Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 11


Tsetlana 11

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go morwarraagwe Hyrum Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829. Tshenolo e e ne e amogetswe ka Urime le Thumime mo karabong ya thapelo le potso ya ga Joseph. Ditso tsa ga Joseph Smith di kaya gore tshenolo e e amogetswe morago ga go buselediwa ga Boperesiti jwa ga Arone.

1–6, Badiri mo tshimong ya mofine ba tlaa amogela poloko; 7–14, Batla tlhalefo, bolela boikotlhao, tshepha mo Moweng; 15–22, Tshegetsa ditaelo, mme o ithute lefoko la Morena; 23–27, Se latole Mowa wa tshenolo le wa seperofeti; 28–30, Bao ba ba amogelang Keresete ba nna barwa Modimo.

1 Tiro e kgolo e bile e gakgamatsa e tloga e tla mo gare ga bana ba batho.

2 Bona, ke Modimo; tlhokomela lefoko la me, le le tshedileng e bile le le tlhaga, le le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, mo go kgaoganyeng ditokololo le moko; ke gone ka moo tlhokomela lefoko la me.

3 Bona, tshimo e setse e le tshweu go robiwa, ke gone ka moo, yo o eletsang go roba, a a latlhele sekele ka maatla a gagwe, mme a robe nako e sale teng, gore a ka bolokela mowa wa gagwe poloko e e sa khutleng mo bogosing jwa Modimo.

4 Ee, le fa e le mang yo o tlaa latlhelelang sekele ya gagwe mme a robe, ene yoo o bidiwa ke Modimo.

5 Ke gone ka moo, fa o ka lopa mo go nna o tlaa amogela; fa o ka kokota o tlaa bulelwa.

6 Jaanong, jaaka o lopile, bona, ke a go raya, tshegetsa ditaelo tsa me, mme o batle go tlisa le go tlhomamisa maikemisetso a Sione;

7 Se batle mahumo mme tlhalefo, mme, bona, masaitsiweng a Modimo o tlaa a phutholelwa, mme ke gone o tlaa humisiwa. Bona, yo o nang le botshelo jo bo sa khutleng o humile.

8 Ammaruri, ammaruri, ke a go raya, fela jaaka o eletsa mo go nna jalo o tlaa direlwa; mme, fa o eletsa, o tlaa nna mokgwa wa go dira molemo o mogolo mo tshikeng e.

9 Se bue sepe fa e se boikotlhao mo tshikeng e; tshegetsa ditaelo tsa me, mme o thuse go tlisa tiro ya me, go ya ka ditaelo tsa me, mme o tlaa segofadiwa.

10 Bona, o na le neo, kgotsa o tlaa nna le neo fa o eletsa mo go nna ka tumelo, ka pelo e e tshephegang, o dumela mo thateng ya ga Jeso Keresete, kgotsa mo thateng ya me yo ke buang le wena;

11 Gonne, bona, ke nna yo ke buang; bona, ke nna lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme ka thata ya me ke go neela mafoko a.

12 Mme jaanong, ammaruri, ammaruri ke a go raya, baya tshepo ya gago mo Moweng oo o o gogelang go dira molemo—ee, go dira ka tshiamo, go tsamaya ka boikokobetso, go atlhola ka tshiamo; mme se ke Mowa wa me.

13 Ammaruri, ammaruri, ke a go raya, ke tlaa go abela bontlha bongwe jwa Mowa wa me, o o tlaa sedifatsang tlhaloganyo ya gago, o o tlaa tlatsang mowa wa gago ka boitumelo;

14 Mme ke gone o tlaa itse, kgotsa ka se o tlaa itse, dilo tsotlhe le fa e le eng se o se eletsang mo go nna, tse e leng tsa dilo tsa tshiamo, mo tumelong o dumela mo go nna gore o tlaa amogela.

15 Bona, ke a go laola gore ga o tlhoke go gopola gore o bileditswe go rera go fitlha o bidiwa.

16 Ema ka sebakanyana, go fitlha o nna le lefoko la me, lefika la me, kereke ya me, le efangele ya me, gore o ka itse ruri thuto ya me.

17 Mme ke gone, bona, go ya ka di keletso tsa gago, ee, le e leng go yeng ka tumelo ya gago o tlaa go direlwa.

18 Tshegetsa ditaelo tsa me, didimala; ithapelele mo Moweng wa me;

19 Ee, ngaparele ka pelo ya gago yotlhe, gore o ka thusa go tlisa mo leseding dilo tseo tse go builweng ka tsone—ee, thanolo ya tiro ya me, nna pelotelele go fitlha o e fetsa.

20 Bona, se ke tiro ya gago, go tshegetsa ditaelo tsa me, ee, ka maatla a gago otlhe, tlhaloganyo le nonofo.

21 Se batle go bolela lefoko la me, mme batla pele go amogela lefoko la me, mme ke gone loleme lwa gago lo tlaa hunologa, ke gone, fa o eletsa, o tlaa nna le Mowa wa me le lefoko la me, ee, thata ya Modimo mo go tlhotlheletseng batho.

22 Mme jaanong didimala; ithute lefoko la me le le tswetseng mo gare ga bana ba batho, mme le gone ithute lefoko la me le le tlaa tlang mo gare ga bana ba batho, kgotsa le jaanong le ranolwang, ee, go fitlhelela o amogetse gotlhe mo ke tlaa go neelang bana ba batho mo tshikeng e, mme ke gone dilo tsotlhe di tlaa okelediwa gone moo.

23 Bona o Hyrum, morwaake, batla bogosi jwa Modimo, mme dilo tsotlhe di tlaa okediwa go ya ka seo se se siameng.

24 Aga mo lefikeng la me, le e leng efangele ya me;

25 Se latole Mowa wa tshenolo, le fa e le Mowa wa perofeso, gonne bohutsana mo go ene yo o latolang dilo tse;

26 Ke gone ka moo, a boloke mo pelong ya gago go fitlhelela nako e e mo tlhalefong ya me gore o tsamaele pele.

27 Bonang, ke bua le botlhe ba ba nang le dikeletso tse di molemo, mme ba latlhetse sekele tsa bone go roba.

28 Bonang, Ke Jeso Keresete, Morwa Modimo. Ke nna botshelo le lesedi la lefatshe.

29 Ke ene yo ke neng ka tla mo go bagaetsho mme bagaetsho ba se ka ba nkamogela;

30 Mme ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore bontsi jo bo nkamogelang, ke tlaa bo neela thata go nna barwa Modimo, le e leng bone ba ba dumelang mo leineng la me. Amene.