Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 84


Tsetlana 84

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Lwetse 22 le 23 1832. Ka kgwedi ya Lwetse, bagolwane ba ne ba simolotse go boa kwa dithomong tsa bone mo dikgaolo tse di ka kwa botlhabatsatsi le go dira dipego tsa ditiro tsa bone. E ne e le fa ba santse ba le mmogo mo pakeng e ya boitumelo gore molaetsa o o latelang o ne wa amogelwa. Moperofeti a o kaya e le tshenolo ya boperesiti.

1–5, Jerusalema yo Mosha le tempele di tlaa agiwa mo Missouri; 6–17, Motseletsele wa boperesiti go tswa kwa go Moše go ya kwa go Atamo o a neelwa; 18–25, Boperesiti jo bogolo bo tshegeditse selotlele sa kitso ya Modimo; 26–32, Boperesiti jo potlana bo tshegeditse selotlele sa tirelo ya baengele le jwa paakanyetso ya efangele; 33–44, Batho ba amogela botshelo jo bosakhutleng ka maikano le kgolagano ya boperesiti; 45–53, Mowa wa ga Keresete o sedifatsa batho, mme lefatshe le namaletse mo sebeng; 54–61, Baitshepi ba tshwanetse go paka ka dilo tseo tse ba di amogetseng; 62–76, Ba tshwanetse go rera efangele, mme ditshupo di tlaa latela; 77–91, Bagolwane ba tshwanetse go tsamaya ba sena sekgwama kgotsa kuane, mme Morena o tlaa tlhokomela letlhoko la bone; 92–97, Dipetso le diphutso di emetse bao ba ba ganang efangele; 98–102, Pina e ntsha ya thekolo ya Sione e a neelwa; 103–110, A motho mongwe le mongwe a eme mo ofising ya gagwe mme a dire mo pitsong ya gagwe; 111–120, Batlhanka ba Morena ba tshwanetse go bolela makgapha a a swafatsang a metlha ya bofelo.

1 Tshenolo ya ga Jeso Keresete mo go motlhanka wa gagwe Joseph Smith, Jun., le bagolwane ba barataro, jaaka ba ne ba kopantse dipelo tsa bone mme ba tsholeletsa mantswe a bone kwa godimo.

2 Ee, lefoko la Morena mabapi le kereke ya gagwe, e e tlhomamisitsweng mo malatsing a bofelo go tsosolosa batho ba gagwe, jaaka a buile ka molomo wa baperofeti ba gagwe, le ya go phuthega ga baitshepi ba gagwe go ema mo Thabeng ya Sione, e e tlaa nnang toropo ya Jerusalema yo Mosha.

3 Toropo e e tlaa agiwang, go simolola kwa setsheng sa tempele, se se laotsweng ka monwana wa Morena, mo melelwaneng e e ka kwa bophirimatsatsi jwa Kgaolo ya Missouri, mme e tshwaetswe ka seatla sa ga Joseph Smith, Jun., le ba bangwe bao Morena a neng a ba itumeletse thata.

4 Ammaaruri se ke lefoko la Morena, gore toropo ya Jerusalema o Mosha e tlaa agiwa ka go phuthiwa ga baitshepi, go simolola mo lefelong le, e bong lefelo la tempele, tempele e e tlaa agiwa mo tshikeng e.

5 Gonne ammaaruri tshika e ga e kitla e feta yotlhe go fitlhelela ntlo e agelwa Morena, mme leru le tlaa nna mo go yone, leru le e tlaabong e le kgalalelo ya Morena, e e tlaa tlalang ntlo.

