Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 19


Tsetlana 19

Tshenolo e e neetsweng ka Joseph Smith, kwa Manchester, New York, e ka ne e le mo selemong sa 1829. Mo ditsong tsa gagwe, Moperofeti o ne a e itsise jaaka “taolo ya Modimo mme e seng ya motho, mo go Martin Harris, e e neetsweng ke ene yo e leng wa Bo sa khutleng.”

1–3, Keresete o na le thata yotlhe; 4–5, Batho botlhe ba tshwanetse go ikwatlhaya kgotsa ba boge; 6–12, Kotlhao ya bo sa khutleng ke kotlhao ya Modimo; 13–20, Keresete o bogetse botlhe, gore ba seka ba bogisega fa ba ka ikwatlhaya; 21–28, Rerang efangele ya boikotlhao; 29–41, Bolelang mafoko a a molemo.

1 Ke Alefa le Omega, Keresete Morena, ee, le gone ke ene, tshimologo le bokhutlo, Morekolodi wa lefatshe.

2 Nna, ke diragaditse le go wetsa go rata ga ene yo ke leng wa gagwe, e bong Rara, mabapi le nna—ke dirile se gore ke tle ke ipeele dilo tsotlhe mo taolong ya me—

3 Ke tshegeditse thata yotlhe, le e leng mo go nyeletseng Satane le ditiro tsa gagwe kwa bokhutlong jwa lefatshe, le letsatsi le legolo la bofelo la katlholo, e ke tlaa e diragatsang mo banning ba lone, ke atlhola motho mongwe le mongwe go yeng ka ditiro tsa gagwe le ditiro tse a di dirileng.

4 Mme ruri motho mongwe le mongwe o tshwanetse go ikwatlhaya kgotsa a boge, gonne Nna, Modimo, ke bosakhutleng.

5 Ke gone, ga ke fetole dikatlholo tse ke tlaa di diragatsang, mme bohutsana bo tlaa tswela pele, selelo, kuruetso, le phuranyo ya meno, ee, mo go bao ba ba fitlhelwang mo seatleng sa me sa molema.

6 Le fa go ntse jalo, ga go a kwalwa gore ga go kitla go nna le bokhutlo jwa tlhokofatso e, mme go kwadilwe tlhokofatso ya bosakhutleng.

7 Gape, go kwadilwe boleo jo bo senang bokhutlo; ke gone go itsege thata go feta mafoko a a boitshepo a mangwe, gore go ame dipelo tsa bana ba batho, gotlhelele ka ntlha ya kgalalelo ya leina la me.

8 Ke gone, ke tlaa lo tlhalosetsa bosaitseweng jo, gonne go le tshwanetse gore lo itse fela jaaka baaposetole ba me.

9 Ke bua le lona bao ba lo itshenketsweng mo selong se, fela jaaka a le mongwe, gore lo ka tsena mo tapologong ya me.

10 Gonne, bonang, bosaitseweng jwa poifo modimo, bo bogolo jang! Gonne, bonang, ke nna bosakhutleng, mme kotlhao e e neetsweng go tswa mo seatleng sa me ke kotlhao ya bosakhutleng, gonne Bosakhutleng ke leina la me. Ke gone—

11 Kotlhao ya bosakhutleng ke kotlhao ya Modimo.

12 Kotlhao e e sa khutleng ke kotlhao ya Modimo.

13 Ke gone, ke go laela gore o ikwatlhaye, le go tshegetsa ditaelo tsa me tse o di amogetseng ka seatla sa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mo leineng la me;

14 Mme ke ka thata ya me ya mothatayotlhe gore o bo o di amogetse;

15 Ke gone ka moo ke go laela gore o ikwatlhaye—ikwatlhaye, e sere kgotsa ka go itaya ka thobane ya molomo wa me, le ka tšhakgalo ya me, le ka bogale jwa me, mme dipogisego tsa gago tsa nna botlhoko—gore di botlhoko jang ga o itse, gore di tseneletse jang ga o itse, gore di thata jang go di itshokela ga o itse.

