Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 21


Tsetlana 21

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Fayette, New York, Moranang 6, 1830. Tshenolo e e neetswe ka nako ya go rulaganngwa ga Kereke, mo letsatsing le le builweng, mo lwapeng lwa ga Peter Whitmer Sr. Banna ba le barataro, bao ba ba neng ba kolobeditswe go le pele, ba ne ba tsayakarolo. Ka bongwefela jwa tlhopho batho ba ba ne ba supa keletso ya bone le maikaelelo a go rulaganya, go ya ka taelo ya Modimo (bona tsetlana 20). Ba ne le gone ba tlhopha go amogela le go etleetsa Joseph Smith Jr. le Oliver Cowdery jaaka baokamedi ba diofisi tsa Kereke. Ka go baya diatla, Joseph ke gone a tlhoma Oliver mogolwane wa Kereke, mme Oliver ka tsela yone eo a tlhoma Joseph. Morago ga tirelo ya sakaramente, Joseph le Oliver ba baya diatla mo ba tlhakaneding ka bongwe ka bongwe go ba neela Mowa o o Boitshepo le go tlhomamisa mongwe le mongwe wa bone jaaka leloko la Kereke.

1–3, Joseph Smith o bidiwa go nna molebi, moranodi, moperofeti, moaposetole, le mogolwane; 4–8, Lefoko la gagwe le tlaa kaela ntlha ya Sione; 9–12, Baitshepi ba tlaa dumela mafoko a gagwe fa a bua ka tlhotlheletso ya Mogomotsi.

1 Bonang, go tlaa nna le tshupo e e tshegeditswe mo go lona; mme mo go yone o tlaa bidiwa molebi, moranodi, moperofeti, moaposetole wa ga Jeso Keresete, mogolwane wa kereke ka thato ya Modimo Rara le tshegofatso ya Morena wa gago Jeso Keresete,

2 O tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo go thaya motheo wa yone, le go e agela mo tumelo e e boitshepo thata.

3 Kereke e e neng ya rulaganngwa le go tlhomamisiwa mo ngwageng wa Morena wa gago makgolo a le lesome le ferabobedi le masome a mararo, mo kgweding ya bone, ka letsatsi la borataro la kgwedi e e bidiwang Moranang.

4 Ke gone, ke raya kereke, lo tlaa tlhokomela mafoko a gagwe otlhe le ditaelo tse a tlaa lo di neelang jaaka a di amogela, ka boitshepo jotlhe fa pele ga me;

5 Gonne lefoko la gagwe lo tlaa le amogela, jaaka e kete le tswa mo molomong wa me, ka bopelotelele jotlhe le tumelo.

6 Gonne ka go dira dilo tseno dikgoro tsa molete ga di kitla di le fenya; ee, e bile Morena Modimo o tlaa tlosa dithata tsa lefifi go tswa fa pele ga lona, le go dira magodimo gore a tshikinyegele molemo wa lona, le kgalalelo ya leina la gagwe.

7 Gonne Morena Modimo o bua jaana: Ene ke mo tlhotlheleditse go tsamaisa ntlha ya Sione ka maatla a mothataotlhe go dira molemo, mme tlhwaafalo ya gagwe ke a e itse, le dithapelo tsa gagwe ke di utlwile.

8 Ee, go lelela Sione ga gagwe ke go bone, mme ke tlaa dira gore a se ka a tlhola a mo hutsafalela; gonne malatsi a gagwe a go itumela a tlile ka ntlha ya boitshwarelo jwa dibe tsa gagwe, le diponatshegelo tsa ditshegofatso mo ditirong tsa gagwe.

9 Gonne, Bonang, Ke tlaa segofatsa botlhe bao ba ba dirang mo tshimong ya me ya mofine ka tshegofatso e kgolo, mme ba tlaa dumela mo mafokong a gagwe, a a a neelwang ke nna ka Mogomotsi, o o bonatshang gore Jeso o bapoletswe dibe tsa lefatshe ke batho ba ba boleo, ee, go tlisa boitshwarelo jwa dibe tsa ba ba pelo e e ngomogileng.

10 Ke gone go a ntshwanela gore o tshwanetse go tlhomiwa ke wena, Oliver Cowdery moaposetole wa me;

11 Se e le tao mo go wena, gore o mogolwane ka fa tlase ga seatla sa gagwe, ene e le wa ntlha mo go wena, gore o nne mogolwane mo kerekeng e ya ga Keresete, e e supang leina la me—

12 Le moreri wa ntlha wa kereke e mo kerekeng, le fa pele ga lefatshe, ee, fa pele ga Baditšhaba; ee, mme go bua jaana Morena Modimo, bona, bona! go Bajuta le bone. Amene.