6 Mme barwa ba ga Moše, go ya ka Boperesiti jo bo Boitshepo jo a bo amogetseng ka fa tlase ga seatla sa ga mogwagadie, Jethero;

7 Mme Jethero o bo amogetse mo seatleng sa ga Kalebe;

8 Mme Kalebe o bo amogetse mo seatleng sa ga Elihu;

9 Mme Elihu mo seatleng sa ga Jeremia;

10 Mme Jeremia mo seatleng sa ga Gate;

11 Mme Gate mo seatleng sa ga Isaiase;

12 Mme Isaiase o bo amogetse mo seatleng sa Modimo.

13 Isaiase le ene o tshedile mo malatsing a ga Aberahame, mme o ne a segofaditswe ke ene—

14 Aberahame yo o amogetseng boperesiti mo go Melekiseteke, yo o bo amogetseng ka kokomana ya borraagwe, e bong go fitlhelela kwa go Noa;

15 Mme go tswa mo go Noa go fitlhelela kwa go Enoko, ka kokomana ya borraabo;

16 Mme go tswa mo go Enoko go ya mo go Abele, yo o neng a bolawa ka morero wa ga morwarraagwe, yo o amogetseng boperesiti ka ditaelo tsa Modimo, ka seatla sa ga rraagwe Atamo, yo e neng e le motho wa ntlha—

17 Boperesiti jo botswelelang mo kerekeng ya Modimo mo tshikeng yotlhe, mme bo sena tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga.

18 Mme Morena a tlhomamisa boperesiti le gone mo go Arone le mo peong ya gagwe, go ya le ditshika tsotlhe tsa bone, boperesiti jo le jone bo tswelelang mme bo nna ka metlha le boperesiti jo bo ka fa thulaganyong e e boitshepo ya Modimo.

19 Mme boperesiti jo bogolo jo bo laola efangele le go tshwara selotlele sa masaitsiweng a bogosi, e bong selotlele sa kitso ya Modimo.

20 Ke gone ka moo, mo ditaong tsa jone, thata ya bomodimo ya bonatshega.

21 Mme kwa ntle ga ditao tsa jone, le taolo ya boperesiti, thata ya bomodimo ga e bonatshege mo bathong mo nameng;

22 Gonne kwa ntle ga se ga gona motho ope yo a ka bonang sefatlhogo sa Modimo, e bong Rara, mme a tshele.

23 Jaanong se Moše o ne a se ruta bana ba Iseraele sentle mo nageng, mme a batla ka tlhwaafalo go itshepisa batho ba gagwe gore ba ka bona sefatlhogo sa Modimo;

24 Mme ba thatafatsa dipelo tsa bone mme ba retelelwa ke go itshokela boleng teng jwa gagwe; ke gone ka moo, Morena mo kgalefong ya gagwe, gonne bogale jwa gagwe bone jwa ba tukela, a ikana gore ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa gagwe fa ba sa ntse ba le mo nageng, boikhutso jo e leng botlalo jwa kgalalelo ya gagwe.

25 Ke gone ka moo, a tsaya Moše mo gare ga bone, le jone Boperesiti jo bo Boitshepo;

26 Mme boperesiti jo bo potlana jwa tswelela, boperesiti jo bo tshwereng selotlele sa tirelo ya baengele le efangele ya paakanyetso;

27 Efangele e e leng efangele ya boikotlhao le ya kolobetso, le boitshwarelo jwa dibe, le molao wa ditaelo tsa selefatshe, tse Morena mo kgalefong ya gagwe a dirileng gore di tswelele le ntlo ya ga Arone mo gare ga bana ba Iseraele go fitlha ka Johane, yo o Modimo a mo godisitseng, a tletse ka Mowa o o Boitshepo go tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.

28 Gonne o ne a kolobeditswe fa a ne a santse a le mmotlana, mme o ne a tlhomiwa ke moengele wa Modimo ka nako e a neng a na le malatsi a le boferabobedi mo thateng e, go fenya bogosi jwa Bajuta, le go siamisa tsela ya Morena fa pele ga sefatlhogo sa batho, go ba baakanyetsa go tla ga Morena, yo mo seatleng sa gagwe go neetsweng thata yotlhe.

