Scriptures
Ketapele


Ketapele

Dithuto le Dikgolagano ke kgobokanyo ya ditshenolo tsa selegodimo le dikitsiso tse di tlhotlheleditsweng di neetswe go tlhomamisa le go laola bogosi jwa Modimo mo lefatsheng mo malatsing a bofelo. Lentswa bontsi jwa ditsetlana di lebagantswe le maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, melaetsa, ditlhagiso le dikgothatso ke tsa go thusa batho botlhe e bile di na le taletso go batho botlhe gongwe le gongwe go utlwa lentswe la Morena Jeso Keresete, le bua le bone ka ga boitekanelo jwa lobaka lono fela le poloko ya bone e e sa khutleng.

Bontsi jwa ditshenolo mo kgobokanyong e di ne di amogetswe ka Joseph Smith Jr., moperofeti wa ntlha le poresidente ya ntlha ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Tse dingwe di ne tsa neelwa ka bangwe ba batlhatlhami ba gagwe mo Boporesidenteng. (bona ditlhogo tsa D&D 135, 136, le 138, le Kitsiso Semmuso 1 le 2).

Buka ya Dithuto le Dikgolagano ke nngwe ya mekgele ya ditiro tsa Kereke mo pataganong le Baebele e e Boitshepo, Buka ya ga Momone, le Perela e e Tlhwatlhwa Kgolo. Le fa go ntse jalo, Dithuto le Dikgolagano ke tsone fela tsa mofuta o gonne ga se thanolo ya mekwalo ya bogologolo, mme ke ya tshimologo ya segompieno mme e neetswe ke Modimo ka baperofeti ba Gagwe ba ba itshenketsweng go tsosolosa tiro ya Gagwe e e boitshepo le go tlhomamisa bogosi jwa Modimo mo lefatsheng mo malatsing ano. Mo ditshenolong, mongwe o utlwa lentswe le le nolo mme le tlhomame la Morena Jeso Keresete, a bua gape mo tebalebelong ya botlalo jwa dinako; mme tiro e e simolodisitswe fano ke paakanyetso ya Go Tla ga Gagwe ga Bobedi, mo go diragatseng le mo tumalanong le mafoko a botlhe baperofeti ba ba boitshepo e sa le lefatshe le simologa.

Joseph Smith Jr. o tshotswe Sedimonthole 23, 1805, mo Sharon, Windsor County, Vermont. Mo botshelong jwa gagwe jwa pele, o ne a fudugela le lolwapa la gagwe kwa Manchester wa gompieno, mo bophirima jwa New York. E ne e le fa a ne a santse a nna koo mo dikgakologong tsa 1820, fa a ne a le dingwaga tse di lesome le bone, gore o ne a itemogela ponatshegelo ya gagwe ya ntlha, e mo goyone a neng a etelwa ka sebele ke Modimo, Rara wa Bosakhutleng, le Morwawe Jeso Keresete. O ne a bolelelwa mo ponatshegelong e gore Kereke ya boammaaruri ya ga Jeso Keresete eo e neng e tlhomamisitswe mo metlheng ya Kgolaganong e Ntsha, le e e neng e diretseng botlalo jwa efangele, ene e sa tlhole e le mo lefatsheng. Tse dingwe diponatshegelo tsa selegodimo di ne tsa latela tse mo go tsone a neng a rutwa ke baengele ba bantsi; o ne a supegediwa gore Modimo o ne a na le tiro e tlhaolegileng ya gagwe go e dira mo lefatsheng le gore ka ene Kereke ya ga Jeso Keresete e tlaa buselediwa mo lefatsheng.

