Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 5


Tsetlana 5

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, Mopitlo 1829, ka kopo ya ga Martin Harris.

1–10, Tshika e e tlaa amogela lefoko la Morena ka Joseph Smith; 11–18, Basupi ba bararo ba tlaa fa bopaki ka Buka ya ga Momone; 19–20, Lefoko la Morena le tlaa tlhomamisiwa jaaka mo nakong e e fetileng; 21–35, Martin Harris o ka ikwatlhaya mme a nne mongwe wa basupi.

1 Bona, ke a go raya, gore jaaka motlhanka wa me Martin Harris a batla bosupi mo seatleng sa me, gore wena, motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., o tshotse dipapetlana tseo pakileng le go supa tshupo gore o di amogetse mo go nna;

2 Mme jaanong, bona, se o tlaa se mo raya—ene yo o buileng le wena, o go reile a re: Nna, Morena, ke Modimo, mme ke go neetse dilo tse, motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mme ke go laotse gore o tshwanetse go ema jaaka mosupi wa dilo tse;

3 Mme Ke go dirile gore o tsene mo kgolaganong le nna, gore o se ka wa di supa fa e se fela mo bathong bao ke go ba laoletseng; mme ga o na thata mo go tsone fa e se ke e go neela.

4 Mme o na le neo ya go ranola dipapetlana; mme e ke neo ya ntlha e ke go e neetseng; mme ke go laotse gore o se ka wa ipaya mo neong epe e nngwe go fitlha maikaelelo ame a diragadiwa mo go se; gonne ga ke kake ka go naya neo epe e nngwe go fitlha e fela.

5 Ammaaruri, ke a go raya, gore bohutsana bo tlaa tla mo banning ba lefatshe fa ba sa utlwe mafoko ame;

6 Gonne morago ga se o tlaa tlhomiwa le go tswela pele le go bua mafoko ame mo baneng ba batho.

7 Bona, fa ba ka se kitla ba dumela mafoko ame, ga ba kitla ba go dumela, motlhanka wa me Joseph, fa go ne go kgonega gore o ka ba supegetsa dilo tse tsotlhe tse ke di tlhomileng ka fa tlase ga tlhokomelo ya gago.

8 Ao! tshika e e sa dumeleng e e bile e le melala e e kgwaraletseng—bogale jwa me bo a ba tukela.

9 Bona, ammaaruri ke a go raya, ke sadisitse dilo tseo tse ke di go neetseng, wena motlhanka wa me Joseph, ka maikaelelo a tlhalefo mo go nna, mme go tlaa itsisiwe mo tshikeng ya lobaka lo lo kwa pele;

10 Mme tshika e e tlaa nna le lefoko la me ka wena;

11 Mme mo tlalaletsong ya bopaki jwa gago, bopaki jwa batlhanka ba me ba bararo, ba ke tlaa ba bitsang le go ba tlhoma, bao mo go bone ke tlaa supang dilo tse, mme ba tlaa tswela pele ka mafoko ame a a neetsweng ka wena.

12 Ee, ba tlaa itse ka nnete gore dilo tse di boammaaruri, gonne go tswa kwa legodimong ke tlaa di ba bolelela.

13 Ke tlaa ba neela thata gore ba ka bona le go leba dilo tse jaaka di ntse;

14 Mme ga ke tle go neela ope o sele thata e, go amogela bopaki jo mo gare ga tshika e, mo go se tshimologo ya tsogo le go tla ga kereke ya me go tswa mo nageng—e itshekile jaaka ngwedi, e bile e phatsima jaaka letsatsi, mme e boitshega jaaka batlhabani ka mekgele.

15 Mme bopaki jwa basupi ba bararo ke tlaa bo romela go ya pele mo lefokong la me.

16 Mme bonang, botlhe fela ba ba dumelang mo mafokong a me, bone ke tlaa ba lekola ka ponatshegelo ya Mowa; mme ba tlaa tsalwa mo go nna, le e leng ka metsi le ka Mowa—

17 Mme lo tshwanetse go ema ka lobakanyana, gonne ga lo ise lo tlhomiwe—

18 Mme bopaki jwa bone le gone bo tlaa tswela pele mo tshekisong ya tshika e fa e thatafatsa dipelo tsa yone kgatlhanong le bone;

19 Gonne sebetso se se swafatsang se tlaa tswela pele mo gare ga banni ba lefatshe, mme se tlaa tswelela se goromediwa nako le nako, fa ba sa ikwatlhaye, go fitlhelela lefatshe le le lolea, mme banni ba lone ba nyeleditswe e bile ba sentswe gotlhelele ka phatsimo ya go tla ga me.

