Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 121


Tsetlana 121

Thapelo le diperofeso tse di kwadilweng ke Moperofeti Joseph Smith mo lekwalong go Kereke fa a ne a le legolegwa mo kgolegelong kwa Liberty, Missouri, letsatsi la Mopitlo 20, 1839. Moperofeti le bapati ba gagwe ba le mmalwa ba ne ba le mo kgolegelong dikgwedi. Ditopo le maikuelo a bone a a neng a rometswe go ofisi kgolo ya goromente le ba tsa molao di ne di reteletswe ke go ba tsisetsa thuso.

1–6, Moperofeti o kopa Morena mo boemong jwa Baitshepi ba ba bogisegang; 7–10, Morena o bua kagiso mo go bone; 11–17, Go hutsegile botlhe bao ba ba tsosang dipuo tse e seng tsone tsa tlolo kgatlhanong le batho ba Morena; 18–25, Ga ba na go nna le tshwanelo ya boperesiti e bile ba tlaa kgaolwa; 26–32, Ditshenolo tse di galalelang di solofeditswe ba ba itshokang ka go gankafala; 33–40, Ka go reng ba le bantsi ba biditswe mme palo e se kae e itshenketswe; 41–46, Boperesiti bo tshwanetse go dirisiwa fela ka tshiamo.

1 Ao! Modimo, o ko kae? Mme o kae mogope o o bipang boiphitlhelo jwa gago?

2 Ke lobaka lo lo kae le seatla sa gago se tla emisiwang, mme leitlho la gago, ee leitlho la gago le le itshekileng, le bona go tswa mo magodimong a bo sa khutleng ditshiamololo tsa batho ba gago le tsa batlhanka ba gago, mme tsebe ya gago e tsenelelwe ke go gala ga bone?

3 Ee, Ao! Morena, ke lobaka lo lo kae le ba tlaa bogisegelang ditshiamololo le dipatiko tse di seng ka fa molaong, pele ga pelo ya gago e nolofadiwa mo go bone, le maikutlo a gago a nne le bopelotlhomogi mo go bone?

4 Ao! Morena Modimo Mothatayotlhe, mmopi wa legodimo, lefatshe, le mawatle, le wa tsotlhe dilo tseo mo go tsone di leng, le yo o laolang le go tlisa diabole ka fa tlase ga taolo, le lefifi le taolo ya phifalo ya Bobipo—otlolola seatla sa gago; a leitlho la gago le bone; a mogope wa gago o tsewe; a boiphitlhelo bo se bipiwe; a tsebe ya gago e tlhwaege; a pelo ya gago e nolofadiwe, le maikutlo a gago a nne le bopelotlhomogi mo go rona.

5 A bogale jwa gago bo tuke kgatlhanong le baba ba rona; mme, mo tšhakgalong ya pelo ya gago, ka tšhaka ya gago busolosa ditshiamololo tsa rona.

6 Gakologelwa baitshepi ba gago ba ba bogisegang, Ao! Modimo wa rona; mme batlhanka ba gago ba tlaa ipela mo leineng la gago ka bo senang bokhutlo.

7 Morwaaka, a kagiso e nne mo moweng wa gago; tlalelo ya gago le dipogisego tsa gago di tlaa nna fa e se ka lobakanyana;

8 Mme ke gone, fa o di itshokela sentle, Modimo o tlaa go godisa kwa legodimong; o tlaa fenya godimo ga botlhe baba ba gago.

9 Ditsala tsa gago di eme le wena, mme ba tlaa go dumedisa gape ka dipelo tse di itumetseng le diatla tsa botsalano.

10 Ga o ise o nne jaaka Jobe; ditsala tsa gago ga di ganelane le wena, le fa e le go go baya molato wa tlolo, jaaka ba dirile Jobe.

