Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 132


Tsetlana 132

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Nauvoo, Illinois, e e kwadilweng Phukwi 12, 1843, mabapi le kgolagano e ntšha le e e sa khutleng, e akaretsa bosakhutleng jwa kgolagano ya lenyalo le molawana wa lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe. Le fa tshenolo e ne e kwadilwe ka 1843, bosupi bo kaya gore mengwe ya melawana e e akareditsweng mo tshenolong e e ne e sale e itsilwe ke Moperofeti go le pele ka 1831. Bona Kitsiso Semmuso 1.

1–6, Kgalalelo ya Bosakhutleng e amogelwa ka kgolagano e ntsha le e e sa khutleng; 7–14, Ditsetlana le ditopo tsa kgolagano eo dibewa pele; 15–20, Lenyalo la selesetiale le tswelediso ya setlhopha sa lolwapa di nonotsha batho go nna medimo; 21–25, Tsela e tshesane le e e pitlaganyeng e isa kwa matshelong a bo sakhutleng; 26–27, Molao o a neelwa mabapi le go tlhapatsa Mowa o o Boitshepo; 28–39, Ditsholofetso tsa koketsego ya bo sa khutleng le kgalalelo ya bosakhutleng di direlwa baperofeti le Baitshepi mo metlheng yotlhe; 40–47, Joseph Smith o neetswe thata ya go bofa le go kana mo lefatsheng le kwa legodimong; 48–50, Morena o kana mo go ene kgalalelo ya gagwe ya bosakhutleng; 51–57, Emma Smith o gakololwa go nna boikanyego le boammaaruri; 58–66, Melao e e laolang lenyalo la basadi ba ba fetang bongwe e bewa pele.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena le wena motlhanka wa me Joseph, gore e re ka o lopile mo seatleng sa me go itse le go tlhaloganya ka fa Nna, Morena, ke siamisitseng batlhanka ba me Aberahame, Isake le Jakobe, jaaka le ene Moše, Dafite le Solomone, batlhanka ba me, mabapi le molawana le dithuto tsa go nna ga bone le basadi ba bantsi le dinyatsi—

2 Bona, mme leba, Ke Morena Modimo wa gago, mme ke tlaa go araba mabapi lentlha e.

3 Ke gone ka moo, baakanya pelo ya gago go amogela le go utlwa ditaelo tse ke tlogang ke go di neela; gonne botlhe bao ba ba senoletsweng molao o ba tshwanetse go obamela one oo.

4 Gonne bona, ke go senolela kgolagano e ntšha le e e sa khutleng; mme fa o sa obamele kgolagano eo, ke gone o hutsitswe; gonne ga go ope yo o ka ganang kgolagano e mme a letlelelwe go tsena mo kgalalelong ya me.

5 Gonne botlhe ba ba tlaa nna le tshegofatso mo diatleng tsa me ba tlaa obamela molao o o neng o laoletsweng tshegofatso eo, le ditopo tsa one, jaaka di ne di tlhomamisitswe e sale pele ga motheo wa lefatshe.

6 Mme mabapi le kgolagano e ntšha e e sa khutleng, e ne e tlhomamiseditswe botlalo jwa kgalalelo ya me; mme ene yo o amogelang botlalo jwa yone o tshwanetse e bile o tlaa obamela molao, kgotsa o tlaa hutsiwa, go bua Morena Modimo.

7 Mme ammaaruri Ke a lo raya, gore ditopo tsa molao o ke tse: Tsotlhe dikgolagano, ditumalano, melao, maikarabelo, maitlamo, maikano, ditirafatso, dikopano, botsalano, kgotsa ditsholofelo, tse di sa dirwang le go tsena mo go tsone e bile di sa kanwa ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, ke ene yo o tloditsweng, gotlhe ka lobaka le ka bosakhutleng jotlhe, le tseo le tsone tse di boitshepo, ka tshenolo le taelo ka boemedi jwa motlodiwa wa me, yo ke mo tlhomileng mo lefatsheng go tshegetsa thata e (mme ke tlhomile motlhanka wa me Joseph go tshegetsa thata e mo malatsing a bofelo, mme ga go ke go nna fa e se a le mongwe mo lefatsheng ka nako yo o neetsweng thata e le dilotlele tsa boperesiti), ga di na boleng, molemo, kgotsa maatla ka nako ya le morago ga tsogo mo baswing; gonne ditumalano tsotlhe tse di sa dirwang ka maikaelelo a di na le bokhutlo fa batho ba sule.

