Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 64


Tsetlana 64

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti go bagolwane ba Kereke, kwa Kirtland, Ohio, Lwetse 11, 1831. Moperofeti o ne a ipaakanyetsa go fudugela kwa Hiram, Ohio, go tsweledisa tiro ya gagwe ya go ranola Baebele, e e neng e beetswe kwa thoko fa a ne a ntse a le mo Missiouri. Setlhopha sa bakaulengwe ba ba neng ba laetswe go ya Sione (Missiouri) ba ne ba gakaletse go dira dipaakanyetso go tloga ka Phalane. Ka nako e ya tlhwaafalo, tshenolo e ne ya amogelwa.

1–11, Baitshepi ba laelwa go itshwarelana, e sere kgotsa go sa le mo go bone sebe se segolo; 12–22, Ba ba sa ikwatlhayang ba tlaa tlisiwa fa pele ga Kereke; 23–25, Yo o ntshitseng tsa bolesome ga a ka ke a fisiwa ka go tla ga Morena; 26–32, Baitshepi ba tlhagisiwa kgatlhanong le sekoloto; 33–36, Batsuolodi ba tlaa tlosiwa mo Sione; 37–40, Kereke e tlaa atlhola ditšhaba; 41–43, Sione o tlaa tlhogonolofala.

1 Bonang, go bua jaana Morena Modimo wa lona mo go lona, Ao Lona bagolwane ba kereke ya me, reetsang mme le utlwe, mme lo amogele thato ya me mabapi le lona.

2 Gonne ammaaruri Ke a lo raya, ke rata gore lo fenye lefatshe; ke gone ke tlaa lo tlhomogela pelo.

3 Go na le bao mo gare ga lona ba ba leofileng; mme ammaaruri Ke a lo raya, gangwefela, ka kgalalelo ya me, mme le ka poloko ya mewa, Ke le itshwaretse dibe tsa lona.

4 Ke tlaa le utlwelabotlhoko, gonne Ke lo neetse bogosi.

5 Mme dilotlele tsa masaitsiweng a bogosi ga di kitla di tsewa mo motlhankeng wa me Joseph Smith, Jun., ka tsela e ke e laotseng, fa a santse a tshela, e re ka a obamela ditao tsa me.

6 Go na le bao ba ba batlileng seipato go mmaya molato ka bomo;

7 Le fa go ntse jalo, o leofile; mme Nna, Morena ammaaruri Ke a lo raya, ke itshwarela dibe bao ba ba ipolelang dibe tsa bone fa pele ga me mme ba kopa boitshwarelo, ba ba sa leofelang go isa losong.

8 Barutwana ba me, mo metlheng ya bogologolo, ba ne ba senka seipato sa go baana melato mme ba sa itshwarelane mo dipelong tsa bone; mme ka ntlha ya bosula jo ba ne ba tlhokofadiwa le go otlhaiwa mo go botlhoko.

9 Ke gone, Ke a lo raya, gore lo tshwanetse go itshwarelelana; gonne yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ditlolo o emetse tshekiso fa pele ga Morena; gonne mo go ene go setse sebe se segolo.

10 Nna, Morena, Ke tlaa itshwarela yo ke tlaa mo itshwarelang, mme lona lo lopiwa gore lo itshwarele batho botlhe.

11 Mme lo tshwanetse gore lo re mo dipelong tsa lona—a Modimo a atlhole fa gare ga me le wena, mme a go direle go yeng ka ditiro tsa gago.

12 Mme yo o sa ikwatlhaeleng dibe tsa gagwe, mme a sa di bolele, lo mo tsise fa pele ga kereke, mme lo dire ka ene jaaka dikwalo tse di boitshepo di lo raya, le fa e le ka taolo kgotsa ka tshenolo.

13 Mme se lo tlaa se dira gore Modimo a tle a galalediwe—e seng ka ntlha ya gore ga lo itshwarele, ka ntlha ya gore ga lo na boutlwelobotlhoko, mme gore lo tle lo siamisiwe mo ponalong ya molao, gore lo se kgopise ene yo e leng motlhomi wa molao—

14 Ammaaruri Ka re, ka lebaka le lo tlaa dira dilo tse.

15 Bonang, Nna, Morena, ke ne ka galefela ene yo e neng e le motlhanka wa me Ezra Booth, mme le ene motlhanka wa me Isaac Morley, gonne ga ba a ka ba tshegetsa molao, le fa e le taelo;

16 Ba ne ba senka bosula mo dipelong tsa bone, mme Nna, Morena, ka kganela Mowa wa me. Ba atlholetse bosula selo seo se mo go sone go neng go sena bosula; le fa gontse jalo ke itshwaretse motlhanka wa me Isaac Morley.

17 Mme le gone motlhanka wa me Edward Partridge, bonang, o leofile, mme Satane o batla go senya mowa wa gagwe; mme mogang ba itsisiwe dilo tse, mme ba ikwatlhaela bosula, ba tlaa itshwarelwa.

18 Mme jaanong, ammaaruri Ka re go tshwanetse mo go nna gore motlhanka wa me Sidney Gilbert, morago ga dibeke di se kae, a boele mo kgwebong ya gagwe, le mo boemeding jwa gagwe mo lefatsheng la Sione;

19 Mme seo se a se boneng le se a se utlwileng se ka itsisiwe barutwana ba me, gore ba seka ba nyelela. Mme ka lebaka le Ke buile dilo tse.

