Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 77


Tsetlana 77

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, e ka ne e le ka Mopitlo 1832. Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela, “ Go amanang le thanolo ya Dikwalo tse di Boitshepo, Ke ne ka amogela tlhaloso e e latelang ya Tshenolo ya ga Moitshepi Johane.”

1–4, Dibatana di na le mewa mme di tlaa nna mo boitumelong jwa bo sa khutleng; 5–7, Lefatshe le le na le ponalo ya dingwaga tse 7,000; 8–10, Baengele ba ba farologanyeng ba buseleditse efangele le go direla mo lefatsheng; 11, Go kaniwa ga ba ba 144,000; 12–14, Keresete o tlaa tla mo tshimologong ya dingwaga tse di dikete tse supa; 15, Baperofeti ba babedi ba tlaa tsosediwa tšhaba ya Bajuta.

1 P. Lewatle la galase le Johane a buileng ka lone, mo kgaolong ya bone, temana ya borataro ya mo lokwalong la Tshenolo ke eng?K. Ke lefatshe, mo seemong sa lone se se itshepisitsweng, sa bosasweng, le sa bo sa khutleng.

2 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka dibatana tse nne, tse go builweng ka tsone mo temaneng eo?K. Ke di puo tshwantshiso, tse di dirisitsweng ke Mosenodi, Johane, mo go tlhaloseng legodimo, parataise ya Modimo, boitumelo jwa Motho, le jwa dibatana, le jwa dilo tse digagabang, le jwa dinonyane tsa loapi; tseo tse e leng semowa mo setshwanong sa seo se e leng sa lobaka lono fela; le seo se e leng sa lobaka lono fela mo setshwanong sa seo se e leng sa semowa; mowa wa motho mo setshwanong sa mong, jaaka le gone mowa wa sebatana, le tse dingwe dibopiwa tse Modimo a di bopileng.

3 P. A dibatana tse nne di kaya fela dibatana ka bongwe, kgotsa a di emetse ditlhopha kgotsa dithulaganyo?K. Di kaya dibatana tse nne ka bongwe, tseo di supegeditsweng Johane, di emetse kgalalelo ya ditlhopha tsa ditshedi mo thulaganyong ya tsone e e tlhomilweng kgotsa boremelelo jwa lobopo, mo go jeng monate ga tsone ga boitumelo jo bosakhutleng.

4 P. Re tshwanetse ra tlhaloganyang eng ka matlho le diphuka, tse dibatana di neng di na le tsone?K. Matlho a tsone ke sekao sa lesedi le kitso, ke gore, ditletse kitso; mme diphuka tsa tsone ke sekao sa thata, go tsamaya, go dira, jalo jalo.

5 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka bagolwane ba bane le masome a mabedi, ba go builweng ka bone ke Johane?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore bagolwane ba Johane a ba boneng, ke bagolwane ba ba neng ba le boikanyego mo tirelong ya bone mme ba tlhokafetse; ba e leng ba dikereke tse supa, mme ka nako eo ba ne ba le mo parataiseng ya Modimo.

6 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka buka e Johane a e boneng, e e neng e kanwe ka fa morago ka dikano tse supa?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore e na le thato e e senotsweng, masaitsiweng, le ditiro tsa Modimo; dilo tse di fitlhegileng tsa itsholelo mabapi le lefatshe le ka nako ya dingwaga tse disekete tse supa tsa go tswelela ga lone, kgotsa go nna teng ga lobaka leno fela.

7 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka dikano tse supa tse di neng di kannwe ka tsone?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore sekano sa ntlha se na le dilo tsa sekete sa ntlha, sa bobedi le sone sa sekete sa bobedi sa dingwaga, le go ya jalo go fitlha go tse supa.

8 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka baengele ba bane, ba go builweng ka bone mo kgaolong ya 7, temana ya 1 ya lekwalo la ga Tshenolo?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore ke baengele ba bane ba ba rometsweng go tswa kwa Modimong, ba ba neetsweng taolo mo dikgaolong tse nne tsa lefatshe, go boloka botshelo le go senya; bano ke bone ba ba nang le efangele e e sa khutleng go e neela tšhaba nngwe le nngwe, lotso, teme, le batho; ba na le thata go tswala magodimo, go kanela mo botshelong, kgotsa go latlhela mo dikgaolong tsa lefifi.