8 Bonang, ntlo ya me ke ntlo ya thulaganyo, go bua Morena Modimo, mme e seng ntlo ya tlhakatlhakano.

9 A ke tlaa amogela tshupelo, go bua Morena, e e sa diriwang mo leineng la me?

10 Kgotsa a ke tlaa amogela mo diatleng tsa lona seo se ke sa se laolang?

11 Mme a ke tlaa lo laolela, go bua Morena, fa e se ka molao, fela jaaka Nna le Rara re tlhomile mo go lona, pele ga lefatshe le nna teng?

12 Ke Morena Modimo wa lona; me ke lo neela taelo e—gore ga go motho ope yo o tlaa tlang kwa go Rara fa e se ka nna kgotsa ka lefoko la me, le e leng molao wa me, go bua Morena.

13 Mme sengwe le sengwe se se mo lefatsheng, le fa se ka ne se tlhomilwe ke batho, ka ditilo tsa bogosi, kgotsa magosana, kgotsa dithata, kgotsa dilo tse di itsegeng, le fa e ka nna eng, tse e seng go ya ka nna kgotsa go ya ka lefoko la me, go bua Morena, se tlaa piriganngwa, mme ga se kitla se sala ga batho ba sena go swa, le fa e le ka nako ya kgotsa morago ga tsogo, go bua Morena Modimo wa gago.

14 Gonne le fa e le eng se se salang di tlhomilwe nna; mme le fa e le eng se se sa tlhomiwang ke nna di tlaa tshikingwa le go senngwa.

15 Ke gone ka moo, fa monna a nyala mosadi mo lefatsheng, mme a monyala e seng go yeng ka nna le fa e le go yeng ka lefoko la me, mme a golagana le ene ka lobaka fela le a leng mo lefatsheng mme ene le ene, kgolagano ya bone le lenyalo ga di na maatla fa ba sule, le fa ba dule mo lefatsheng; ke gone ka moo, ga ba a tshwaragangwa ka molao ope fa ba dule mo lefatsheng.

16 Ke gone ka moo, fa ba dule mo lefatsheng ga ba nyale le fa e le go newa mo nyalong; mme ba tlhomiwa baengele kwa legodimong, baengele ba e leng batlhanka ba badirelang, go direla bao ba tshwanetsweng segolo se segolo, se se feteletseng, le sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo.

17 Gonne baengele ba ga ba a obamela molao wa me; ke gone ka moo, ga ba kake ba okediwa, mme ba nna ba kgaogane e bile ba le nosi, ba sena kgalalelo ya bosakhutleng, mo seemong sa bone sa go bolokwa, mo bosakhutleng jotlhe; mme go tswa fa ga se medimo, mme ke baengele ba Modimo ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

18 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, fa monna a nyala mosadi, mme a dira kgolagano le ene ka lobaka le ka bosakhutleng jotlhe, fa kgolagano eo e se go ya ka nna kgotsa go ya ka lefoko la me, le e leng molao wa me, mme e sa kanwa ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, ka ene yo Ke mo tloditseng le go mo laolela thata e, ke gone ga e na tiriso le fa e le maatla fa ba dule mo lefatsheng, ka ntlha ya gore ga ba a tshwaraganngwa ke nna, go bua Morena, le fa e le go ya ka lefoko la me; fa ba dule mo lefatsheng ga e kake ya amogelwa koo, gonne baengele le medimo ba tlhomiwa koo, ba ba sa kakeng ba ba feta; ke gone ka moo, ga ba kake ba rua kgalalelo ya me; gonne ntlo ya me ke ntlo ya thulaganyo, go bua Morena Modimo.