20 Mme gape, Ke a lo raya, gore motlhanka wa me Isaac Morley a ka se raelwe ka mo go fetang se a nonofetseng go se itshokela, mme a gakolola ka tshokamo go le utlwisa botlhoko, Ke neetse taelo gore tshimo ya gagwe e rekisiwe.

21 Ga ke rate gore motlhanka wa me Frederick G. Williams a rekise tshimo ya gagwe, gonne Nna, Morena, ke solofetsa go tshegetsa kago ya phemelo mo lefatsheng la Kirtland, ka sebaka sa ngwaga tse tlhano, tse mo go tsone ke se kitlang ke senya baikepi, gore ka gone moo ke tle ke boloke bangwe.

22 Mme morago ga letsatsi leo, Nna, Morena, ga ke kitla ke bona ope molato yo a tlaa tsamayang ka pelo e e bulegileng go ya kwa lefatsheng la Sione, gonne Nna, Morena, ke batla dipelo tsa bana ba batho.

23 Bonang, jaanong go bidiwa gompieno go fitlha go tla ga Morwa Motho, mme ammaaruri ke letsatsi la setlhabelo, le letsatsi la go ntsha ditsabolesome tsa batho ba me; gonne yo o ntshitseng tsa bolesome ga a kitla a fisiwa mo go tleng ga gagwe.

24 Gonne morago ga gompieno go tla go fisiwa—se ke go bua ka fa mokgweng wa Morena—gonne ammaaruri Ka re, kamoso botlhe baikgogomosi le bone bao ba ba dirang boikepo ba tlaa nna jaaka dirite; mme ke tlaa ba fisa, gonne Ke Morena wa Masomosomo; mme ga ke kitla Ke rekegela ope o o salang mo Babilone.

25 Ke gone, fa lo ntumela, lo tlaa dira fa go santse go bidiwa gompieno.

26 Mme ga go tshwanela gore batlhanka ba me Newel K. Whitney le Sidney Gilbert, ba rekise mabentlele a bone le dilwana tsa bone fano; gonne se ga se tlhalefo go fitlha masaledi a kereke, a a salang mo lefelong le, a tlaa tlhatlhogela kwa lefatsheng la Sione.

27 Bonang, go builwe mo melaong ya me, kgotsa go ileditswe, go tsena mo sekolotong le baba ba lona;

28 Mme bonang, ga go a buiwa ka nako epe gore Morena ga a tshwanela go tsaya fa a rata, mme a duele jaaka a bona go le molemo mo go ene.

29 Ke gone, jaaka lo le baemedi, lo mo thomong ya Morena; mme le fa e le eng se lo se dirang ka fa thatong ya Morena ke tiro ya Morena.

30 Mme o lo tlhomile go tlamela baitshepi ba gagwe mo malatsing ano a bofelo, gore ba tle ba amogele boswa mo lefatsheng la Sione.

31 Mme bonang, Nna, Morena, ke a lo bolelela, mme mafoko ame a tlhomame e bile ga a kitla a palelwa, gore ba tle ba a amogele.

32 Mme dilo tsotlhe di tshwanetse go diragala mo nakong ya tsone.

33 Ke gone, se lapeng mo go direng molemo, gonne lo thaya motheo wa tiro e kgolo. Mme go tswa mo dilong tse dinnye go tswa tseo tse dikgolo.

34 Bonang, Morena o batla pelo le tlhaloganyo e e etleetsegileng; mme ba ba etleetsegileng ba le kutlo ba tlaa ja molemo wa lefatshe la Sione mo malatsing a bofelo.

35 Mme batsoulodi ba tlaa kgaolwa mo lefatsheng la Sione, mme ba tlaa kobiwa, mme ga ba kitla ba rua lefatshe.

36 Gonne, ammaaruri Ka re batsuolodi ga se ba madi a ga Eforeime, ke gone ba tlaa tomolwa.

37 Bonang, Nna, Morena, ke dirile kereke ya me mo malatsing ano a bofelo jaaka moatlhodi yo o ntseng mo lentsweng, kgotsa mo lefelong le le kwa godimo, go atlhola ditšhaba.

38 Gonne go tlaa diragala gore banni ba Sione ba atlhole dilo tsotlhe tse e leng tsa Sione.

39 Mme baaki le baitimokanyi ba tlaa lekwa ka bone, mme bao ba e seng baaposetole le baperofeti ba tlaa itsiwe.

40 Mme le ene bishopo, yo o e leng moatlhodi, le bagakolodi ba gagwe, fa ba se boikanyego mo tebalebelong ya bone ba tlaa atlholwa, mme ba bangwe ba tlaa tlhomiwa mo boemong jwa bone.

41 Gonne, bonang, Ke a lo raya gore Sione o tlaa tlhogonolofala, mme kgalalelo ya Morena e tlaa nna mo go ene;

42 Mme o tlaa nna mokgele mo bathong, mme go tlaa tla bangwe kwa go ene go tswa tshabeng nngwe le nngwe ka fa tlase ga legodimo.

43 Mme letsatsi le tlaa tla mogang ditšhaba tsa lefatshe di tlaa roromang ka ntlha ya gagwe, mme ba boifa ka ntlha ya ba ba boitshegang ba gagwe. Morena o go buile. Amene.