Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 73


Tsetlana 73

Tshenolo e e neetswe Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Hiram, Ohio, Hirikgong 10, 1832. E sale go sa le pele mo karolong ya tshimologo ya Sedimonthole o o fetileng, Moperofeti le Sidney ba ne ba tshwaragane le go rera, mme ka mokgwa o go ne go dirilwe mo gontsi go fokotsa maikutlo a e seng one a a neng a tsogileng kgatlhanong le Kereke (bona setlhogo sa tsetlana 71).

1–2, Bagolwane ba tshwanetse go tswelela ba rera; 3–6, Joseph Smith le Sidney Rigdon ba ba tshwanetse go tswelela ba ranola Baebele go fitlhelela ba fetsa.

1 Gonne ammaaruri, go bua jaana Morena, go tshwanetse mo go nna gore ba tswelele ba rera efangele, le go kgothatsa dikereke mo dikgaolong tse di mo tikologong, go fitlhelala ka khonferense;

2 Mme ke gone, bonang, go tlaa itsisiwe, ka lentswe la khonferense, dithomo tsa bone tse di farologanyeng.

3 Jaanong, ammaaruri ke a lo raya batlhanka ba me, Joseph Smith Jun., le Sidney Rigdon, go bua Morena, go tshwanetse gore lo ranole;

4 Mme, e re ka go kgonega, go rera mo dikgaolong tse di mo tikologong go fitlhelela ka khonferense; mme morago ga foo go tshwanetse go tsweledisa tiro ya thanolo go fitlha e fediwa.

5 Mme se a e nne sekao mo bagolwaneng go fitlhelela ba amogela kitso e nngwe gape, fela jaaka go kwadilwe.

6 Jaanong ga Ke sa tlhole ke lo neela ka nakong e. Tlamang matheka a lona mme nna boitekanelo. Fela jalo. Amene.