Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 109


Tsetlana 109

Thapelo e e rapetsweng kwa tshwaelong ya tempele kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 27, 1836. Go ya ka mokwalo wa pego ya Moperofeti, thapelo e o neetswe ka tshenolo.

1–5, Tempele ya Kirtland e agilwe jaaka lefelo leo Morwa Motho a tlaa lo etelang; 6–21, E tlaa nna ntlo ya thapelo, ya go itima dijo, ya tumelo, ya go ithuta, ya kgalalelo, le thulaganyo, le ntlo ya Modimo; 22–33, A ba ba sa ikwatlhaeng ba ba ganetsang batho ba Morena ba tlhabisiwe ditlhong; 34–42, A baitshepi ba tswele pele ka thata go phutela basiami mo Sione; 43–53, A baitshepi ba gololwe go tswa mo dilong tse di tshetsweng kwantle go baikepi mo malatsing a bofelo; 54–58, A ditšhaba le batho le dikereke di ipaakanyetse efangele; 59–67, A Bajuta, Balamane, le Iseraele yotlhe e rekololwe; 68–80, A Baitshepi ba rweswe korone ya kgalalelo le tlotla le go amogela poloko ka bo sa khutleng.

1 A go lebogwe leina la gago, Ao! Morena Modimo wa Iseraele, yo o tshegetsang kgolagano le go supa kutlwebotlhoko mo batlhankeng ba ba tsamayang ka thokgamo fa pele ga gago, ka dipelo tsotlhe tsa bone—

2 Wena yo o laotseng batlhanka ba gago go agela ntlo leina la gago mo lefelong le [Kirtland].

3 Mme jaanong wa bona, Ao! Morena, gore batlhanka ba gago ba dirile go ya ka taelo ya gago.

4 Mme jaanong re a go kopa, Rara yo o Boitshepo, mo leineng la ga Jeso Keresete, Morwa wa sehuba sa gago, yo o mo leineng la gagwe a le esi poloko e ka direlwang bana ba batho, re a go kopa, Ao! Morena, go amogela ntlo e, tiro ya diatla tsa rona, batlhanka ba gago, e o re laetseng go e aga.

5 Gonne o a itse gore re dirile tiro e ka pitlagano e kgolo; mme mo bohumaneging jwa rona re neetse dilwana tsa rona go agela ntlo leina la gago, gore Morwa Motho a tle a nne le lefelo go bonatshega mo bathong ba gagwe.

6 Mme jaaka o buile mo tshenolong, e re e neetsweng, o re bitsa ditsala tsa gago, o re—Bitsang phuthego e e masisi, jaaka Ke lo laotse;

7 Mme jaaka botlhe ba sena tumelo, batlang lona ka tlhwaafalo le go rutana mafoko a tlhalefo; ee, batlang lona mo dibukeng tse di molemo bogolo mafoko a tlhalefo, batlang go ithuta fela ka go ithuta mme le gone ka tumelo;

8 Ithulaganyeng; baakanyang sengwe le sengwe se se batlegang, mme tlhomamisang ntlo, e bong ntlo ya thapelo, ntlo ya go itima dijo, ntlo ya tumelo, ntlo ya go ithuta, ntlo ya kgalalelo, ntlo ya thulaganyo, ntlo ya Modimo;

9 Gore matseno a lona a ka nna mo leineng la Morena, gore matso a lona a ka nna mo leineng la Morena, gore ditumediso tsotlhe tsa lona di ka nna mo leineng la Morena, ka diatla tse di tsholeleditsweng kwa go Mogodimogodimo—

10 Mme jaanong, Rara o o Boitshepo, re go kopa gore o re thuse, batho ba gago, ka tshegofatso ya gago, mo go bitseng phuthego ya rona e e masisi, gore go ka direlwa tlotlo ya gago le go amogelesega e le semodimo mo go wena;

11 Le ka mokgwa o re ka fitlhelwa re tshwanelwa, mo ponong ya gago, go amogela tirafatso ya di tsholofetso tse o di dirileng mo go rona, batho ba gago, mo di tshenolong tse re di neetsweng;

12 Gore kgalalelo ya gago e ka nna mo bathong ba gago, le mo ntlong e ya gago, e jaanong re go e tshwaelang, gore e ka itshepisiwa le go tshwaelwa go nna boitshepo, le gore bo leng teng jwa gago jo bo boitshepo bo ka nna ka gale mo ntlong e;

13 Le gore botlhe batho ba ba tlaa tsenang mo serepoding sa ntlo ya Morena ba ka itemogela thata ya gago, mme ba ikutlwa ba patelelwa go amogela gore o e itshepisitse, le gore ke ntlo ya gago, lefelo la boitshepo jwa gago.