Mo mo tsamaong ya nako, Joseph Smith o a nonotshiwa ka thuso ya semodimo go ranola le go anamisa Buka ya ga Momone. Go sale jalo ene le Oliver Cowdery ba tlhomiwa mo Boperesiting jwa ga Arone ke Johane Mokolobetsi ka Motsheganong 1829 (bona D&D 13), mme fela moragonyana ga foo ba ne le gone ba tlhomiwa mo Boperesiting jwa ga Melekiseteke ke Baaposetole ba bogologolo Petere, Jakobe le Johane (bona D&D 27:12). Ditao tse dingwe di ne tsa latela tse mo go tsone dilotlele tsa boperesiti di neng tsa neelwa ka Moše, Elija, Eliase, le bontsi jwa baperofeti ba bogologolo (bona D&D 110; 128:18, 21). Ditao tse e ne, ka nnete, e le tsosoloso ya taolo ya semodimo mo mothong mo lefatsheng. Ka Moranang 6, 1830, ka fa tlase ga kaelo ya legodimo, Moperofeti Joseph Smith o ne a rulaganya Kereke, mme jaana Kereke ya boammaaruri ya ga Jeso Keresete e gape e dira jaaka mokgatlho mo gare ga batho, ka taolo go ruta efangele le go dira ditao tsa poloko. (Bona D&D 20 le Perela e e Tlhwatlhwa Kgolo, Joseph Smith—Ditso 1.)

Ditshenolo tse di boitshepo tse di ne di amogetswe mo karabong ya thapelo, mo dinakong tsa letlhoko, mme di dule mo diemong tsa botshelo tota tse di akaretsa batho tota. Moperofeti le ditsala tsa gagwe ba batlile kaelo ya semodimo, mme ditshenolo tse di rurifatsa tlhomamisa gore ba e amogetse. Mo ditshenolong, mongwe o bona tsosoloso le phuthologo ya efangele ya ga Jeso Keresete le go tsena mo ga tebalebelo ya botlalo jwa dinako. Go tsamaya ga Kereke go tswa bophirimatsatsi jwa New York le Pennsylvania go ya Ohio, go ya Missouri, go ya Illinois, mme la bofelo go ya Great Basin wa bophirima jwa Amerika le ditshukatshukano tse di maatla tsa Baitshepi mo go lekeng go aga Sione mo lefatsheng mo dinakong tsa gompieno le gone go a supiwa mo ditshenolong tse.

Ditsetlana ka mokawana tsa pele di akaretsa dikgang mabapi le thanolo le kanamiso ya Buka ya ga Momone (bona tsetlana 3, 5, 10, 17, le 19). Dingwe tsa ditsetlana tsa morago di supa tiro ya Moperofeti Joseph Smith jaaka a ne a dira thanolo e e tlhotlheleditsweng ya Baebele, nako eo bontsi jwa dithuto tse dikgolo tsa ditsetlana tsa amogelwa (bona, ka sekai, ditsetlana 37, 45, 73, 76, 77, 86, 91, le 132, nngwe le nngwe ya tsone e na le tshwaragano e tlhamaletseng le thanolo ya Baebele).

Mo tshenolong, dithuto tsa efangele di tlhomamisiwa ka ditlhaloso ka ga dilo tsa motheo jaaka tlholego ya Bomodimo, motheo wa motho, bonnete jwa ga Satane, maikaelelo a se se swang, botlhokwa jwa kutlo, go tlhokega ga boikotlhao, ditiro tsa Mowa o o Boitshepo, ditao le ditiragalo tse e leng tsa poloko, bowelo jwa lefatshe, diemo tsa lobaka lo lo tlang tsa motho morago ga Tsogo le Katlholo, bosakhutleng jwa botsalano jwa lenyalo, le tlholego ya bo sa khutleng ya lolwapa. Fela jalo, tlhatlologanyo ya phuthologo ya popego ya taolo ya Kereke e supiwa ka pitso ya bobishopo, Boporesidente jwa Ntlha, Lekgotla la ba ba Lesome le Bobedi, le ba ba Masome a Supa le tlhomamiso ya tse dingwe diofisi tsa taolo le dikhoramo. La bofelo, bopaki jo bo neetsweng jwa ga Jeso Keresete—Bo semodimo jwa Gagwe, borena jwa Gagwe, go itekanela Gagwe, lorato lwa Gagwe, le thata ya thekololo ya Gagwe—go dira buka e boleng jo bogolo go lolwapa la motho le “tshwanelo go Kereke le mahumo a Lefatshe ka bophara” (bona setlhogo go D&D 70).

