Scriptures
Kitsiso Semmuso 2


Kitsiso Semmuso 2

Buka ya ga Momone e ruta gore “botlhe ba a tshwana mo Modimong” go akaretsa “bantsho le basweu, batshwarwa le bagololesegi, nona le tshadi” (2 Nefi 26:33). Mo tsamaong yotlhe ya ditso tsa Kereke, batho ba letso lengwe le lengwe le morafe mo mafatsheng a mantsi ba kolobeditswe mme ba tshedile e le maloko a a boikanyego a Kereke. Ka nako ya botshelo jwa ga Joseph Smith, banna ba bantsho ba se kae ba maloko a Kereke ba ne ba tlhomiwa mo boperesiting. Go le gale mo ditsong tsa yone, Baeteledipele ba Kereke ba ne ba emisa go neela kokomana ya banna ba bantsho ba Aferika boperesiti. Ditshupo tsa Kereke ga di supe ponatshego e e bonalang mo ditshimologong tsa mokgwa o. Baeteledipele ba Kereke ba ne ba dumela gore tshenolo go tswa kwa Modimong e ne e tlhokega go fetola mokgwa o mme ba batla kaelo ka thapelo. Tshenolo e ne ya tla kwa Poresidenteng ya Kereke Spencer W. Kimball mme ya rurifadiwa mo baeteledipeleng ba bangwe ba Kereke mo Tempeleng ya Salt Lake ka Seetebosigo 1, 1978. Tshenolo e ne ya tlosa dikganedi tsotlhe mabapi le letso tse di kileng tsa bo di dirisiwa mo boperesiting.

Go Yo e Ka Mo Amang:

Ka Lwetse 30, 1978, kwa khonforenseng ya Kakaretso ya bo 148 ya Bogare jwa Ngwaga ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, se se latelang se ne sa neelwa ke Poresidente N. Eldon Tanner, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha jwa Kereke:

Mo tshimologong ya Seetebosigo wa ngwaga o, Boporesidente jwa Ntlha bo itsisitse gore tshenolo e ne e amogetswe ke Poresidente Spencer W. Kimball e naya boperesiti le ditshegofatso tsa tempele go banna botlhe ba ba tshwanetseng ba maloko a Kereke. Poresidente Kimball o kopile gore ke gakolole khonforense gore morago ga a sena go amogela tshenolo e, e e tlileng mo go ene morago ga go tlhatlhanya mo go leele le thapelo mo dikamoreng tse di boitshepo tsa tempele e e boitshepo, o ne a e neela bagakolodi ba gagwe, ba ba e amogetseng le go e rurifatsa. Ke gone e ne ya neelwa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, ba ba dumalaneng ka bongwefela jwa pelo, mme morago ya neelwa Balaodi Kakaretso, ba fela jalo ba e dumalaneng ka bongwefela jwa pelo.

Poresidente Kimball o kopile gore jaanong Ke bale lekwalo le:

Seetebosigo 8, 1978

Go botlhe badiredi ba kakaretso le ba boperesiti jwa selegae ba Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo mo lefatsheng lotlhe:

Go Bakaulengwe:

Jaaka re bone koketsego ya tiro ya Morena mo lefatsheng, re itumeletse gore batho ba bantsi baditšhaba ba tsibogetse molaetsa wa efangele e e tsosolositsweng, mme ba ikopantse le Kereke ka dipalo tse di oketsegang nako tsotlhe. Se, ka moo, se re tlhotlheleditse ka keletso ya go naya leloko lengwe le lengwe la Kereke le le tshwanetseng ditshiamelo le ditshegofatso tsotlhe tse efangele e di nayang.

Re itse ditsholofetso tse di dirilweng ke baperofeti le boporesidente ba kereke ba ba tlileng pele ga rona gore ka nako nngwe, mo thulaganyong ya bosakhutleng ya Modimo, bakaulengwe ba rona botlhe ba ba tshwanelang ba ka amogela boperesiti, le go bona boikanyego jwa bao ba neng ba ganetswe ka boperesiti, re kopile ka lobaka le ka tlhoafalo mo boemong jwa ba, bakaulengwe ba rona ba ba boikanyego, re tsere dioura tse dintsi mo kamoreng e e kwa Godimo ya tempele go kokotlelela Morena kaelo ya selegodimo.

O utlwile dithapelo tsa rona, mme ka tshenolo o tlhomamisitse gore letsatsi le le saleng le solofeditswe le fitlhile fa monna mongwe le mongwe yo o boikanyego, yo o tshwanetseng mo Kerekeng a ka amogelang boperesiti jo bo boitshepo, ka thata go dirisa taolo ya selegodimo ya jone, le go itumelela le baratwa ba gagwe tshegofatso nngwe le nngwe e e tswang mo go jone, go akaretsa ditshegofatso tsa tempele. Ka fa tshwanelong, banna botlhe ba maloko a Kereke ba ba tshwanetseng ba ka tlhomiwa mo boperesiting kwa ntle ga kakanyetso ya letso kgotsa mmala. Baeteledipele ba boperesiti ba laelwa go sala morago molao wa potsolotso ka kelotlhoko ya botlhe ba ba akanyeditsweng go tlhomiwa le fa e le mo Boperesiti jwa ga Arone kgotsa jwa ga Melekiseteke go netefatsa gore ba fitlhelela dielo tse di tlhomamisitsweng tsa tshwanelo.

Re bolela ka tlhwaafalo gore Morena jaanong o itsisitse thato ya gagwe ya go segofatsa botlhe bana ba gagwe gotlhe mo lefatsheng ba ba tlaa utlwang lentswe la batlhanka ba gagwe ba ba laotsweng, le go ipaakanyetsa go amogela tshegofatso nngwe le nngwe ya efangele.

Ka boikokobetso,

Spencer W. Kimball

N. Eldon Tanner

Marion G. Romney

Boporesidente jwa Ntlha

Ka re amogela Spencer W. Kimball jaaka moperofeti, molebi, le mosenodi, le moporesidente wa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, go kopiwa gore rona jaaka kemedi ya phuthego re amogele tshenolo e e le lefoko le thato ya Morena. Botlhe ba ba dumalana ka tsweetswee ba supe ka go tsholetsa letsogo la moja. Mongwe yo a ganetsang ka tshupo e e tshwanang.

Tlhopho ya go amogela mogopolo o o beilweng pele e ne ya tlhomamisiwa ka bongwefela jwa pelo.

Salt Lake City, Utah, Lwetse 30, 1978.