Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 95


Tsetlana 95

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 1, 1833. Tshenolo e ke tswelediso ya ditaelo tsa selegodimo go aga ntlo ya kobamelo le ya borutelo, ntlo ya Morena (bona tsetlana 88:119–136).

1–6, Baitshepi ba otlhaelwa go palelwa ke go aga ntlo ya Morena; 7–10, Morena o eletsa go dirisa ntlo ya Gagwe go apesa batho ba Gagwe ka thata go tswa kwa godimo; 11–17, Ntlo e tshwanetse go tshwaelwa go nna lefelo la kobamelo le la sekolo sa Baaposetole.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena le lona bao Ke le ratang, mme bao ke ba ratang le gone ke a ba otlhaya gore dibe tsa bone di itshwarelwe, gonne ka kwatlhao ke baakanya tsela ya kgololo ya bone mo dilong tsotlhe go tswa mo thaelong, e bile Ke lo ratile—

2 Ke gone, lo tshwanetse go otlhaiwa mme la kgalemelwa fa pele ga sefatlhogo sa me;

3 Gonne lo nteofetse ka sebe se se botlhoko thata, gonne ga lo a ela tlhoko taelo e kgolo mo dilong tsotlhe, e o Ke lo e neetseng mabapi le go aga ntlo ya me;

4 Gonne ka paakanyetso e ke ikaelelang go baakanya baaposetole ba me ka yone go poma tshimo ya me ya mofine la bofelo, gore Ke diragatse ditiro tsa me tse di gakgamatsang, gore Ke ka goromeletsa Mowa wa me mo nameng yotlhe—

5 Mme bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore go na le ba le bantsi ba ba tlhomilweng mo gare ga lona, ba ke ba biditseng mme ba ba itshenketsweng ba ba botlana.

6 Bao ba ba sa itshenkelwang ba leofile teofo e botlhoko thata, ka ntlha ya gore ba tsamaya mo lefifing motshegare wa sethoboloko.

7 Mme ka lebaka le Ke lo neetse taelo gore lo bitse phuthego ya lona e e masisi, gore go itima dijo ga lona le khutsafalo ya lona di tle di tlhatlogele mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo, yo e leng ka phuthololo, mmopi wa letsatsi la ntlha, tshimologo le bokhutlo.

8 Ee, ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo neetse taelo gore lo tshwanetse go aga ntlo ya me, ntlo e mo go yone ke ikaeletseng go ba apesa nonofo bao ba Ke ba itshenketseng ka thata e e tswang kwa godimo;

9 Gonne se ke tsholofetso ya ga Rara mo go lona; ke gone ka moo Ke lo laela gore lo name lo sa eme, jaaka baaposetole ba me kwa Jerusalema.

10 Le fa gontse jalo, batlhanka ba me ba leofile teofo e e botlhoko thata; mme dikganetsanyo di ne tsa tsoga mo sekolong sa baperofeti, tse di neng tsa nkutlwisa botlhoko thata, go bua Morena wa lona, ke gone ka moo ke ba lelekile gore ba otlhaiwe.

11 Ammaaruri Ke a lo raya, ke thato ya me gore lo tshwanetse go aga ntlo. Fa lo tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa nna le thata go e aga.

12 Fa lo sa tshegetse ditaelo tsa me, lorato lwa ga Rara ga le kitla le nna mo go lona, ke gone ka moo lo tlaa tsamaya mo lefifing.

13 Jaanong se ke botlhale, le tlhaloganyo ya Morena—a ntlo e agwe, e seng ka fa mokgweng wa lefatshe, gonne ga Ke lo laole gore lo tshele ka fa mokgweng wa lefatshe;

14 Ke gone ka moo, a e agiwe ka fa mokgweng o Ke tlaa o supang mo gare ga lona ba bararo, ba lo tlaa ba tlhomang le bo lo ba tlhomamisa mo thateng e.

15 Mme selekanyo sa yone se nne dikgato tse di masome a matlhano le botlhano ka bophara, mme e nne dikgato tse di masome a marataro le botlhano ka boleele, mo lwapeng lwa yone mo teng.

16 Mme a karolo e e ko tlase ya lelwapa mo teng ke e tshwaelwe go nna tshupelo ya sakaramente sa lona, le ya go rera ga lona, le ya go itima dijo ga lona, le ya go rapela ga lona, le go isa tshupelo ya dikeletso tsa lona tse di boitshepo bogolo kwa go nna, go bua Morena.

17 Mme a karolo e e kwa godimo ya lelwapa mo teng ke e tshwaelwe go nna ya sekolo sa baaposetole ba me, go bua Morwa Ahman; kgotsa, ka mafoko a mangwe, Alefase; kgotsa, ka mafoko a mangwe, Omeguse; e bong Jeso Keresete Morena wa lona. Amene.