Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 32


Tsetlana 32

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Parley P. Pratt le Ziba Peterson, mo Manchester, New York, go sale gale ka Phalane 1830. Kgatlhego e kgolo le dikeletso di ne tsa itemogelwa ke bagolwane mabapi le Balamane, bao ditshegofatso tsa bone tse di boleletsweng pele Kereke e di ithutile mo Bukeng ya ga Momone. Mo ditlamoragong, thapelo e ne ya dirwa, gore Morena o ka supa thato ya Gagwe gore a ke bagolwane ba romelwe ka nako e o kwa merafeng ya Mantariana kwa bophirima. Tshenolo e e ne ya latela.

1–3, Parley P. Pratt le Ziba Peterson ba biditswe go rerela Balamane le go pata Oliver Cowdery le Peter Whitmer Jr.; 4–5, Ba tshwanetse go rapelela go tlhaloganya dikwalo tse di boitshepo.

1 Mme jaanong mabapi le motlhanka wa me Parley P. Pratt, bona, ke a mo raya gore fela jaaka ke tshedile Ke rata gore a bolele efangele ya me mme a ithute mo go nna, e bile a nne bonolo le boingotlo mo pelong.

2 Mme seo se Ke se mo laoletseng ke gore a tsamaye le batlhanka ba me, Oliver Cowdery le Peter Whitmer, Jun., mo nageng mo gare ga Balamane.

3 Mme Ziba Peterson le ene o tlaa tsamaya le bone; mme nna ka sebele ke tlaa tsamaya le bone ke le mo gare ga bone; mme ke mmueledi wa bone le Rara, mme ga go na sepe se se tlaa ba fenyang.

4 Mme ba tlhokomele seo se se kwadilweng, mme ba se ka ba ipaya mo go epe e nngwe tshenolo; mme ba rapele ka metlha gore ke tle ke phutolole gone moo gore ba tlhaloganye.

5 Mme ba tlhokomele mafoko a e bile ba se a tshamekise, mme ke tlaa ba segofatsa. Amene.