9 P. Re tshwanetse go tlhaloganya eng ka moengele yo o tlhatlhogang go tswa botlhabatsatsi, Lekwalo la ga Tshenolo kgaolo 7 temana 2?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore moengele yo o tlhatlhogang go tswa botlhaba ke yo mo go ene go neetsweng sekano sa Modimo yo o tshelang mo godimo ga merafe e masome a mabedi ya Iseraele; ke gone, a goela go baengele ba bane, a re: Lo seka lwa tlhokofatsa lefatshe, le fa e le lewatle, le fa e le ditlhare, go fitlhelela re kanne batlhanka ba Modimo wa rona mo diphatleng tsa bone. Mme, fa lo rata go amogela se, yo o ke ene Eliase yo o neng a tshwanetse go tla go phutha merafe ya Iseraele le go tsosolosa dilo tsotlhe.

10 P. Dilo tse di builweng mo kgaolong e di tlaa diragadiwa leng?K. Di tshwanetse go diragadiwa mo dingwageng tsa dikete tse thataro, kgotsa go bula sekano sa borataro.

11 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka go kaniwa ga ba ba lekgolo le masome a mane le bone a sekete, go tswa mo merafeng yotlhe ya Iseraele—dikete tse di lesome le bobedi go tswa mo morafeng mongwe le mongwe?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore bao ba ba kannweng ke baperesiti ba bagolo, ba tlhomilwe mo thulaganyong e e boitshepo ya Modimo, go laola efangele e e sa khutleng; gonne bano ke bone ba ba tlhomilweng go tswa mo tšhabeng nngwe le nngwe, lotso, teme le batho, ka baengele ba ba neetsweng taolo mo ditšhabeng tsa lefatshe, go tlisa bontsi jo bo ratang go tla mo kerekeng ya Motsalwapele.

12 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka go gelebetega ga porompeta, mo go builweng mo kgaolo 8 ya Tshenolo?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore fela jaaka Modimo a dirile lefatshe ka malatsi a le marataro, mme ka letsatsi la bosupa a wetsa tiro ya gagwe, mme a le itshepisa, mme le gone a bopa motho go tswa mo leroleng la lefatshe, fela jalo mo tshimologong ya dingwaga tse di sekete tse supa Morena Modimo o tlaa itshepisa lefatshe, mme a swetse poloko ya motho, le go atlhola dilo tsotlhe, mme o tlaa rekolola dilo tsotlhe, fa e se fela tseo tse a sa di bayang mo taolong ya gagwe, fa a sena go kana dilo tsotlhe, go ya bokhutlong jwa dilo tsotlhe; le go gelebetega ga porompeta ya baengele ba supa ke paakanyetso le go wetsa tiro ya gagwe, mo tshimologong ya dingwaga tse di sekete tse supa—paakanyetso ya tsela pele ga nako ya go tla ga gagwe.

13 P. Dilo tse di kwadilweng mo kgaolong 9 ya Tshenolo di tlaa diragadiwa leng?K. Di tshwanetse go diragadiwa fa go sena go bulwa sekano sa bosupa, pele ga go tla ga ga Keresete.

14 P. Re tshwanetse ra tlhaloganya eng ka bukanyana e e jelweng ke Johane, jaaka go builwe mo kgaolong 10 ya Tshenolo?K. Re tshwanetse ra tlhaloganya gore ke thomo, le tao, ya gagwe go phutha merafe ya Iseraele; bonang, yo o ke Eliase, yo o, jaaka go kwadilwe, a tshwanetseng go tla mme a tsosolose dilo tsotlhe.

15 P. Go tshwanetswe ga tlhalogangwa eng ka basupi ba babedi, mo kgaolong ya lesome le motso ya Tshenolo?K. Ke baperofeti ba babedi bao ba tlaa tsosediwang tšhaba ya Bajuta mo malatsing a bofelo, ka nako ya tsosoloso, le go perofesetsa Bajuta fa ba sena go phuthiwa e bile ba agile toropo ya Jerusalema mo lefatsheng la borraabone.