14 Mme neela, Rara o Boitshepo, gore botlhe bao ba ba tlaa obamelang mo ntlung e ba tle ba rutwe mafoko a tlhalefo mo dibukeng tse di molemo bogolo le gore ba tle ba batle thuto e bong ka go ithuta, mme le gone ka tumelo, jaaka o buile;

15 Le gore ba ka golela mo go wena, mme ba amogele botlalo jwa Mowa o o Boitshepo, le go rulaganngwa go ya ka melao ya gago le go ipaakanyetsa go amogela selo sengwe le sengwe se se batlegang;

16 Le gore ntlo e e tle e nne ntlo ya thapelo, ntlo ya go itima dijo, ntlo ya tumelo, ntlo ya kgalalelo le ya Modimo, e bong ntlo ya gago;

17 Gore matseno otlhe a batho ba gago, mo ntlong e, a tle a nne mo leineng la Morena;

18 Gore matso a bone otlhe motlong e a tle a nne mo leineng la Morena;

19 Le gore madume a bone otlhe a tle a nne mo leineng la Morena, ka diatla tse di boitshepo, di tsholeleditswe kwa go Mogodimogodimo

20 Le gore selo sepe se se leswafetseng se se leselediwe go tla go itshekolola ntlo ya gago;

21 Mme fa batho ba gago ba leofa, ope wa bone, ba ka ikwatlhaya ka bofefo le go boela mo go wena, le go bona tlekeetso mo matlho a a gago, mme ba buselediwe mo ditshegofatsong tse o laotseng gore di goromelediwe mo go bao ba ba tlaa go tlotlang mo ntlong ya gago.

22 Mme re a go kopa Rara o o Boitshepo, gore batlhanka ba gago ba ka tswela pele go tswa mo ntlong e ba tlhometswe ka thata ya gago, le gore leina la gago le ka nna mo go bone, mme kgalalelo ya gago e ba dikaganyetse, mme baengele ba gago ba ba dibele;

23 Mme go tswa mo lefelong le ba ka supa mafoko a magolo thata le a boitumelo, ka boammaaruri, mo dikhutlong tsa lefatshe, gore ba ka itse gore tiro e ke ya gago, le gore o otlolole seatla sa gago, go diragatsa seo se o se buileng ka melomo ya baperofeti, mabapi le malatsi a bofelo.

24 Re a go kopa, Rara o o Boitshepo, go tlhomamisa batho ba ba tlaa obamelang, le go tshegetsa ka tlotlo leina le boemo mo ntlong e ya gago, mo tshikeng yotlhe le ka bosakhutleng;

25 Gore ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga bone se se tlaa tlhogonolofalang; gore yo o ba epelang lemena ene yoo a wele mo go lone;

26 Gore lekunutu lepe la boikepo le seka la nna le thata go tsoga le go fenya batho ba gago ba leina la gago le tlaa beiwang mo go bone mo ntlong e;

27 Mme fa batho bape ba tsogologela batho ba, gore tšhakgalo ya gago e ba tukele;

28 Mme fa ba itaya batho ba o tlaa ba itaya; o tlaa lwela batho ba gago jaaka o dirile mo letsatsing la tlhabano, gore ba ka gololwa mo diatleng tsa baba ba bone botlhe.

29 Re a go kopa, Rara o o Boitshepo, silofatsa, le go gakgamatsa, le go tlhabisa ditlhong le go tlisa kgamarego, mo go botlhe bao ba ba gasagasitseng pego ya maaka kwa ntle, mo lefatsheng, kgatlhanong le motlhanka kgotsa batlhanka ba gago, fa ba se kitla ba ikwatlhaya, mogang efangele e e sa khutleng e tlaa bolelwang mo ditsebeng tsa bone;

30 Mme gore ditiro tsotlhe tsa bone di tle dinyelediwe, mme di gogolwe ka sefako, le ka dikatlholo tse o tlaa di romelang mo go bone mo bogaleng jwa gago, gore go tle go nne le bokhutlo jwa maaka le kgobololo kgatlhanong le batho ba gago.