Kwa tshimologong ditshenolo di ne di kwadilwe ke bakwadi ba ga Joseph Smith, mme maloko a Kereke ka kgatlhego e kgolo ba abelana meriti ya tse di kwadilweng ka seatla. Go dira tshupo ya se nnela ruri, bakwadi ba tloga ba kopela ditshenolo tse mo sekwalong sa tshupo ya dibuka, tse baeteledipele ba Kereke ba di dirisitseng mo go baakanyetseng go gatisiwa ga ditshenolo. Joseph le Baitshepi ba pele ba tsere ditshenolo tse jaaka ba ne ba tsaya Kereke di tshidile, di le tlhaga, le go tshwanelwa ke go rarabololwa ka tshenolo ya tlalaletso. Le gone ba ne ba lemoga gore diphoso tse di sa ikaelelwang di ne di ka tswa di diragetse ka tsamaiso ya go kopa ditshenolo le go di baakanyetsa kanamiso. Jaana, khonforense ya Kereke ya kopa Joseph Smith ka 1831 go “baakanya diphoso tseo kgotsa ditimelo tse a ka di lemogang ka Mowa o o Boitshepo.”

Morago ga ditshenolo di sena go kelekwa le go baakangwa, Maloko a Kereke mo Missouri a simolola go gatisa buka ya setlhogo sa A Book of Commandments for the Government of the Church of Christ, e e nang le ditshenolo tse dintsi tsa pele tsa Moperofeti. Teko e ya ntlha ya go anamisa ditshenolo ya khutla, le fa gontse jalo, fa segopa sa batho se senya ofisi ya kgatiso ya Baitshepi mo Kgaolong ya Jackson Phukwi 20, 1833.

Mo go utlweng ka tshenyo ya ofisi ya kgatiso ya Missouri, Joseph Smith le ba bangwe ba baeteledipele ba Kereke ba simolola di paakanyo go anamisa ditshenolo mo Kirtland, Ohio. Gore gape ba baakanye diphoso, go rurifatsa mafoko, le go lemoga ditlhabologo mo dithutong le thulaganyo tsa Kereke, Joseph Smith o ne a okama kanoko ya mokwalo wa ditshenolo dingwe go di baakanyetsa kanamiso ka 1835 jaaka Doctrine and Covenants of the Church of the Latter Day Saints (Dithuto le Dikgolagano tsa Kereke ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo). Joseph Smith a letlelela e nngwe ya kgatiso ya Dithuto le Dikgolagano, e o e neng ya anamisiwa dikgwedi fela morago ga go swela tumelo ga ga Moperofeti ka 1844.

Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba pele ba ne ba tseela ditshenolo kwa godimo mme ba di bona jaaka melaetsa e e tswang kwa Modimong. Mo lobakeng longwe ka 1831, bagolwane bangwe ba le mokawana ba Kereke ba neela bopaki jo bo masisi gore Morena o supile tshupo mo meweng ya bone ka boammaaruri jwa ditshenolo. Bopaki jo bo anamisitswe mo kanamisong ya 1835 ya Dithuto le Dikgolagano jaaka bopaki jo bo kwadilweng jwa Baaposetole Ba ba Lesome le Bobedi.

Bopaki jwa Baaposetole ba
ba Lesome le Bobedi ka Boammaaruri jwa
Buka ya Dithuto le Dikgolagano

Bopaki jwa Basupi ba Buka ya Ditaelo tsa Morena, ditaelo tseo a di neetseng Kereke ya Gagwe ka Joseph Smith, Jun., yo o neng a tlhomilwe ka lentswe la Kereke ka maikaelelo a:

Ke gone ka moo, re, ikutlwa re rata go paka mo lefatsheng lotlhe la batho, go sebopiwa sengwe le sengwe mo sefatlhogong sa lefatshe, gore Morena o supile tshupo mo meweng ya rona, ka Mowa o o Boitshepo o o goromeleditsweng mo go rona, gore ditaelo tse di neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo, mme di thusa batho botlhe e bile ammaaruri di boammaaruri.