11 Mme bone ba ba go bayang molato wa tlolo, tsholofelo ya bone e tlaa nyelela, mme dikgopolo tsa bone di tlaa nyera jaaka kgokgotshwane e nyera fa pele ga phiso ya marang a tlhabo ya letsatsi;

12 Le gone gore Modimo o tlhomile seatla sa gagwe le sekano go fetola dinako le dipaka, le go foufatsa ditlhaloganyo tsa bone, gore ba seka ba tlhaloganya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang; le gone gore o ka ba leka mme a ba tshwara mo boferefereng jwa bone;

13 Le gone ka ntlha ya gore dipelo tsa bone di bodile, le dilo tse ba eletsang go di tsisa mo go ba bangwe, mme ba rata go bona ba bangwe ba bogisega, di ka wela thata mo go bone;

14 Gore le bone ba ka swaba, mme ditsholofelo tsa bone di kgaolwe;

15 Mme e seng dingwaga tse dintsi go tswa fa, gore bone le kokomana ya bone ba nyelediwe go tswa ka fa tlase ga legodimo, go bua Modimo, gore go se nne ope wa bone yoo tlaa salang go ikaega ka lobota.

16 Go hutsegile botlhe bao ba ba tlaa tsholetsang serethe kgatlhanong le batlodiwa ba me, go bua Morena, mme ba goa gore baleofile le fa ba sa leofa fa pele ga me, go bua Morena, mme ba dirile seo se se lebaneng mo matlhong ame, mme se ke se ke se ba laetseng.

17 Mme bao ba ba goang tlolo ba dira se ka ntlha ya gore ke batlhanka ba sebe, gape ke bone bana ba ba boikgopo.

18 Mme bao ba ba ikanang ka maaka kgatlhanong le batlhanka ba me, gore ba ka ba tlisa mo botlhankeng le loso—

19 Bohutsana mo go bone; gonne ba kgopisitse ba me ba bannye ba tlaa kgaolwa mo ditao tsa ntlo ya me.

20 Seroto sa bone ga se kitla se tlala, matlo a bone le mabolokelo a bone a tlaa nyelela, mme bone ka bo bone ba tlaa hutsiwa ke bao ba ba rethefaditseng.

21 Ga ba kitla ba nna le tshwanelo ya boperesiti, kgotsa kokomana ya bone morago ga bone go tswa tshika tshikeng.

22 Go ka nna molemo mo go ene fa lolwala lo logolo lo ka gokelelwa mo dithamong tsa bone, mme ba latlhelwa mo boteng jwa lewatle.

23 Bohutsana go botlhe bao ba ba tshwenyang batho ba me, mme ba ba leleka, le go ba bolaya, le go paka kgatlhanong le bone, go bua Morena wa Masomosomo; losika lwa dinoga ga lo kitla lo falola tshekiso ya molete.

24 Bonang, matlho ame a bona le go itse ditiro tsotlhe tsa bone, mme ke na le mo mabolokelong katlholo e e bofefo ka nako ya yone, ya bone botlhe;

25 Gonne go na le nako e e laoletsweng motho mongwe le mongwe, go ya ka fa ditiro tsa gagwe di tlaabong di ntse ka teng.

26 Modimo o tlaa lo neela kitso ka Mowa wa gagwe o o Boitshepo, ee, ka neo e e sa ka keng ya tlhalosega ya Mowa o o Boitshepo, e e iseng e senolwe e sale lefatshe le nna teng go fitlhelela jaanong;

27 Eo borraarona mogolwagolwane ba neng ba e lebeletse ka tsholofelo e e fedisang pelo go senolwa mo malatsing a bofelo, e ditlhaloganyo tsa bone di neng di supegeditswe ke baengele, jaaka e beetswe mo mabolokelong botlalo jwa kgalalelo ya bone.

28 Nako e e tla tlang e mo go yone sepe se tlaabong se sa senolwe, kana go na le Modimo a le mongwe kgotsa badimo ba bantsi, go tlaa bonatswa.

29 Magosi otlhe le ditaolo, magosana le dithata, di tlaa senolwa le go tlhongwa mo go botlhe ba ba itshokileng ka go tsepama mo efangeleng ya ga Jeso Keresete.

30 Mme le gone, fa go na le melelwane e e thomilweng mo magodimong kgotsa go mawatle, kgotsa go komelelo, kgotsa go letsatsi, ngwedi kgotsa go dinaledi—

31 Tsotlhe dinako tsa medikologo ya tsone, malatsi otlhe a a tlhomilweng, dikgwedi, le dingwaga, le malatsi otlhe a malatsi a tsone, dikgwedi, le dingwaga, le tsotlhe dikgalalelo tsa tsone, melao, le dinako tse di tlhomilweng, di tlaa senolwa mo malatsing a tebalebelo ya botlalo jwa dinako—

32 Go ya ka seo se se neng se tlhomilweng mo gare ga Lekgotla la Modimo wa Bo sa khutleng wa botlhe ba bangwe medimo pele ga lefatshe le nna teng, tse di tshwanentseng go bolokelwa mo phetsong le bokhutlo jaanong, mogang motho mongwe le mongwe a tlaa tsenang mo boleng teng jwa gagwe jwa bo sa khutleng le mo tapologong ya gagwe ya bosasweng.

