Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 111


Tsetlana 111

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Salem, Massachusetts, Phatwe 6, 1836. Ka nako e baeteledipele ba Kereke ba ne ba le mo dikolotong tse dikgolo ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa tirelo. Fa ba utlwa gore go ka nna le selekanyo se se tona sa mo go bone kwa Salem, Moperofeti, Sidney Rigdon, Hyrum Smith, le Olivery Cowdery ba ya koo go tswa kwa Kirtland, Ohio, go tlhotlhomisa magatwe a, gape le go rera efangele. Bakaulengwe ba dira tiro tse dingwe tse di farologanyeng tsa Kereke mme ba dira dithero tse dingwe. Fa go itshupa gore go ne go sena madi a a neng a tlaa nna teng, ba boela kwa Kirtland. Dingwe tsa tse di botlhokwa ka fa morago di supega mo go rulagangwe ga mafoko a tshenolo e.

1–5, Morena o tlhokomela matlhoko a lobaka lono a batlhanka ba Gagwe; 6–11, O tlaa utlwela Sione botlhoko le go rulaganya dilo tsotlhe go direla batlhanka ba Gagwe molemo.

1 Nna, Morena Modimo wa lona, ga ke a itumelela go tla ga lona mo loetong le, le ntswa boeleele jwa lona.

2 Ke na le matlotlo a mantsi mo toropong e a lona, go thusa Sione, le batho ba le bantsi mo toropong e, ba Ke tlaa ba phuthang mo nakong e e tshwanetseng go thusa Sione, ka go dirisiwa ga lona.

3 Ke gone ka moo, go tshwanetse gore lo tshwanetse go dira botsalano le batho mo toropong e, jaaka lo tlaa kaelwa, le jaaka lo tlaa neelwa.

4 Mme go tlaa diragala mo nakong e e tshwanetseng gore ke tlaa lo neela toropo e mo diatleng tsa lona, gore lo nne le thata mo go yone, ga ba ga tla gore ba seka ba bona maikaelelo a lona; le mahumo a yone a e leng gouta le selefera a tlaa nna a lona.

5 Se tshwenyegeng ka dikoloto tsa lona, gonne ke tlaa lo neela thata go di duela.

6 Se tshwenyegeng ka Sione, gonne ke tlaa mo utlwela botlhoko.

7 Diegang mo lefelong le, le mo dikarolong tse di mo tikologong;

8 Le lefelo kwa e le e leng thato ya me gore lo tshwanetse go diega, thata, le tlaa a kaiwa mo go lona ka kagiso le thata ya Mowa wa me, yo o tlaa fologelang mo go lona.

9 Mme lefelo le lo ka lo amogela ka tuelo. Mme botsisisang ka tlhwaafalo mabapi le ba banni ba bogologolo thata le bathei ba toropo e;

10 Gonne go na le matlotlo a fetang bongwe a lona mo toropong e.

11 Ke gone ka moo, nna botlhale jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo lo sena sebe; mme ke tlaa rulaganya dilo tsotlhe go le direla molemo, ka bonako jo lo ka nonofelang go di amogela. Amene.