Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 98


Tsetlana 98

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Phatwe 6 1833. Tshenolo e e tlile ka lebaka la pogiso ya Baitshepi mo Missouri. Go oketsa ga bonno jwa maloko a Kereke mo Missouri ga tshwenya banni ba bangwe, ba ba neng ba tshosediwa ke dipalo tsa Baitshepi, sepolotiki le thotloetso ya itsholelo le diphapang tsa ngwao le ditumelo. Ka Phukwi 1833, digagautlhi tsa senya dithoto tsa Kereke, ba tshasa sekontere le go baya mafofa mo malokong a mabedi a Kereke, mme ba batla gore Baitshepi ba tlogele Khaunthi ya Jackson. Ntswa dikgang tsa mathata a mo Missouri go sa belaetse a ne a fitlha kwa go Moperofeti mo Kirtland (sekgale sa dimaele tse di makgolo a ferang bongwe), tlhwaafalo ya seemo se ka bo se ne se setse se itsisitswe kwa go ene mo letsatsing le fela ka tshenolo.

1–3, Dipogisego tsa baitshepi di tlaa ba direla molemo; 4–8, Baitshepi ba tshwanetse go itsalanya le molao motheo wa lefatshe; 9–10, Batho ba ba boikanyego, ba ba botlhale le ba ba molemo ba tshwanetse go thusiwa go direla goromente wa lefatshe; 11–15, Bao ba ba beelang matshelo a bone go dira ditiro tsa Morena ba tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng; 16–18, Latolang ntwa mme lo boleleng kagiso; 19–22, Baitshepi mo Kirtland ba kgalemelwa e bile ba laelwa go ikwatlhaya; 23–32, Morena o senola melao ya Gagwe e e laolang pogiso le dipogisego tse di gobeletsweng mo bathong ba Gagwe; 33–38, Ntwa ya letlelesega fela fa Morena a e laotse; 39–48, Baitshepi ba tshwanetse go itshwarela baba ba bone, ba, fa ba ikotlhaya, le gone ba tlaa falola pusoloso ya Morena.

1 Ammaaruri Ke a lo raya ditsala tsa me, se boifeng, a dipelo tsa lona di gomotsege; e e, ipeleng ka bosenang bokhutlo, mme mo sengweng le sengwe lo lebogeng;

2 Lo lebeleleng mo go Morena ka bopelotelele, gonne dithapelo tsa lona di tsene mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo, e bile di kwadilwe ka sekano se le kgolagano—Morena o ikanne e bile o laotse gore ba tlaa di neelwa.

3 Ka gone ka moo, o le neela tsholofetso e, ka kgolagano e e sa kakeng ya fetoga gore di tlaa diragadiwa; mme dilo tsotlhe tse lo tlhokofaditsweng ka tsone di tlaa dirisana mmogo go le direla molemo, le go galaletsa leina la me, go bua Morena.

4 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya mabapi le melao ya lefatshe, ke thato ya me gore batho ba me ba tshwanetse go tlhokomela go dira dilo tsotlhe le fa e le eng se ke se ba laolelang.

5 Le gore molao wa lefatshe o e leng molao motheo, o o etleetsang molawana wa kgololesego ka go tshegetsa ditshwanelo le ditshiamelo, ke wa batho botlhe, mme e siamisitswe fa pele ga me.

6 Ke gone ka moo, Nna, Morena, ke a lo siamisa, le bakaulengwe ba lona ba kereke ya me, mo go itsalanyeng le molao o o e leng molao motheo wa lefatshe;

7 Mme mabapi le molao wa motho, le fa e le eng fela se se fetang kgotsa se se potlana mo go se, se tswa mo bosuleng.

8 Nna, Morena Modimo, ke a lo golola, ke gone ka moo lo gololesegile e le ruri; mme molao le one o a le golola.

9 Le fa go ntse jalo, fa moikepi a busa batho ba a hutsafala.

10 Ke gone, batho ba ba boikanyego le batho ba ba botlhale ba tshwanetse go batliwa ka tlhwaafalo, mme batho ba ba molemo le batho ba ba botlhale lo tshwanetse go tlhokomela go ba tshegetsa; fa go sa nna jalo le fa e le eng se se potlana mo go se se tswa mo bosuleng.

11 Mme ke lo neela taelo, gore lo tlogele bosula jotlhe mme lo ngaparele tsotlhe tse di molemo, gore lo tshele ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.