20 Bonang, Ke lo bolelela dilo tse, fela jaaka le gone ke boleletse batho ka tshenyo ya Jerusalema; mme lefoko la me le tlaa rurifadiwa ka nako e jaaka go fitlha jaana le rurifaditswe.

21 Mme jaanong ke a go laela, motlhanka wa me Joseph, go ikwatlhaya le go tsamaya thata ka thokgamo fa pele ga me, le go se tlhola o ineela mo ditlhotlheletsong tsa batho ka gope;

22 Mme gore o nitame mo go tshegetseng ditaelo tse ke go laotseng ka tsone; mme fa o dira se, bona ke go neela botshelo jo bo sa khutleng, le e leng fa o ka bolawa.

23 Mme jaanong, gape, ke bua le wena, motlhanka wa me Joseph, mabapi le monna yo o batlang bosupi—

24 Bona, ke a mo raya, o a ikgodisa mme ga a ikokobetse mo go lekaneng fa pele ga me; mme fa a ka ikoba fa pele ga me, le go ikokobetsa mo thapelong e e maatla le tumelo, mo boitshekong jwa pelo ya gagwe, ke gone ke tlaa mo neelang pono ya dilo tse a eletsang go di bona.

25 Mme ke gone o tlaa raya batho ba tshika e a re: Bonang, ke bone dilo tse Morena a di bontshitseng Joseph Smith, Jun., mme ke a itse ka nnete gore di boammaaruri, gonne ke di bone, gonne ke di bontshitswe ka thata ya Modimo mme e seng ya motho.

26 Mme Nna Morena ke a mo laola, motlhanka wa me Martin Harris, gore a se ka a tlhola a bua le bone mabapi le dilo tse, fa e se a tlaa a re: Ke di bone, mme ke di bontshitswe ka thata ya Modimo; mme a ke mafoko a a tlaa buang.

27 Mme fa a latola se o tlaa bo a roba kgolagano e a golaganeng le nna go le pele, mme bona, o tlaa sekisiwa.

28 Mme jaanong, fa e se a ikokobetsa le go ipolela mo go nna dilo tse a di dirileng tse di phoso, le go golagana le nna gore o tlaa tshegetsa ditaelo tsa me, mme a diragatsa tumelo mo go nna, bona, ke a mo raya, o tlaa seka a nna le dipono tse di ntseng jalo, gonne ga ke ne ke mo neela dipono tsa dilo tse ke di boletseng.

29 Mme fa go ntse jalo, ke a go laola, motlhanka wa me Joseph, gore o mo reye o re, a se tlhole a dira ka gope, le fa e le go ntshwenya ka gope mabapi le selo se.

30 Mme fa go ntse jalo, bona ke a go raya Joseph, fa o sena go ranola ditsebe di se kae o tla ema ka sebakanyana, go fitlha ke go laola gape; ke gone o ka ranola gape.

31 Mme fa e se o dira se, bona, ga o kitla o tlhola o nna le neo, mme ke tlaa tlosa dilo tse ke di go neetseng.

32 Mme jaanong, gonne ke bonelapele go go lalela go go nyeletsa, ee, ke bonelapele gore fa motlhanka wa me Martin Harris a sa ikokobetse le go amogela bosupi go tswa mo seatleng sa me, gore o tlaa wela mo tlolong;

33 Mme go na le ba le bantsi ba ba laletseng go go nyeletsa go go tlosa mo sefatlhogong sa lefatshe; mme ka lebaka le, gore malatsi a gago a lelefadiwe, ke go neetse ditaelo tse.

34 Ee, ka lebaka le ke rile: Ema, mme ema fela go fitlha ke go laola, mme ke tlaa go neela mekgwa e ka yone o ka diragatsa selo se ke go se laetseng.

35 Mme fa o le boikanyego mo go tshegetseng ditaelo tsa me, o tlaa tsholediwa mo letsatsing la bofelo. Amene.