, Illinois, Seetebosigo 27, 1844. Mokwalo o o ne o akareditswe kwa bokhutlong jwa kgatiso ya 1844 ya Dithuto le Dikgolagano, e e neng e le gaufi le go anamisiwa fa Joseph le Hyrum Smith ba ne ba bolawa.

1–2, Joseph le Hyrum ba bolaetswe tumelo mo Kgolegelong ya Carthage; 3, Maemo a a kgethegileng a Moperofeti a bolelwa; 4–7, Madi a bone a a senang molato a paka tiro ya boammaaruri le ya bomodimo.

1 Go kana bopaki jwa buka e le Buka ya ga Momone, re bolela go swela tumelo ga ga Moperofeti Joseph Smith, le Mopatiriaka Hyrum Smith. Ba hudilwe mo kgolegelong ya Carthage, Seetebosigo 27, 1844, e ka ne e le ka nako ya botlhano maitsebowa, ke segopa se se tlhometseng—ba itshasitse bontsho—sa batho ba ka nna 150 go ya go 200. Hyrum o ne a hulwa pele mme a wa ka tshisibalo, a buela godimo: Ke sule! Joseph o ne a tlola go tswa kwa letlhabaphefong, mme o ne a hulwa a swa a le mo maitekong ao, a buela godimo: Ao Morena Modimo wa me! Botlhe ba ne ba hulwa le fa ba sena go swa, ka tsela e e maswe, mme botlhe ba hudilwe ka marumo a mane.

2 John Taylor le Willard Richards, bobedi jwa ba ba Lesome le Bobedi, e ne e le bone batho fela mo kamoreng ka nako eo; wa ntlha o ne a golafadiwa ka mokgwa o o setlhogo ka marumo a mane, mme o sale a sidilega; wa bofelo, ka tlamelo ya Modimo, o falotse, a sena le e leng phatlha mo diaparong tsa gagwe.

3 Joseph Smith Moperofeti le Molebi wa Morena, o dirile mo gontsi, fa e se Jeso fela, ka ga poloko ya batho mo lefatsheng le, bogolo go na le motho mongwe ope yo o kileng a tshela mo go lone. Mo nakong e khutshwane ya dingwaga tse di masome mabedi, o tlisitse Buka ya ga Momone, e a e ranotseng ka neo le thata ya Modimo, mme o nnile sedirisiwa mo go e anamiseng mo dikontinenteng tse pedi; o rometse botlalo jwa efangele e e sa khutleng, e e nang le yone, kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe; o tlisitse ditshenolo le ditaelo tse di tlhamang buka ya Dithuto le Dikgolagano, le tse dingwe tse dintsi dikwalo tsa botlhale le ditaelo go thusa bana ba batho; o phuthile bontsi jwa dikete tsa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, o thaile toropo e kgolo, mme o tlogetse tumo le leina tse di sa kakeng tsa tlosiwa. O tshedile ka tlotlo, mme o sule ka tlotlo mo matlhong a Modimo le batho ba gagwe; mme jaaka bontsi jwa batlodiwa ba Morena mo nakong tsa bogologolo, o kanne thomo ya gagwe le ditiro tsa gagwe ka madi a gagwe; mme fela jalo le morwarraagwe Hyrum. Mo botshelong ba ne ba sa kgaogane, le mo losong ba ne ba sa kgaogana!