29 Mme gape, diofisi tsa bagolwane le bishopo ke ditlaleletso tse di botlhokwa tse e leng tsa boperesiti jo bogolo.

30 Mme gape, diofisi tsa moruti le motiakone ke ditlaleletso tse di botlhokwa tse e leng tsa boperesiti jo bo potlana, boperesiti jo bo tlhomamisitsweng mo go Arone le barwa ba gagwe.

31 Ke gone ka moo, jaaka Ke buile mabapi le barwa ba ga Moše—gonne barwa ba ga Moše mme le gone barwa ba ga Arone ba tlaa isa tshupelo e e amogelesegang le setlhabelo mo ntlong ya Morena, ntlo e e tlaa agelwang Morena mo tshikeng e, mo lefelong le le tshwaetsweng jaaka Ke laotse—

32 Mme barwa ba ga Moše le Arone ba tlaa tlala ka kgalalelo ya Morena, mo Thabeng ya Sione mo ntlong ya Morena, ba lo leng barwa ba bone; mme le gone ba bantsi ba Ke ba biditseng mme ka ba roma go aga kereke ya me.

33 Gonne le fa e le mang yo o boikanyego mo go amogeleng boperisiti jo bobedi jo jo Ke buileng ka bone, le go godisa pitso tsa bone, ba itshepisiwa ka Mowa mo go shafatseng mebele ya bone.

34 Ba nna barwa ba ga Moše le ba ga Arone le peo ya ga Aberahame, le kereke le bogosi, le baitshenkedwi ba Modimo.

35 Mme le gone botlhe ba ba amogelang boperesiti jo ba amogela nna, go bua Morena;

36 Gonne yo o amogelang batlhanka ba me o a nkamogela;

37 Mme yoo nkamogelang o amogela Rara;

38 Mme yo o amogelang Rara o amogela bogosi jwa ga Rara; ke gone ka moo gotlhe mo Rara a nang nago o tlaa go neelwa.

39 Mme se ke go ya ka maikano le kgolagano tse e leng tsa boperesiti.

40 Ke gone ka moo, botlhe ba ba amogelang boperesiti, ba amogela maikano a le kgolagano ya ga Rara, e a sa kakeng a e roba, le fa e le go ka tlosiwa.

41 Mme le fa e le mang e yo o robang kgolagano e fa a sena go e amogela, mme gotlhelele a e tlogele, ga a kitla a nna le boitshwarelo jwa dibe mo lefatsheng le le fa e le mo lefatsheng le le tlaa tlang.

42 Mme bohutsana mo go botlhe bao ba ba ganang go amogela boperesiti jo jo le bo amogetseng, jo jaanong ke bo tlhomamisang mo go lona ba lo leng teng mo letsatsing le, ka lentswe la me go tswa mo magodimong; mme le e leng nna Ke neetse masomosomo a legodimo le baengele ba me taolo mabapi le lona.

43 Mme jaanong Ke lo neela taelo gore lo itiseng, go tlhokomela mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.

44 Gonne lo tlaa tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.

45 Gonne lefoko la Morena le boammaaruri, mme le fa e le eng se e leng boammaaruri ke lesedi, mme le fa e le eng se e leng lesedi ke Mowa, e bong Mowa wa ga Jeso Keresete.

46 Mme Mowa o neela motho mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng lesedi; mme Mowa o sedifatsa motho go ralala lefatshe, yo o reetsang lentswe la Mowa.

47 Mme mongwe le mongwe yo o reetsang lentswe la Mowa o tla kwa Modimong, e bong Rara.

48 Mme Rara o mo ruta ka kgolagano e a e shafaditseng mme a e tlhomamisitse mo go lona, e e tlhomamisitsweng mo go lona ka ntlha ya lona, mme e seng ka ntlha ya lona fela, mme ka ntlha ya lefatshe lotlhe.