31 Gonne o a itse, Ao! Morena, gore batlhanka ba gago ba ntse ba sena molato fa pele ga gago mo go supeng tshupo ya leina la gago, seka ntlha ya sone ba bogetseng dilo tse.

32 Ke gone ka moo re kopang fa pele ga gago kgololo e e tletseng e bile e e feletseng go tswa ka fa tlase ga jokwe e;

33 E robe, Ao! Morena; e robe mo dithamong tsa batlhanka ba gago, ka thata ya gago, gore re ka ema mo gare ga tshika e mme ra dira tiro ya gago.

34 Ao! Jehofa, utlwela batho ba botlhoko, mme jaaka batho botlhe ba leofa itshwarele ditlolo molao tsa batho ba gago, mme a di phimoge ka bosenang bokhutlo.

35 A tlotso ya badiredi ba gago e kanwe mo go bone ka thata go tswa kwa godimo.

36 A go diragadiwe mo go bone, jaaka mo go bao mo letsatsing la Pentekosete; a neo ya diteme e goromeletswe mo bathong ba gago, e bong diteme tse di patologanang ekete tsa molelo, le phuthololo ya tsone.

37 Mme a ntlo ya ga go e tlale, jaaka e kete sefefo se segolo se se tsubutlang, ka kgalalelo ya gago.

38 Baya mo batlhankeng ba gago bopaki jwa kgolagano, gore fa ba tswela kwantle mme ba bolela lefoko la gago ba ka kana molao, mme ba baakanyetsa dipelo tsa baitshepi dikatlholo tsotlhe tseo o tlogang o di romela, mo kgalefong ya gago, mo banning ba lefatshe, ka ntlha ya ditlolo molao tsa bone, gore batho ba gago ba ka seke ba we mo letsatsing la matshwenyego.

39 Mme toropo nngwe le nngwe batlhanka ba gago ba tlaa tsenang mo go yone, mme batho ba toropo eo ba amogele bopaki jwa bone, a kagiso ya gago le poloko ya gago e nne mo toropong eo; gore ba ka phutha go tswa mo toropong eo basiami, gore batle mo Sione, kgotsa mo dimapong tsa gagwe, mafelo a o a tlhomileng, ka dikopelo tsa boitumelo jo bo sa khutleng;

40 Mme go fitlha se se diragadiwa, a dikatlholo tsa gago di se wele mo toropong eo.

41 Mme toropo nngwe le nngwe e batlhanka ba gago ba tlaa tsenang mo go yone, mme batho ba toropo eo ba sa amogele bopaki jwa batlhanka ba gago, mme batlhanka ba ba tlhagisa go ipoloka mo tshikeng e e e sokameng, a go nne mo toropong eo go ya ka seo se o se buileng ka melomo ya baperofeti ba gago.

42 Mme ba golole, Ao! Jehofa, re a go rapela, batlhanka ba gago mo diatleng tsa bone, mme ba ntlafatse mo mading a bone.

43 Ao! Morena, ga re natefelelwe ke tshenyego ya bankarona; mewa ya bone e a tlhokega fa pele ga gago;

44 Mme lefoko la gago le tshwanetse go diragadiwa. Thusa batlhanka ba gago gore ba re, ka tshegofatso ya gago e ba thusa: Thato ya gago e diragale, Ao Morena, mme e seng ya rona.

45 Re a itse gore o buile ka melomo ya baperofeti dilo tse di boitshegang mabapi le baikepi, mo malatsing a bofelo—gore o tlaa gorometsa dikatlholo tsa gago, go sena selekanyo;

46 Ke gone ka moo, Ao! Morena, golola batho ba gago mo petsong ya baikepi; nonotsha batlhanka ba gago go kanela molao, le go bofa bopaki, gore ba tle ba ipaakanyetse letsatsi la phiso.

47 Re a go kopa, Rara o o Boitshepo, go gakologelwa bao ba ba lelekilweng ke banni ba lefatshe la Jackson, Missouri, go tswa mo mafatsheng a boswa jwa bone, mme o robe, Ao! Morena, jokwe e ya pogisego e e ntseng e beilweng mo go bone.