33 Ke lobaka lo le kae le metsi a elelang a ka nnang a sa itsheka? Ke thata e fe e e tlaa thibelang magodimo? Ke jaaka go ka twe motho a ka otlolola seatla sa gagwe se se bokowa go emisa noka ya Missouri go elelela ga yone mo go laotsweng, kgotsa a fetole ko elelelang teng, jaaka e ka re o ka kgoreletsa Mothatayotlhe go goromeletsa kitso e e tswang kwa legodimong mo ditlhogong tsa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

34 Bonang, ba bantsi ba ba biditsweng, mme ke ba se kae fela ba ba itshenketsweng. Mme ke eng ba sa itshenkelwa?

35 Gonne dipelo tsa bone di tlhomilwe segolo mo dilong tsa lefatshe le, mme ba nyorelwa ditlotla tsa batho, ka jalo ga ba ithute thuto e—

36 Gore ditshwanelo tsa boperesiti di kopantswe di sa kgaoganngwe le dithata tsa legodimo, le gore dithata tsa legodimo ga di ka ke tsa laolwa le fa e le go tshegediwa fela fa e se mo melawaneng ya tshiamo.

37 Gore di ka neelwa mo go rona, ke boammaaruri; mme fa re emela go bipa dibe tsa rona, kgotsa go kgatlha boikgogomoso jwa rona, boikgodiso jwa boithamako jwa rona, kgotsa go gagamatsa taolo kgotsa puso kgotsa patelelo mo meweng ya bana ba batho, mo selekanyong sepe sa tshiamololo, bonang, magodimo a ikgogela morago; Mowa wa Morena o a hutsafala; mme e re o ikgogetse morago, Amene go boperesiti kgotsa taolo ya monna yoo.

38 Bonang, pele fa a lemoga, a tlogelwe a le nosi, go raga kgatlhanong le ditlhabi, go bogisa baitshepi, le go lwa kgatlhanong le Modimo.

39 Re lemogile ka maitemogelo a a botlhoko gore ke tlholego le mokgwa mo e ka nnang mo bathong botlhe, fela jaaka fa ba sena go amogela taolo e nnyennyane, jaaka ba gopotse, gone fela foo ba simolola go dirisa taolo ya tshiamololo.

40 Ka jalo ba bantsi ba bidiwa, mme ba se kae ba itshenkelwa.

41 Ga gona thata kgotsa thotloetso e e ka kgotsa e tshwanetseng go tshegediwa ka tshwanelo ya boperesiti, fa e se fela ka tlhotlheletso, ka bopelotelele, ka bopelonomi le pelonolo, le ka lorato le le senang boitimokanyi;

42 Ka bopelontle, le ka kitso ya boammaaruri, e e tlaa godisang mowa bogolo go sena boitimokanyi, e bile go sena boferefere—

43 O kgalemela go sa le gale ka bogale, fa o tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo; mme ke gone o supe morago koketsego ya lorato mo go ene yo o mo kgalemelang, e sere kgotsa a go kae o le mmaba wa gagwe;

44 Gore a ka itse fa boikanyego jwa gago bo le thata bogolo go dikgole tsa loso.

45 A pelo ya gago le yone e tlale ka lorato go batho botlhe, le go ba ntlo ya tumelo, mme a molemo o kgabise dikakanyo tsa gago ka go sa khutleng; ke gone boikanyo jwa gago bo tlaa gola mo boleng teng jwa Modimo; mme thuto ya boperesiti e tlaa nya mo meweng wa gago jaaka monyo go tswa legodimong.

46 Mowa o o Boitshepo o tlaa tswelela e nna mopati wa gago, le thobane ya gago thobane e e sa fetogeng ya tshiamo le boammaaruri; mme taolo ya gago e tlaa nna taolo ya bo sa khutleng, mme e seng ka mokgwa wa patelelo e tlaa fologela go wena ka metlha le metlha.