4 Fa Joseph a ya kwa Carthage go ineela mo topong e e itlhametsweng ya molao, malatsi a mabedi kgotsa a mararo pele ga polao, o ne a re: “Ke tsamaya jaaka kwana e e gogelwang kwa tlhabong, mme ke tualetse jaaka moso wa selemo; Ke na le segakolodi se se senang sekgopi mo Modimong, le mo bathong botlhe. Ke tlaa swa ke sena molato, mme go santse go tlaa buiwa ka nna—o bolailwe kabomo.”—Mo mosong one oo, morago ga Hyrum a setse a ipaakanyeditse go tsamaya—a go ka twe kwa tlhabong? Ee, gonne e ne e le yone—o ne a bala tselana e e latelang, gaufi le bokhutlo jwa kgaolo ya lesome le bobedi ya ga Ethere, mo Bukeng ya ga Momone, mme a kona tsebe ya yone:

5 Mme ga diragala gore ke rapele Morena gore o ka neela Baditšhaba tshegofatso, gore ba ka nna le lorato. Mme ga diragala gore Morena a ntheye a re: Fa ba sena lorato ga go re sepe mo go wena, wena o nnile boikanyego; ke gone, diaparo tsa gago di tlaa itshepisiwa. Mme ka ntlha ya gore o lemogile bokowa jwa gago o tlaa thatafadiwa, le e leng mo go nneng fatshe mo bonnong jo ke le go baakanyeditseng mo mannong a ga Rara. Mme jaanong Nna … ke sadisa Baditšhaba sentle, ee, mme le gone bakaulengwe ba me ba ke ba ratang, go fitlhelela re tlaa kopana fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Keresete, kwa batho botlhe ba tlaa itseng gore diaparo tsa me ga di a kgamathela ka madi a lona. Bapaki jaanong ba sule, mme bopaki jwa bone bo na le matswela.

6 Hyrum Smith o ne a le dingwaga tse di masome a mane le bone ka Tlhakole, 1844, mme Joseph Smith o ne a le dingwaga tse di masome a mararo le bofera bobedi ka Sedimonthole, 1843; mme go tswa fa maina a bone a tlaa nankolwa le a baswela tumelo; mme mmadi mo tšhabeng nngwe le nngwe o tlaa gakologelwa gore Buka ya ga Momone, le buka e ya Dithuto le Dikgolagano tsa kereke, di lopile madi a a molemo bogolo a senchuri ya bo lesome le bofera bongwe go di tlisa poloko ya lefatshe le le tswaafetseng; mme gore fa molelo o ka fisetsa setlhare se se tala kgalalelo ya Modimo, go ka nna motlhofo jang go tshuba ditlhare tse di omileng go itshekisa tshimo ya mofine ya go bola. Ba tsheletse kgalalelo; ba swetswe kgalalelo; mme kgalalelo ke tuelo ya bone ya bo sa khutleng. Go tswa motlha go ya motlheng maina a bone a tlaa fetisediwa kwa kokomaneng jaaka lentswe le le eletsegang la ba ba itshepisitsweng.

7 Ba ne ba sena molato ope, jaaka gantsi ba ne ba lekilwe pele, mme ba ne fela ba tlhatlhelwa mo kgolegelong ka morero wa batsietsi le batho ba ba boikepo; mme madi a bone a a senang molato mo bodilong jwa kgolegelo ya Carthage ke kano e e bophara e e golagantsweng le “Bomomone” eo e e sa ka keng ya ganwa ke kgotlatshekelo epe mo lefatsheng, madi a bone a a senang molato mo diemeding tsa semolao tsa Kgaolo ya Illinois, ka tumelo e e robegileng ya Kgaolo jaaka e solofeditswe ke mookamedi, ke bosupi jwa boammaaruri jwa efangele ya bo sa khutleng eo lefatshe lotlhe le sa ka keng la e ganetsa; mme madi a bone a a senang molato mo mokgeleng wa kgololesego, le mo magna charta ya United States, ke moemedi wa tumelo ya ga Jeso Keresete, yoo tlaa amang dipelo tsa batho ba ba ikanyegang mo gare ga ditšhaba tsotlhe; mme madi a bone a a senang molato, le madi a a senang molato a botlhe ba swela tumelo ka fa tlase ga aletara e Johane a e boneng, a tlaa goela kwa go Morena wa Masomosomo go fitlhelela a busulosa madi ao mo lefatsheng. Amen.