49 Mme lefatshe lotlhe le namaletse mo sebeng, mme le duma ka fa tlase ga lefifi le mo bokgobeng jwa sebe.

50 Mme ka se lo ka itse fa ba le mo bokgobeng jwa sebe, gonne ga ba tle kwa go nna.

51 Gonne yo o sa tleng kwa go nna o mo bokgobeng jwa sebe.

52 Mme yo o sa amogeleng lentswe la me ga a tlwaela lentswe la me, mme ga se wa me.

53 Mme ka se lo ka itse basiami mo baikeping, le gore lefatshe lotlhe le duma ka fa tlase ga sebe le lefifi le fela jaanong.

54 Mme ditlhaloganyo tsa lona mo metlheng e e fitileng di ne tsa fifala ka ntlha ya botlhoka tumelo, le ka ntlha ya gore lo tsere motlhofo dilo tse lo di amogetseng—

55 Boithamako jo le botlhoka tumelo di gogetse kereke yotlhe ka fa tlase ga tshekiso.

56 Mme tshekiso e e nna mo baneng ba Sione, e bong botlhe.

57 Mme ba tlaa nna ka fa tlase ga tshekiso e go fitlha ba ikwatlhaya mme ba gakologelwa kgolagano e ntsha, e bong Buka ya ga Momone le ditaelo tsa pele tse Ke ba di neetseng, e seng go bua fela, mme go dira go ya ka seo se ke se kwadileng—

58 Gore ba tle ba ungwe maungo a a tshwanetseng bogosi jwa ga Rara; fa go sa nna jalo go sala sebetso le kotlhao gore di goromelediwe mo baneng ba Sione.

59 Gonne a bana ba bogosi ba tlaa itshekolola lefatshe la me le le boitshepo? Ammaaruri, ke a lo raya, Nnyaa.

60 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya lona ba jaanong lo utlwang mafoko ame, a e leng lentswe la me, lo sego e re ka lo amogela dilo tse;

61 Gonne Ke tlaa itshwarela dibe tsa lona ka taelo e—gore lo tlhomame mo ditlhaloganyong tsa lona ka masisi le Mowa wa thapelo, mo go pakeng mo lefatsheng lotlhe ka dilo tseo tse lo di boleletsweng.

62 Ke gone ka moo, tsamayang mo lefatsheng lotlhe; mme kwa lefelong lengwe le lengwe le lo sa kakeng lwa ya lo tlaa roma, gore bopaki bo tle bo tswe mo go lona go ya mo lefatsheng lotlhe kwa sebopiwe sengwe le sengwe.

63 Mme jaaka Ke buile mo baaposetolong ba me, fela jalo Ke a lo raya, gonne le baapaosetole ba me, e bong baperesiti ba bagolo ba Modimo; lo bone bao ba Rara a lo nneetseng; lo ditsala tsa me;

64 Ke gone ka moo, jaaka Ke boleletse baaposetole ba me Ke a lo raya gape, gore motho mongwe le mongwe yo o dumelang mo mafokong a lona, a bo a kolobediwa ka metsi go itshwarelwa dibe, o tlaa amogela Mowa o o Boitshepo.

65 Mme ditshupo tse di tlaa dihana le ba ba dumelang—

66 Mo leineng la me ba tlaa dira ditiro tse dintsi tsa kgakgamatso;

67 Mo leing la me ba tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e bosula;

68 Mo leineng la me ba tlaa fodisa balwetse;

69 Mo leineng la me ba tlaa bula matlho a difofu, mme ba thibolola ditsebe tsa bosusu;

70 Mme loleme lwa semumu lo tlaa bua;

71 Mme fa motho mongwe a ka ba tsenyetsa botlhole ga bo kitla bo ba utlwisa botlhoko;

72 Mme botlhole jwa noga ga bo kitla bo nna le thata go ba tlhokofatsa.

73 Mme taelo Ke a e ba neela, gore ga ba kitla ba ipelafatsa ka dilo tse, kgotsa ba di bua fa pele ga lefatshe; gonne dilo tse di neetswe mo go lona go le thusa le go fitlhelela poloko.