48 O a itse, Ao! Morena, gore ba ntse ba patikilwe mo go golo le go bogisiwa ke baikepi; mme dipelo tsa rona digamuketse botlhoko ka ntlha ya merwalo e e botlhokobotlhoko ya bone.

49 Ao! Morena, ke lobaka lo le kae le o tlaa leseletsang batho ba go itshokela pogisego e, le dilelo tsa bao ba bone ba ba senang molato go tlhatlogela mo ditsebeng tsa gago, mme madi a bone a tle e le bopaki fa pele ga gago, mme wa seka wa supa bopaki jwa gago go ba thusa?

50 Nna kutwelobotlhoko, Ao! Morena, mo mmudubudung wa baikepi, ba ba lelekileng batho ba gago, gore ba ka emisa go thopa, gore ba tle ba ikwatlhaela dibe tsa bone fa boikotlhao bo ka bonwa.

51 Mme fa ba se kitla, apola letsogo la gago, Ao! Morena, mme o rekolole seo se o se tlhomileng mo Sione wa batho ba gago.

52 Mme fa go sa ka ke ga nna ka go sele, gore maikaelelo a batho ba gago a tle a seka palelwa fa pele ga gago a bogale jwa gago bo tuke, mme kgalefo ya gago e ba wele, gore ba ka senngwa, gotlhe modi le kala, go tswa ka fa tlase ga legodimo;

53 Mme e re ka ba tlaa ikwatlhaya, o pelontle le boutlwelobotlhoko, mme o tlaa faposa tšhakgalo ya gago fa o leba sefatlhogo sa Motlodiwa wa gago.

54 Utlwela botlhoko, Ao! Morena, mo ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe; nna kutlwelobotlhoko mo babusing ba lefatshe la rona, a melawana eo, e ka tlotlego le tlotlo e neng ya sirelediwa, e bong, Molao Motheo wa lefatshe la rona, ke borraarona, e tlhomamisiwe ka bosenang bokhutlo.

55 Gakologelwa dikgosi, magosana, batlotlegi, le ba bagolo ba lefatshe, le batho botlhe, le dikereke, bahumanegi botlhe, batlhoki, le ba ba patikiwang ba lefatshe;

56 Gore dipelo tsa bone di ka nolofadiwa mogang batlhanka ba gago ba tswang mo ntlong ya gago, Ao! Jehofa, go paka ka leina la gago; gore dikgobelelo tsa bone di tle di nyelele fa pele ga boammaaruri, le gore batho ba gago ba ka amogela tlekeetso mo matlhong a botlhe;

57 Gore dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tle di itse gore rona, batlhanka ba gago, re utlwile lentswe la gago, le gore o re romile;

58 Gore go tswa mo gare ga botlhe ba, batlhanka ba gago, barwa ba ga Jakobe, ba ka phutha basiami go agela toropo e e boitshepo go leina la gago, jaaka o ba laetse.

59 Re go kopa go laolela Sione dimapo tse dingwe kwa ntle ga tse tse wena o di laotseng, go re go phuthega ga batho ba gago go ka tswelela pele ka thata e kgolo le borena, gore tiro ya gago e ka khutshwafadiwa mo tshiamong.

60 Jaanong mafoko a, Ao! Morena, re a buile fa pele ga gago, mabapi le ditshenolo le ditaelo tse o re di neetseng, ba re nyalanngwang le Baditšhaba.

61 Mme o a itse fa o na le lorato le legolo mo baneng ba ga Jakobe, ba ba phatlhaladitsweng mo dithabeng ka lobaka lo loleele, mo letsatsing le le maru le lefifi.

62 Ke gone ka moo re go kopang go utlwela bana ba ga Jakobe botlhoko, gore Jerusalema, go tswa mo oureng e, a tle a simolole go rekololwa;

63 Le jokwe ya botshwarwa e tle e simolole go robega motlung ya ga Dafite;

64 Le bana ba ga Juta ba tle ba simolole go boela kwa mafatsheng a o a neetseng Aberahame, rraabone.

65 Le go dira gore masalela a ga Jakobe, ba ba hutsitsweng le go itewa ka ntlha ya tlolo molao ya bone, ba sokologe mo seemong sa bone sa bo phologolo le se se sa tlhabologang go amogela botlalo jwa efangele e e sa khutleng;

66 Gore ba tle ba baye fatshe dibolao tsa bone tsa tshololomadi, le go emisa botsuolodi jwa bone.

67 Mme a masalela otlhe a a phatlhaletseng a Iseraele, ba ba leleketsweng kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri, ba dumele mo go Mesia, mme ba rekololwe mo kgatelelong, mme ba itumele fa pele ga gago.

