Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 94


Tsetlana 94

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Phatwe 2, 1833. Hyrum Smith, Reynolds Cahoon, le Jared Carter ba tlhomiwa jaaka komiti ya kago ya Kereke.

1–9, Morena o neela taelo mabapi le go agiwa ga ntlo ya tiro ya Boporesidente; 10–12, Ntlo ya kgatiso e tshwanetse go agiwa; 13–17, Boswa bongwe bo a abiwa.

1 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, ditsala tsa me, Ke lo neela taelo, gore lo simolole tiro ya go dira lenaneo le go baakanyetsa tshimologo le motheo wa toropo ya lomapo la Sione, fa mo lefatsheng la Kirtland, go simolola kwa ntlong ya me.

2 Mme bonang, e tshwanetse go dirwa go ya ka sekao se Ke se lo neetseng.

3 Mme a setsha sa ntlha mo borwa ke se tshwaelelwe go aga ntlo ya boporesidente, ya tiro ya boporesidente, gore ba amogele ditshenolo; le gore ba dire tiro ya tirelo ya boporesidente, mo dilong tsotlhe tse e leng tsa kereke le bogosi.

4 Ammaaruri Ke a lo raya, gore e tlaa agiwa dikgato tse di masome a matlhano le botlhano ka masome a marataro le botlhano ka bophara jwa yone le boleele jwa yone, mo lelwapaneng.

5 Mme go nne le lolwapana ko tlase le lolwapana kwa godimo, go ya ka sekao se lo tlaa se neelwang morago ga fa.

6 Mme e tshwaelwe Morena go tsweng ko motheong wa yone, go ya ka thulaganyo ya boperesiti, go ya ka sekao se lo tlaa se neelwang morago ga fa.

7 Mme yotlhe e tshwaelwe Morena e le ya tiro ya boporesidente.

8 Mme ga lo kitla lo leseletsa selo sepe se se leswafetseng go tsena mo go yone; mme kgalalelo ya me e tla nna mo go yone, le boleng teng jwa me bo tlaa mo go yone.

9 Mme fa go ka tla sengwe se se leswafetseng mo go yone, kgalalelo ya me ga e kitla e nna mo go yone; le boleng teng jwa me ga bo kitla bo nna mo go yone.

10 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, setsha sa bobedi se se ka fa borwa ke se tshwaelwe go nkagela ntlo, ya go direla tiro ya kgatiso ya thanolo ya dikwalo tse di boitshepo, le dilo tsotlhe tsa sengwe le sengwe se ke tlaa se lo laolelang.

11 Mme e tlaa nna dikgato tse di masome a matlhano le botlhano ka masome a marataro le botlhano ka bophara jwa yone le boleele jwa yone, mo lelwapeng la ka fa teng, gape go tla nna le lolwapana kwa tlase le lolwapana kwa godimo.

12 Mme ntlo e yotlhe e tshwaelwe Morena go tsweng kwa motheong wa yone, ya go direla tirong ya kgatiso, mo dilong tshotlhe tsa sengwe le sengwe se ke tlaa lo se laolelang, go nna boitshepo, e sa itshekololwe, go ya ka sekao mo dilong tsotlhe jaaka lo tlaa neelwa.

13 Mme mo setsheng sa boraro motlhanka wa me Hyrum Smith o tlaa amogela boswa.

14 Mme mo setsheng sa ntlha le sa bobedi mo bokone batlhanka ba me Reynolds Cahoon le Jared Carter ba amogele boswa jwa bone—

15 Gore ba dire tiro e ke ba e laoletseng, go nna komiti go aga matlo ame, go ya ka taolo, e Nna, Morena Modimo, ke lo e neetseng.

16 Matlo a mabedi ga a tshwanela go agwa go fitlhela ke lo neela taolo mabapi le one.

17 Mme jaanong ga Ke sa tlhole ke lo neela mo nakong e. Amene.