Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 127


Tsetlana 127

Lekwalo go tswa mo go Moperofeti Joseph Smith go Baitshepi ba Malatsi a Bofelo kwa Nauvoo, Illinois, le le nang le dikaelo tsa kolobetso mo boemong jwa baswi, le kwadilwe kwa Nauvoo, Lwetse 1, 1842.

1–4, Joseph Smith o itumelale mo pogisong le pitlagano; 5–12, Dipego di tshwanetse go bewa mabapi le dikolobetso mo boemong jwa baswi.

1 E re ka Morena a ntshenoletse gore baba ba me, gotlhe kwa Missouri le mo Kgaolong e, ba ne gape ba ntatela; mme e re ka ba ntatela ka bomo, mme ba sena le fa e le moritinyana kgotsa mmala wa tshiamo kgotsa tshwanelo mo letlhakoreng la bone go ntshekisa; mme e re ka maipato otlhe a bone a remeletse mo maakeng a mantshonyana, Ke akantse gore go a tshwanela e bileke tlhalefo mo go nna go tloga mo lefelong ka lobakanyana, ka ntlha ya tshireletsego ya me le tshireletsego ya batho ba. Ke rata go raya botlhe ba ke nang le papadi le bone, gore ke tlogetse merero ya me le baemedi le bakwaledi ba ba tlaa diragatsang papadi yotlhe ka mokgwa o o bofefo e bile o siame, mme ba tlaa bona gore dikoloto tsotlhe tsa me di a duelwa mo nakong ya tshiamelo, ka go neela dithoto, kgotsa ka go sele, jaaka seemo se letla, kgotsa jaaka ditiragalo di ka letla. Fa ke itse gore gotlhelele setsuatsuwe se fetile, ke gone ke tlaa boela kwa go lona gape.

2 Mme fa e le dipoitshego tse ke lebaganweng ke go di ralala, di lebega e le selo se sennye mo go nna, gonne letlhoo le tšhakgalo tsa batho ke tse ke di tlwaetseng malatsi otlhe a go tshela ga me; mme ka goreng go lebega e le masaitsiweng, fa e se gore go tswa pele ga motheo wa lefatshe ke tlhometswe molemo mongwe, kgotsa bosula, ka fa o ka bonang ka teng. Ikatlholeleng lona. Modimo o itse dilo tse tsotlhe, gore a di molemo kgotsa di bosula. Mme le fa go ntse jalo, go thuma mo metsing a a boteng ke go tlwaetse. Gotlhe e setse e le bontlha bongwe jwa botshelo jwa me; mme ke ikutlwa, jaaka Paulo, go itumela le mo pitlaganong; gonne go fitlha letsatsi le Modimo wa borre o nkgolotse mo go tsone tsotlhe, mme o tlaa nkgolola go tswa fa; gonne bonang, mme lebang, ke tlaa fenya baba ba me botlhe, gonne Morena Modimo o go boletse.

3 A baitshepi botlhe ba ipele, ke gone ka moo, mme ba itumele thata; gonne Modimo wa Iseraele ke Modimo wa bone, mme o tlaa lekanyetsa tuelo ya tefiso e e lekalekaneng mo ditlhogong tsa botlhe bapatiki ba bone.

4 Mme gape, ammaaruri go bua jaana Morena: A tiro ya tempele ya me, le ditiro tsotlhe tse ke di le laoletseng, di tsweledisiwe mme di seka tsa emisiwa; mme a tlhwaafalo ya lona, le boitshoko jwa lona, le bopelotelele, le ditiro tsa lona di oketsege gabedi, mme ga lo kitla ka gope lo latlhegelwa ke tuelo ya lona, go bua Morena wa Masomosomo. Mme fa ba le bogisa, ba bogisitse fela jalo baperofeti le basiami ba ba neng ba le pele ga lona. Ka ga tsotlhe tse go na le tuelo kwa legodimong.

5 Mme gape, ke lo neela lefoko mabapi le kolobetso mo boemong jwa baswi ba lona.

6 Ammaaruri, go bua jaana Morena mo go lona mabapi le baswi ba lona: Fa mongwe wa lona a kolobediwa mo boemong jwa baswi ba lona, a go nne le mokwaledi, mme a e nne mosupi wa dikolobetso tsa lona; a a utlwe ka ditsebe tsa gagwe, gore o ka paka ka boammaaruri, go bua Morena;

7 Gore mo mekwalong yotlhe ya lona go ka kwalwa kwa legodimong, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng, se ka bofiwa kwa legodimong; le fa e le eng se le se bofololang mo lefatsheng, se ka bofololwa kwa legodimong;

8 Gonne ke tloga ke buseletsa dilo di le dintsi mo lefatsheng, mabapi le boperesiti, go bua Morena wa Masomosomo.

9 Mme gape, a ditshupo tsotlhe di tshegediwe ka thulaganyo, gore di ka bewa mo mabeelong a ditso tsa tempele ya me e e boitshepo, go tshegediwa mo kgakologelong go tswa tshika tshikeng, go bua Morena wa Masomosomo.

10 Ke tlaa raya baitshepi botlhe ke re, ke eleditse, ka keletso e kgolo thata, go ka bo ke ba buisitse ke le mo setlhomong ka setlhogo sa kolobetso mo boemong jwa baswi, ka Sabata o o latelang. Mme e re ka e se ka thata ya me go dira jalo, ke tlaa kwala lefoko la Morena go tswa nako le nako, mo setlhogong seo, mme ke le romele kwa go lona ka poso, ga mmogo le dilo tse dingwe tse dintsi.

11 Jaanong ke tswala lekwalo la me ka nako e, ka go tlhoka nako e ntsi; go nne mmaba o podi matseba, mme jaaka Mmoloki a buile, kgosana ya lefatshe le e e tla, mme ga a na sepe mo go nna.

12 Bonang, thapelo ya me mo Modimong ke gore lona lotlhe lo ka bolokwa. Mme ke ikaya ke le motlhanka wa lona mo Moreneng, moperofeti le molebi wa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

Joseph Smith.