68 Ao! Morena, gakologelwa motlhanka wa gago, Joseph Smith, Jun., le dipogisego tsa gagwe tsotlhe le dipogiso tsa gagwe—ka fa a ikgolagantseng le Jehofa ka teng, le go ikana mo go wena, Ao! Modimo Mothata wa ga Jakobe—le ditaelo tse o di mo neetseng, le gore o lekile ka tlhwaafalo go dira thato ya gago.

69 Nna le kutlwelobotlhoko, Ao! Morena, mo mosading wa gagwe le bana, gore ba tle ba godisiwe mo boleng teng jwa gago, mme ba dibelwe ka seatla sa gago sa pepetletso.

70 Nna le kutlwelobotlhoko mo go botlhe ba masika a bone, gore dikgobelelo tsa bone di ka tlosiwa jaaka e kete ka morwalela; gore ba tle ba sokologe mme ba rekololwe le Iseraele, mme ba itse fa o le Modimo.

71 Gakologelwa, Ao! Morena, boporesidente, e bong boporesidente botlhe ba kereke ya gago, gore seatla sa gago sa moja se ka ba godisa, le ba malwapa a bone, le ba masika a bone, gore maina a bone a tle a tsweledisiwe mme a nne a gopolwa ka bo sa khutleng go tswa tshika tshikeng.

72 Gakologelwa kereke yotlhe ya gago, Ao! Morena, le ba malwapa a bone, le botlhe ba masika a bone, le balwetse botlhe ba bone le ba ba mo pogisegong, le botlhe bahumanegi le ba ba pelonolo ba lefatshe; gore bogosi, jo o bo tlhomileng e seng ka diatla, bo ka nna thaba e kgolo mme jwa tlala lefatshe lotlhe;

73 Gore kereke ya gago e ka tswa mo nageng ya lefifi, mme ya phatshima bontle jaaka ngwedi, e itshekile jaaka letsatsi, mme e boitshega jaaka batlhabani ka mekgele;

74 Mme e apesiwe jaaka monyadi mo letsatsing leo o tlaa bipololang magodimo, le go dira gore dithaba dinyere mo boleng teng jwa gago, mme megogoro e godisiwe, mafelo a magwata a rethefadiwe; gore kgalalelo ya gago e tlale lefatshe.

75 Gore fa porompeta e lelela baswi, re tle re tsholediwe mo lerung go go kgatlhantsha, gore re tlere nnele ruri le Morena;

76 Gore diaparo tsa rona di tle di ntlafale, gore re tle re apesiwe ka diaparo tsa tshiamo, le mekolwane mo diatleng tsa rona, le dirwalo tsa kgalalelo mo ditlhogong tsa rona, mme re robe boitumelo jo bo sa khutleng jwa go bogisega ga rona.

77 Ao! Morena Modimo Mothatayotlhe, re utlwe mo dikopong tsena tsa rona, mme o re arabe go tswa kwa legodimong, bonno jwa gago jo bo boitshepo, kwa o ntseng mo setilong sa bogosi, ka kgalalelo, tlotlo, thata, borena, maatla, taolo, boammaaruri, tshiamiso, katlholo, kutlwelobotlhoko, le botlalo jwa bosaeng kae, go tswa mo bo sa khutleng go ya bo sa khutleng.

78 Ao! utlwa, Ao! utlwa, Ao! re utlwe, Ao! Morena! Mme o arabe dikopo tse, le go amogela tshwaelo ya ntlo ena mo go wena, tiro ya diatla tsa rona, e re e agetseng leina la gago;

79 Le yone kereke e, go baya mo go yone leina la gago. Mme o re thuse ka thata ya Mowa wa gago, gore re ka kopanya mantswe a rona le bao baengele ba legodimo ba ba phatshimang, ba tsabakela go dikologa setilo sa gago sa bogosi, ka dituduetso tsa poko, jaaka re opela Hosanna go Modimo le Kwana!

80 Mme a bano, ba tlodiwa ba gago, ba apesiwe ka poloko mme baitshepi ba gago ba duduetse ka boitumelo. Amene, le Amene.