16 Gonne bona, Nna, Modimo, ke bogetse botlhe dilo tse, gore ba ka se boge fa ba ka ikwatlhaya;

17 Mme fa ba ka se ikwatlhaye ba tshwanetse go boga fela jaaka Nna;

18 Pogisego e e dirileng gore nna, e bong Modimo, mogolo wa botlhe, ke rorome ka ntlha ya setlhabi, le go tshologa madi ka photlha nngwe le nngwe, le go boga gotlhe mo mmeleng le mo moweng—mme ka eletsa gore ke ka se nwe senwelo se se botlhoko, le go itsemeletsa—

19 Le fa gontse jalo, a kgalalelo e nne go Rara, mme ke nole le go wetsa dipaakanyetso tsa me go thusa bana ba batho.

20 Ke gone, ke go laela gape gore o ikwatlhaye, e se re kgotsa ka go nolofatsa ka thata ya mothatayotlhe ya me; le gore o ipolele dibe tsa gago, e se re kgotsa wa boga dikotlhao tse tse ke buileng ka tsone, dingwe tsa tse mo bonnyeng, ee, le e leng mo selekanyong se se nnyennyane o di utlwileng ka nako e ke tlositseng Mowa wa me.

21 Mme ke go laela gore o se rere sepe fa e se boikotlhao, mme o se supetse lefatshe dilo tse go fitlha e nna tlhalefo mo go nna.

22 Gonne ga ba ka ke ba itshokela nama jaanong, mme mashi ba tshwanetse go a amogela; ke gone, ga ba a tshwanela go itse dilo tse, e se re kgotsa ba nyelele.

23 Ithute mo go nna, mme o reetse mafoko ame; tsamaya mo bonolong jwa Mowa wa me, mme o tlaa nna le kagiso mo go nna.

24 Ke Jeso Keresete; Ke tlile ka thato ya ga Rara, mme ke dira thato ya gagwe.

25 Mme gape, ke a o laela gore o seka wa eletsa mosadi wa moagisanyi wa gago; le fa e le go batla botshelo jwa moagisanyi wa gago.

26 Mme gape, ke a go laela gore o seka wa eletsa dithoto tsa gago, mme o di abe ka kgololesego mo go gatiseng Buka ya ga Momone, e e nang le boammaaruri le lefoko la Modimo—

27 E e leng lefoko la me mo go Baditšhaba, gore ka pela e ka ya kwa Bajuteng, bao Balamane e leng masalela a bone, gore ba ka dumela efangele, mme ba seka ba lebelela Mesia go tla yo o setseng a tlile.

28 Mme gape, ke a go laola gore o rapele o ntsha lentswe le mo pelong; ee, fa pele ga lefatshe le mo sephiring, mo phatlhalatseng le mo bothokong.

29 Mme o tlaa bolela mafoko a a molemo, ee, o a anamise mo dithabeng, le mo mafelong otlhe a a tlotlometseng, le mo gare ga batho bangwe le bangwe bao o tlaa letlelelwang go ba bona.

30 Mme o tlaa dira se ka boikokobetso jotlhe, o tshepa mo go nna, o sa kgale kgatlhanong le bakgadi.

31 Mme o seka wa bua mabapi le dithuto tse di tseneletseng, fa e se o bolela boikotlhao le tumelo mo go Mmoloki, le boitshwarelo jwa dibe ka kolobetso, le ka molelo, ee, e bong Mowa o o Boitshepo.

32 Bona, se ke taelo e kgolo le ya bofelo e ke tlaa go e neelang mabapi le selo se; gonne se se tlaa lekana go tsamaya ga gago ka metlha, le e leng go ya bokhutlong jwa botshelo jwa gago.

33 Mme bohutsana o tlaa bo amogela fa o ka itlhokomolosa dikgakololo tse, ee, le e leng tshenyego ya gago le dithoto.

34 Aba bontlha bongwe jwa dithoto tsa gago, ee, le e leng karolo ya ditsha tsa gago, mme tsotlhe fa e se fela go tlhokomela lolwapa lwa gago.

35 Duela sekoloto se o se dumalaneng le mogatisi. Ikgolole mo botshwarong.

36 Tlogela ntlo le legae la gago, fa e se fela o eletsa go bona ba lolwapa lwa gago;

37 Mme bua ka kgololesego le botlhe, ee, rera, kgothatsa, bolela boammaaruri, le e leng ka lentswe le le kwa godimo, ka tumo ya boipelo, o goa—Hosana, hosana, a go bakwe leina la Morena Modimo!

38 Rapela ka metlha, mme ke tlaa goromeletsa Mowa wa me mo go wena, mme tshegofatso ya gago e tlaa nna kgolo—ee, e bong go feta fa o ka amogela matlotlo a lefatshe le go bola ga bophara jwa lone.

39 Bona, a o ka bala se o sa ipele le go tsholetsa pelo ya gago ka ntlha ya boitumelo?

40 Kgotsa a o ka taboga taboga ka lobaka jaaka mokaedi wa sefofu?

41 Kgotsa a o ka nna boikokobetso le bonolo, mme wa itshwara ka tlhalefo fa pele ga me? Ee, tla mo go nna Mmoloki wa gago. Amene.