Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 12


Tsetlana 12

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Joseph Knight Sr., kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829. Joseph Knight o ne a dumela dikitsiso ya ga Joseph Smith mabapi le go tshola dipapetlana ga gagwe tsa Buka ya ga Momone le tiro ya thanolo e e neng e tsweletse ka nako eo mme mo metlheng e le mmalwa o ne a neetse Joseph Smith le mokwadi wa gagwe thuso ya di dirisiwa le dilo tsa botlhokwa, tse di neng di ba nonotsha go tswelela ba ranola. Ka kopo ya ga Joseph Knight, Moperofeti o ne a lopa Morena mme a amogela tshenolo.

1–6, Badiri mo tshimong ya mofine ba tlaa amogela poloko; 7–9, Botlhe ba ba eletsang mme ba nonofile ba ka thusa mo tirong ya Morena.

1 Tiro e kgolo e bile e gakgamatsa e tloga e tla mo gare ga bana ba batho.

2 Bona, ke Modimo, tlhokomela lefoko la me, le le tshedileng e bile le le tlhaga, le le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, mo go kgaoganyeng ditokololo le moko; ke gone ka moo tlhokomela lefoko la me.

3 Bona, tshimo e setse e le tshweu go robiwa, ke gone ka moo, yo o eletsang go roba, a a latlhele sekele ya gagwe ka maatla a gagwe, mme a robe nako e sale teng, gore a ka bolokela mowa wa gagwe poloko e e sa khutleng mo bogosing jwa Modimo.

4 Ee, le fa e le mang yo o tlaa latlhelang sekele ya gagwe mme a robe, ene yoo o bidiwa ke Modimo.

5 Ke gone ka moo, fa o ka lopa mo go nna o tlaa amogela; fa o kokota o tlaa bulelwa.

6 Jaanong, jaaka o lopile, bona, ke a go raya, tshegetsa ditaelo tsa me, mme o batle go tlisa le go tlhomamisa ntlha ya Sione.

7 Bona, ke bua le wena, mme le gone le botlhe ba ba nang le dikeletso go tlisa le go tlhomamisa tiro e;

8 Mme ga go ope yo o ka thusang mo tirong e fa e se fela a ikokobetsa e bile a tletse lorato, a na le tumelo, tsholofelo, le lorato, a le boikgapho mo dilong tsotlhe, le fa e le eng se a tlaa laelwang go se tlhokomela.

9 Bonang, ke nna lesedi le botshelo jwa lefatshe, yo ke buang mafoko a, ke gone ka moo tlhokomela ka maatla a gago, mme ke gone o biditswe. Amene.