12 Gonne o tlaa neela ba ba boikanyego sekao mo sekaong, kaelo mo kaelong; mme Ke tlaa lo leka le go le tlhotlhomisa ka gone.

13 Mme le fa e le mang yo o beelang botshelo jwa gagwe ntlha ya me, ka ntlha ya leina la me, o tlaa bo bona gape, e bong botshelo jo bo sa khutleng.

14 Ke gone ka moo, se tshabeng baba ba lona, gonne ke laotse mo pelong ya me, go bua Morena, gore Ke tlaa lo leka mo dilong tsotlhe, go bona fa le tlaa itshokela kgolagano ya me, le e leng go ya losong, gore le tle lo fitlhelwe lo tshwanela.

15 Gonne fa lo sa itshokele kgolagano ya me ga lo a ntshwanela.

16 Ke gone ka moo, itatoleng ntwa mme lo bolele kagiso, mme lo batleng ka tlhwaafalo go sokololela dipelo tsa bana go borraabone, le dipelo tsa borraabana go bana;

17 Mme gape, dipelo tsa Bajuta go baperofeti, le baperofeti go Bajuta; e sere kgotsa Ke tle ke iteye lefatshe lotlhe ka phutso, mme nama yotlhe e nyelele fa pele ga me.

18 Mme a dipelo tsa lona di se tshwenyege; gonne mo ntlong ya ga Rara go na le manno a le mantsi, mme Ke lo baakanyeditse bonno; mme kwa Rara le nna re leng teng, le lona lo tlaa nna teng.

19 Bonang, Nna, Morena, ga ke itumele thata ka ba le bantsi ba ba mo kerekeng kwa Kirtland;

20 Gonne ga ba tlogele dibe tsa bone, le ditsela tsa bone tsa boikepo, boikgogomoso jwa dipelo tsa bone, le bopelotshetlha jwa bone, le dilo tsotlhe tse di iletsegang, mme ba tlhokomela mafoko a tlhalefo le botshelo jo bosakhutleng tse Ke ba di neetseng.

21 Ammaaruri Ke a lo raya, gore Nna, Morena, ke tlaa ba otlhaya e bile Ke tlaa dira le fa e le eng se ke se batlang, fa ba sa ikwatlhae mme ba tlhokomela sengwe le sengwe sa dilo tseo ke ba di boleletseng.

22 Mme gape Ke a lo raya, fa lo tlhokomela go dira sengwe le sengwe se Ke se lo laelang, Nna, Morena, ke tlaa faposa kgalefo yotlhe le tšhakgalo yotlhe mo go lona, mme dikgoro tsa molete ga di kitla di lo fenya.

23 Jaanong, Ke bua le lona mabapi le malwapa a lona—fa motho a lo itaya, kgotsa ba malwapa a lona, gangwefela, mme lwa e itshoka ka bopelotelele le sa ba kgobe, le fa e le go batla go ipusolosetsa, lo tlaa duelwa;

24 Mme fa lo sa go itshokele ka bopelotelele, go tlaa kaiwa mo go lona jaaka e le e e lekantsweng ka selekanyo se se siameng mo go lona.

25 Mme gape, fa baba ba lona ba le itaya la bobedi, mme lo sa kgobe baba ba lona, mme lo go itshokela ka bopelotelele, tuelo ya lona e tlaa nna ga lekgolo.

26 Mme gape, fa ba lo itaya la boraro, mme lo go itshokela ka bopelotelele, tuelo ya lona e tlaa nna gane sebedi mo go lona;

27 Mme bopaki jo boraro bo tlaa emelana le baba ba lona fa ba sa ikwatlhae, e bile ga bo kitla bo phimolwa.

28 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, fa mmaba yo o ka falola ipusolosetso ya me, gore a se sekisiwe fa pele ga me, ke gone lo tlaa bona gore lo a mo tlhagisa mo leineng la me, gore a se tlhole a tla mo go lona, le fa e le mo lwapeng la lona, e bong bana ba bana ba lona go ya go tshika ya boraro le ya bone.

29 Mme ke gone, fa a lo tlhasela kgotsa bana ba lona, kgotsa bana ba bana ba lona go ya go tshika ya boraro le ya bone, Ke neetse mmaba wa gago mo diatleng tsa lona;

30 Mme ke gone fa o mo rekegela, o tlaa duelelwa tshiamo ya gago; le bone bana le bana ba bana ba lona go ya go tshika ya boraro le ya bone.

