Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 117


Tsetlana 117

Tshenolo e e neetsweng ka Joseph Smith, kwa Far West, Missouri, Phukwi 8, 1838, mabapi le ditiro tsa ka pela tsa ga William Marks, Newel K. Whitney, le Oliver Granger.

1–9, Batlhanka ba Morena ga ba a tshwanela go eletsa dilo tsa lobaka lono fela, gonne “thoto ya bo e le eng mo go Morena?”; 10–16, Ba tshwanelwa ke go tlogela go tlhoka semowa, mme ditlhabelo tsa bone di tlaa nna boitshepo go Morena.

1 Ammaaruri jaana go bua Morena go motlhanka wa me William Marks, mme le gone go motlhanka wa me Newel K. Whitney, a ba rulaganye tiro tsa bone ka bonako mme ba tsamaye go tswa mo lefatsheng la Kirtland, pele ga Nna, Morena, ke romela gape dikapoko mo lefatsheng.

2 A ba kubuge, mme ba nanoge, e bile ba tswe, mme ba se diege, gonne Nna, Morena, ke laotse.

3 Ke gone ka moo, fa ba diega ga go kitla go nna sentle mo go bone.

4 A ba ikwatlhaele dibe tsa bone tsotlhe, le dikeletso tsa bone tsotlhe tsa bopelotshetlha, fa pele ga me, go bua Morena; gonne thoto ya bo e le eng mo go nna? go bua Morena.

5 A dithoto tsa Kirtland di rekisediwe go duela dikoloto, go bua Morena. A di ntshiwe, go bua Morena, mme sengwe le sengwe se se salang, a se sale mo diatleng tsa lona, go bua Morena.

6 Gonne a ga ke na dinonyane tsa legodimo, mme le gone ditlhapi tsa lewatle, le dibatana tsa dithaba? A ga ke a dira lefatshe? A ga ke a tshegetsa diphitlhelelo tsa batlhabani botlhe ba ditšhaba tsa lefatshe?

7 Ke gone ka moo, ga ke kitla ke dira mafelo a a lokgere go kukunya le go thunya, le go ungwa ka letlotlo? go bua Morena.

8 A ga gona bonno jo bo lekaneng mo dithabeng tsa Adam-ondi-Ahman, le mo mabaleng a Olaha Shinehah, kgotsa lefatshe le Atamo a ne a nna mo go lone, gore lo ka eletsa seo se e leng lerothodi, mme lo itlhokomolosa dilo tse di boima bogolo?

9 Ke gone ka moo, tlhatlogelang kwano mo lefatsheng la batho ba me, e bong Sione.

10 A motlhanka wa me William Marks a nne boikanyego mo dilong di se kae, mme o tlaa nna mmusi wa dilo tse dintsi. A a okamele mo gare ga batho ba me mo toropong ya Far West, mme a segofale ka ditshegofatso tsa batho ba me.

11 A motlhanka wa me Newel K. Whitney a tlhabiwe ke ditlhong tsa setlhopha sa Nicolaitane le ditiro tsotlhe tsa bone tsa tse di makgapha tsa sephiri, le jotlhe bonnyennye jwa mowa wa gagwe fa pele ga me, go bua Morena, mme a tlhatlogele mo lefatsheng la Adam-ondi-Ahman, mme a nne bishopo wa batho ba me, go bua Morena, e seng ka leina mme ka ditiro, go bua Morena.

12 Mme gape, ke a lo raya, ke gakologelwa motlhanka wa me Oliver Granger, bonang, ammaaruri ke a mo raya gore leina la gagwe le tlaa tshegediwa ka kgakologelo e e boitshepo go tswa tshika tshikeng, ka bosenang bokhutlo le ka bosaeengkae, go bua Morena.

13 Ke gone ka moo, a a ganelane ka tlhwaafalo ka ga thekololo ya Boporesidente jwa Ntlha jwa Kereke ya me, go bua Morena; mme fa a wa o tlaa tsoga gape, gonne setlhabelo sa gagwe se tlaa nna boitshepo thata mo go nna bogolo go katlego ya gagwe, go bua Morena.

14 Ke gone ka moo, a a tlhatlogele kwano ka bonako, mo lefatsheng la Sione; le mo nakong e e tshwanetseng o tlaa dirwa mogwebi mo leineng la me, go bua Morena, go thuso ya batho ba me.

15 Ke gone ka moo a monna ope a se nyatse motlhanka wa me Oliver Granger, mme a ditshegofatso tsa batho ba me di nne mo go ene ka bosenang bokhutlo.

16 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, a botlhe batlhanka ba me mo lefatsheng la Kirtland ba gakologelwe Morena Modimo wa bone, mme le yone ntlo ya me, go e tshegetsa le go e dibela e le boitshepo, le go diga baananyi ba madi mo nakong ya me e e tshwanetseng, go bua Morena. fela jalo. Amene.