Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 69


Tsetlana 69

Tshenolo e e neetswe ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Ngwanatsele 11, 1831. Kokoanyo ya ditshenolo tse go ikaeletsweng go di anamisa mo bogautshwaneng di ne di fitisitswe kwa khonferenseng e e tlhaologileng Ngwanatsele 1–2. Ka Ngwanatsele 3, tshenolo e e mo e e bonala jaaka tsetlana 133 e morago e biditsweng Aphentikise, e ne ya oketswa. Oliver Cowdery o ne pele a tlhomilwe go isa mokwalo wa letsogo wa ditshenolo tse di kokoantsweng tsa ditaelo kwa Independence, Missouri, go gatisiwa. O ne le gone a tshwanetse go tsaya madi a a neng a koleketswe go aga Kereke kwa Misssouri. Tshenolo e e laela John Whitmer go pata Oliver Cowdery mme le gone go kaela Whitmer go tsamaya mme a kgobokanya mekwalo ya ditso mo pitsong ya gagwe jaaka mmatlisisi wa ditso le mokwadi.

1–2, John Whitmer o tlaa pata Oliver Cowdery go ya Missouri; 3–8, O tshwanetse le gone go rera le go kokoanya, le go boloka kitso ka mokwalo, mme a kwale dikitsiso tsa ditso.

1 Ntheetsang, go bua Morena Modimo wa lona, ka ntlha ya motlhanka wa me Oliver Cowdery. Ga se tlhalefo mo go nna gore a neelwe ditaelo le madi a a tlaa isang kwa lefatsheng la Sione, fa e se mongwe a tsamaya le ene yo o tlaa nnang boammaaruri le boikanyego.

2 Ke gone, Nna, Morena, ke rata gore motlhanka wa me, John Whitmer, o tshwanetse go tsamaya le motlhanka wa me Oliver Cowdery;

3 Mme le gone gore o tlaa tswelela mo go kwaleng le mo go direng ditso tsa dilo tsotlhe tse di botlhokwa tse a tlaa di tlhokomelang mme a di itse mabapi le kereke ya me;

4 Mme le gone gore a amogele kgakololo le thuso go tswa mo go motlhanka wa me Oliver Cowdery le ba bangwe.

5 Mme le gone, batlhanka ba me ba ba kwa ntle mo lefatsheng ba romele dipolelo tsa ditebatebelo tsa bone kwa lefatsheng la Sione;

6 Gonne lefatshe la Sione le tlaa nna bonno le lefelo la go amogela le go dira dilo tse tsotlhe.

7 Le fa gontse jalo, a motlhanka wa me John Whitmer a tsamaye gantsi go tswa lefelong go ya lefelong le lengwe, le go tswa kerekeng go ya kerekeng e nngwe, gore a amogele kitso ka motlhofo thata—

8 A rera mme a atolosa, a kwala, le go dira moriti, a tlhopha, mme a amogela dilo tsotlhe tse di tlaa nnang molemo mo kerekeng, tshika e e fatlhogang e e tlaa golelang mo lefatsheng la Sione, go nna le yone go tswa tshika tshikeng, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae. Amene.