74 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, ba ba sa dumeleng mo mafokong a lona, mme ba sa kolobediwe mo metsing ka leina la me, go itshwarelwa dibe tsa bone, gore ba tle ba amogele Mowa o o Boitshepo, ba tlaa hutsiwa, mme ga ba kitla ba tla mo bogosing jwa ga Rara kwa Nna le Rara re leng teng.

75 Mme tshenolo e mo go lona, le taelo, di mo tirisong go tswa ka yone oura e mo lefatsheng lotlhe, mme efangele e ya mo go botlhe ba ba sa e amogelang.

76 Mme, ammaaruri Ke a lo raya lotlhe bao ba lo neetsweng bogosi—go tswa mo go lona ba tshwanetse go e rerelwa, gore ba ikwatlhaele ditiro tse di bosula tsa bone tsa pele; gonne ba tshwanetse go kgalemelelwa dipelo tsa bone tse di bosula tsa botlhoka tumelo, le bakaulengwe ba lona mo Sione ka go le tsogologela ka nako e Ke neng ke le romile.

77 Mme gape Ke a lo raya, ditsala tsa me, gonne go tswa fa ke tlaa lo bitsa ditsala, go tshwanetse gore Ke lo neele taelo e, gore le nne fela jaaka ditsala tsa me mo malatsing ao ke neng Ke na le bone, ke tsamaya ke rera efangele ka thata ya me;

78 Gonne ga Ke a ba leseletsa gore ba nne le sekgwama kgotsa kuane, le fa e le dibaki tse pedi.

79 Bonang, Ke a lo roma kwa ntle go leka lefatshe, mme modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe.

80 Mme motho ope yo o tlaa tsamayang mme a rera efangele e ya bogosi, mme a sa nyafale go tswelela ka boikanyego mo dilong tsotlhe, ga a kitla a lapa mo tlhaloganyong, le fa e le go fifalelwa, le fa e le mo mmeleng, serwe, le fa e le mo tokololong; mme moriri wa tlhogo ya gagwe ga o kitla o wela fatshe o sa lemogiwe. Mme ga a kitla a tshwarwa ke tlala le e seng go tshwarwa ke lenyora.

81 Ke gone ka moo, se tlhobaeleleng ka ga kamoso, gore lo tlaa ja eng, kgotsa lo tlaa nwa eng, kgotsa gore lo tlaa apara eng.

82 Gonne, akanyang dithunya tsa naga, ka fa di golang ka teng, ga di dire, ga di loge; mme magosi a lefatshe, mo kgalalelong yotlhe ya one, ga a kgabe jaaka nngwe ya tse.

83 Gonne Rraeno, o o kwa legodimong, o itse gore lo tlhoka dilo tse tsotlhe.

84 Ke gone ka moo, a kamoso a tlhobaele ka dilo tsa gagwe.

85 Le fa ele go tlhobaela pele gore lo tlaa bua eng, mme bolokang mo ditlhaloganyong tsa lona ka gale mafoko a botshelo, mme lo tlaa neelwa mo oureng yone eo kabelo eo e e tlaa lekanyediwang motho mongwe le mongwe.

86 Ke gone ka moo, a go sa nne motho ope mo gare ga lona, gonne taelo e e mo go botlhe ba ba boikanyego ba ba biditsweng ke Modimo mo kerekeng mo tirelong, go tswa mo oureng e yo o tsayang sekgwama kgotsa kuane, yo o tswelang go bolela efangele e ya bogosi.

87 Bonang, Ke lo romela kwa ntle go kgalemelela lefatshe ditiro tsotlhe tsa lone tse di sa siamang, le go ba ruta mabapi le katlholo e e tlaa tlang.

88 Mme le fa e le mang yo o le amogelang, koo Ke tlaa nna gone, gonne ke tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa lona. Ke tlaa nna mo letsogong la lona la moja le mo molemeng wa lona, mme Mowa wa me o tlaa nna mo dipelong tsa lona, mme baengele ba me ba le dikaganyeditse, go le tshegetsa.