31 Le fa go ntse jalo, mmaba wa lona o mo diatleng tsa lona, mme fa lo mo duela go ya ka ditiro tsa gagwe lo tlaa siamisiwa; fa a batlile botshelo jwa lona, mme matshelo a lona a le mo kotsing ka ntlha ya gagwe, mmaba wa lona o mo diatleng tsa lona e bile lo siamisitswe.

32 Bonang, se ke molao o ke o neetseng motlhanka wa me Nefi, le borraalona, Josefa, le Jakobe, le Isake, le Aberahame, le baperofeti ba me botlhe ba bogologolo le baaposetole.

33 Mme gape, se ke molao o ke o neetseng ba me ba bogologolo, gore ga ba a tshwanela go bololela go tlhabana le tšhaba epe, lotso, teme, kgotsa batho, fa e se Nna, Morena, ke ba laotse.

34 Mme fa tšhaba epe, teme, kgotsa batho ba ka bololela ntwa kgatlhanong le bone, ba tshwanetse pele ba tsholetse mokgele wa kagiso mo bathong bao, tšhaba kgotsa teme;

35 Mme fa batho bao ba sa amogele tshupelo ya kagiso, le fa e le la bobedi kgotsa la boraro, ba tshwanetse go tlisa bopaki jo fa pele ga Morena;

36 Ke gone Nna, Morena, ke tlaa ba neela taelo, mme ke ba siamise mo go bololeleng go tlhabana le tshaba eo, teme, kgotsa batho.

37 Mme Nna, Morena, ke tlaa lwa dintwa tsa bone, le dintwa tsa bana ba bone, le bana ba bana ba bone, go fitlha ba ipusolosetsa mo babeng botlhe ba bone, go ya go tshika ya boraro le ya bone.

38 Bonang, se ke sekao mo bathong botlhe, go bua Morena Modimo wa lona, ka tshiamiso fa pele ga me.

39 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, fa mmaba wa lona a sena go le tlhasela pele, a ikwatlhaya mme a tla kwa go lona a rapelela gore le mo itshwarele, lo mo itshwarele, mme lo seka lwa tlhola le e tshwara jaaka bopaki kgatlhanong le mmaba wa lona—

40 Le go ya fela jalo la bobedi le la boraro, mme gantsi jaaka mmaba a tlaa ikwatlhaela tlolo e a lo diretseng molato ka yone, lo mo itshwarele, go fitlha masome a supa ga supa.

41 Mme fa a lo direla molato mme a sa ikwatlhae lwantlha, le fa go ntse jalo lo mo itshwarele.

42 Mme fa a lo direla molato lwa bobedi, mme a sa ikwatlhae, le fa go ntse jalo lo mo itshwarele.

43 Mme fa a lo direla molato lwa boraro, mme a sa ikwatlhae, le gone lo tlaa mo itshwarela.

44 Mme fa a lo direla molato lwa bone lo seka lwa mo itshwarela, mme lo tlise bopaki jo fa pele ga Morena; mme ga bo kitla bo phimolwa go fitlha a ikwatlhaya mme a lo duela gane mo dilong tsotlhe tseo a lo diretseng molato mo go tsone.

45 Mme fa a dira se, lo tlaa mo itshwarela ka pelo ya lona yotlhe; mme fa a sa dire se, Nna, Morena, ke tlaa lo busolosetsa mo babeng ba lona ga lekgolo;

46 Le mo baneng ba gagwe, le mo baneng ba bana ba gagwe ba bone botlhe ba ba nkilang, go fitlha ka tshika ya boraro le ya bone.

47 Mme fa bana ba ikwatlhaya, kgotsa bana ba bana, mme ba boela mo go Morena Modimo wa bone, ka dipelo tsa bone tsotlhe le ka maatla a bone otlhe, tlhaloganyo, le nonofo, mme ba busetsa gane di tlolo tsotlhe tsa bone tse ba dirileng molato ka tsone, kgotsa tse borraabone ba dirileng molato ka tsone, kgotsa borraabo rraabone, ke gone tšhakgalo ya lona e faposiwe;

48 Mme pusoloso ga e kitla e tlhola e ba wela, go bua Morena Modimo wa lona, mme ditlolo tsa bone ga di kitla di tlhola di tlisiwa jaaka bopaki fa pele ga Morena kgatlhanong le bone. Amene.