Re neela bopaki mo lefatsheng, Morena e le mothusi wa rona; mme ke ka letlhogonolo la Modimo Rara, le Morwawe, Jeso Keresete, gore re letlelesega go nna le sebaka sa go fa bopaki mo lefatsheng, se re ipelang thata mo go sone, re rapela Morena ka metlha gore bana ba batho ba ka thusega ka gone moo.

Maina a ba ba Lesome le Bobedi e ne e le:

  • Thomas B. Marsh

  • David W. Patten

  • Brigham Young

  • Heber C. Kimball

  • Orson Hyde

  • William E. McLellin

  • Parley P. Pratt

  • Luke S. Johnson

  • William Smith

  • Orson Pratt

  • John F. Boynton

  • Lyman E. Johnson

Mo ditatelano tsa dikgatiso tsa Dithuto le Dikgolagano, ditshenolo tse di tlalaletsang kgotsa dikgang dingwe tsa tshupo di tlalaleditswe, jaaka di amogetswe le jaaka di amogelwa ke diphuthego tse di lekanang kgotsa dikhonforense tsa Kereke. Kgatiso ya 1876, e e baakantsweng ke Mogolwane Orson Pratt ka fa tlase ga kaelo ya ga Brigham Young, e rulagantse ditshenolo ka ditiragalo mme ya neela ditlhogo tse disha di na le diketapele tsa ditso.

Go simolola ka kgatiso ya 1835, tatelano ya dithuto tse supa tsa sedumedi le tsone tsa akarediwa, tse di ne tsa fiwa setlhogo sa Lectures on Faith. Tse di ne di baakanyeditswe go dirisiwa mo Sekolong sa Baperofeti mo Kirtland, Ohio go tswa 1834 go ya 1835. Le ntswa di ne di thusa mo dithutong le taelo, dithuto tse di tlogetswe mo Dithutong le Dikgolagano e sale ka kgatiso ya 1921 gonne di ne di sa neelwa kgotsa di supilwe jaaka ditshenolo mo Kerekeng ka bophara.

Kgatiso ya Sekgoa ya 1981 ya Dithuto le Dikgolagano, mekwalo e meraro e ne ya akarediwa e le lantlha. Tseno ke ditsetlana 137 le 138, di baya pele metheo ya poloko ya baswi; le Kitsiso Semmuso 2, e itsise gore banna botlhe ba maloko a Kereke ba ba tshwanelwang ba ka tlhongwa mo boperesiting go sena tlhokomelo ya lotso le mmala.

Kgatiso nngwe le nngwe e ntsha ya Dithuto le Dikgolagano e baakantse diphoso tse di fetileng le go oketsa polelo e ntsha, segolo bogolo mo dikarolong tsa ditso tsa ditlhogo tsa tsetlana. Kgatiso ya gompieno e rarabolola malatsi le maina a lefelo le go dira dipaakanyo tse dingwe. Diphetogo tse di dirilwe go tshwantshanya sedirisiwa le polelo e e nepagetseng bogolo ya ditso. Tse dingwe tse di tlhaolegile dipopego tsa kgatiso ya bosheng di akaretsa mebepe e e dirilweng sesha e e supang thutafatshe ya mafelo a magolo a mo go one ditshenolo di neng di amogetswe, le dinepe tse ditokafaditsweng tsa mafelo a ditso tsa Kereke, dinankolo, ditlhogo tsa tsetlana, le ditshoboko tsa setlhogo sa kgang, tsotlhe tse di diretsweng go thusa babadi go tlhaloganya le go ipela mo molaetseng wa Morena jaaka o neetswe mo Dithuto le Dikgolagano. Polelo ka ditlhogo tsa tsetlana di tserwe mo Mekwalong ya Ditso tsa Kereke le History of the Church (Ditso tsa Kereke) e e anamisitsweng (tsotlhe dikai mo ditlhogong jaaka ditso tsa ga Joseph Smith) le Joseph Smith Papers (Dipampiri tsa ga Joseph Smith).