89 Le fa e le mang yo o le amogelang o a nkamogela; mme ene yoo o tlaa le fang dijo, le go le apesa, le go le neela madi.

90 Mme ene yo o le fang dijo, kgotsa a le apesa, kgotsa a lo neela madi, ga a kitla ka gope a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.

91 Mme yo o sa direng dilo tse ga se morutwana wa me; ka se lo ka itse barutwana ba me.

92 Ene yo o sa le amogeleng, tswayang fa go ene lona ka bo bosi, mme lo tlhapise dinao tsa lona le e leng ka metsi, metsi a a itshekileng, le fa e le mo mogoteng kgotsa mo serameng, mme lo pake ka gone kwa go Rraeno yo o kwa legodimong, mme lo se boele gape kwa mothong yoo.

93 Mme mo motseng mongwe le mongwe kgotsa toropo e lo tsenang mo go yone, lo dire fela jalo.

94 Le fa go ntse jalo, lo batleng ka tlhwaafalo mme lo se rekegeleng sepe; mme bohutsana mo ntlong eo, kgotsa motse oo kgotsa toropo eo e lo ganang, kgotsa mafoko a lona, kgotsa bopaki jwa lona mabapi le nna.

95 Bohutsana, Ke bua gape, mo ntlong eo, kgotsa motse oo kgotsa toropo eo e e lo ganang, kgotsa mafoko a lona, kgotsa bopaki jwa lona ka nna;

96 Gonne Nna, Mothatayotlhe, ke beile diatla tsa me mo ditšhabeng, go ba seolela boikepo jwa bone.

97 Mme dipetso di tlaa tswela pele, mme ga di kitla di tloswa mo lefatsheng go fitlha Ke fetsa tiro ya me, e e tlaa khutshwafadiwang mo tshiamong—

98 Go fitlha botlhe ba nkitse, ba ba salang, e bong go tswa mo go yo mmotlana go ya go yo mogolo, mme ba tlaa tlala ka kitso ya Morena, mme ba tlaa bona ba lebanye mo matlhong, mme ba tlaa tsholetsa mantswe a bone, mme ka lentswe ba opela mmogo pina e ntsha e, ba re:

99 Morena o tlisitse gape Sione;Morena o rekolotse batho ba gagwe, Iseraele,Go ya ka boitshenkelo jwa tshegofatso,E e neng ya diragadiwa ka tumeloLe kgolagano ya borraabone.

100 Morena o rekolotse batho ba gagwe;Mme Satane o golegilwe mme nako ga e tlhola e le teng.Morena o phuthetse dilo tsotlhe mo bongweng.Morena o foloseditse Sione tlase go tswa kwa godimo.Morena o tlhatloseditse Sione kwa godimo go tswa tlase.

101 Lefatshe le utlwile ditlhabi mme le ntshitse nonofo ya lone;Mme boammaaruri bo tlhomamisitswe mo pelong ya lone;Mme magodimo a le nyenyetse;Mme le apesitswe ka kgalalelo ya Modimo wa lone;Gonne o eme mo gare ga batho ba gagwe.

102 Kgalalelo, le tlotlo, le thata, le maatla,Di newe Modimo wa rona; gonne o tletse kutlwelobotlhoko,Tshiamiso, tshegofatso le boammaaruri, le kagiso,Ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae, Amene.

103 Mme gape, ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, go tshwanetse gore motho mongwe le mongwe yo o tswelelang go bolela efangele ya me e e sa khutleng, gore e re ka ba na le malwapa, mme ba amogela madi e le neo, gore ba tshwanetse go a ba romelela kgotsa go a dirisa go ba thusa, jaaka Morena a tlaa ba kaela, gonne jaana go lebega go le molemo mo go nna.

104 Mme a botlhe bao ba ba senang malwapa, ba ba amogelang madi, ba a romele kwa go bishopo mo Sione, kgotsa kwa go bishopo mo Ohio, gore a tle a a tshwaele go anamisa ditshenolo le go gatisiwa ga tsone, le go tlhomamisiwa ga Sione.

105 Mme fa motho ope a ka neela ope wa lona baki, kgotsa sutu, tsaya e kgologolo mme o e neele mohumanegi, mme o tswelele mo tseleng ya gago o ipela.

106 Mme fa motho ope mo gare ga lona a nonofile mo Moyeng, a a tsamaye le ene yo o bokowa, gore a mo nonotshe maikutlo ka bopelonolo jotlhe, gore a ka thatafala le ene.

107 Ke gone ka moo, tsamaya le bao ba ba tlhomilweng mo boperesiting jo bo potlana, mme o ba romele kwa pele ga gago go rulaganya bokopano, le go baakanya tsela, mme a ye bokopano jo wena ka sebele o retelelwang ke go bo ya.

108 Bonang, se ke tsela e baaposetole ba me, mo malatsing a bogologolo, ba nkagetseng kereke ka gone.

109 Ke gone ka moo, a motho mongwe le mongwe a eme mo ofisisng ya gagwe, mme a dire mo pitsong ya gagwe; mme a tlhogo e se re go dinao ga e di tlhoke; gonne kwa ntle ga dinao mmele o ka nonofela jang go ema?

110 Le one mmele o tlhoka leloko lengwe le lengwe, gore tsotlhe di ka nonotshiwa mmogo, gore mmele o ka nna boitekanelo.

111 Mme bonang, baperesiti ba bagolo ba tshwanetse go tsamaya, mme le bone bagolwane, mme le bone baperesiti ba ba potlana; mme batiakone le baruti ba tshwanetse go tlhomiwa go lebelela kereke, go nna badiredi ba se nnela ruri ba kereke.

112 Mme bishopo, Newel K. Whitney, le ene o tshwanetse a tsamaye mo tikologong le mo gare ga dikereke tsotlhe, a batla bahumanegi go ba direla mo matlhokong a bone ka go kokobetsa bahumi le baikgogomosi.

113 Le gone o tshwanetse go thapa moemedi go tsaya taolo le go dira tiro ya lobako lono fela jaaka a tlaa kaela.

114 Le fa gontse jalo, a bishopo a tsamaele kwa toropong ya New York, le gone kwa toropong ya Albany, mme le gone kwa toropong ya Boston, mme a tlhagise batho ba ditoropo tseo ka tumo ya efangele, ka lentswe le le kwa godimo, la tshwafatso le la tshenyego gotlhele e e ba emetseng fa ba gana dilo tse.

115 Gonne fa ba gana dilo tse oura ya katlholo ya bone e gaufi, mme ntlo ya bone ba tlaa e tlogelelwa e le letlotla.

116 A a ikanye mo go nna mme ga a kitla a tlhabisiwa ditlhong; mme moriri wa tlhogo ya gagwe ga o kitla o wela fatshe o sa lemogiwe.

117 Mme ammaaruri Ke a lo raya, ba bangwe botlhe ba batlhanka ba me, tsamayang jaaka diemo tsa lona di tlaa letla, mo dipitsong tsa lona tse di farologanyeng, mo ditoropong le metse tse dikgolo le tse di itsegeng, le kgalemelela lefatshe mo tshiamong ka ga tshiamololo yotlhe ya lone le ditiro tse e seng tsa semodimo, le tlhalosa sentle gore batho ba tle ba tlhaloganye makgapha a a swafatsang mo metlheng ya bofelo.

118 Gonne, ka wena go bua Morena Mothatayotlhe, ke tlaa senya magosi a bone; Ga Ke kitla ke tshikinya lefatshe fela, mme magodimo a a tletseng dinaledi a tlaa roroma.

119 Gonne Nna, Morena, ke ntshitse seatla sa me go bonatsha dithata tsa legodimo; ga lo ka ke lwa e bona jaanong, e tswa ka lobakanyana mme lo tlaa e bona, mme lo itse gore Ke nna, le gore Ke tlaa tla mme ke buse le batho ba me.

120 Ke nna Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo. Amene.