19 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, fa monna a nyala mosadi go ya ka lefoko la me, le e leng molao wa me, le go ya ka kgolagano e ntsha e e sa khutleng, mme e kanetswe mo go bone ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, ka ene yo o tloditsweng, yo ke mo laoletseng thata e le dilotlele tsa boperesiti jo; mme ba tewe gotwe—Lo tlaa tswa mo tsogong ya ntlha; mme fa e le morago ga tsogo ya ntlha, mo tsogong e e latelang; mme lo tlaa rua ditulo tsa bogosi, magosi, magosana, le dithata, ditaolo, botlhe bogodimo le boteng—ke gone go tlaa kwadiwang mo Bukeng ya Botshelo ya Kwana, gore a se ka a bolaya mo a ka tsholola madi a a senang molato ka gone, mme fa lo obamela kgolagano ya me, mme lo sa bolae mo lo ka tshololang madi a a senang molato ka gone, go tlaa dirwa mo go bone mo dilong tsotlhe tsa sengwe le sengwe se motlhanka wa me a se beileng mo go bone, ka lobaka, le ka bosakhutleng jotlhe; mme e tlaa nna e e maatla ka botlalo fa ba dule mo lefatsheng; mme ba tlaa feta ka baengele, le medimo, ba ba tlhomilweng koo, mo kgalalelong ya bosakhutleng ya bone le kgalalelo mo dilong tsotlhe jaaka go kanetswe mo ditlhogong tsa bone, kgalalelo e e tlaabong e le botlalo le tswelediso ya dipeo ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

20 Ke gone ba tlaa nna medimo, gonne ga ba na bokhutlo; ke gone ka moo ba tlaa nna go tswa bo sa simologeng go ya kwa bosaengkae, gonne ba a tswelela; ke gone ba tlaa nna godimo go tsotlhe, gonne dilo tsotlhe di mo taolong ya bone. Ke gone ba tlaa nna medimo, gonne ba na le thata yotlhe, le baengele ba mo taolong ya bone.

21 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa e se lo obamela molao wa me, ga lo ka ke lwa fitlhelela kgalalelo e.

22 Gonne kgoro e pitlagane, le tsela e tshesane e e isang kgalalelongy a bosakhutleng le tswelediso ya matshelo, mme ke ba se kae bao ba ba e bonang, gonne ga lo a nkamogela mo lefatsheng le fa e le go nkitse.

23 Mme fa lo nkamogela mo lefatsheng, ke gone lo tlaa nkitse, mme lo tlaa amogela kgalalelo ya bosakhutleng ya lona; gore kwa ke teng le lona lo nne teng.

24 Se ke matshelo a bo sa khutleng—go itse Modimo fela yo o botlhale le wa boammaaruri, le Jeso Keresete, yo a mo romileng. Ke ene. Ke gone ka moo, amogelang molao wa me.

25 Kgoro e atlhame, le tsela e atlhame e e isang mo masong; mme go na le ba le bantsi ba ba tsenang ka yone, ka ntlha ya gore ga ba nkamogele, le fa e le go obamela molao wa me.

26 Ammaaruri, ammaruri, Ke a lo raya, fa monna a nyala mosadi go ya ka lefoko la me, mme ba kanwe ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, go ya ka taolo ya me, mme ene al dira boleo bope kgotsa a tlola kgolagano e ntsha le e e sa khutleng, le fa e le sefe, le mekgwa yotlhe ya ditlhapatso, mme fa ba sa bolae mo go seo ba tsholola madi a a senang molato, le fa go ntse jalo ba tlaa tswa mo tsogong ya ntlha, mme ba tsene mo kgalalelong ya bosakhutleng ya bone; mme ba tlaa sengwa mo nameng, mme ba tlaa neelwa mo dikiteong tsa ga Satane mo letsatsing la thekololo, go bua Morena Modimo.

27 Tlhapatso ya Mowa o o Boitshepo, e e se kitlang e e itshwarelwa mo lefatsheng le fa e le go tswa mo lefatsheng, e mo goreng loa bolaya mo lo tshololang madi a a senang molato ka gone, mme lo dumalana le loso lwa mme, morago ga lo sena go amogela kgolagano e ntshale e e sa khutleng, go bua Morena Modimo; mme yo a sa obameleng molao o ga a kitla ka gope a tsena mo kgalalelong ya me, mme o tlaa hutsiwa, go bua Morena.

28 Ke Morena Modimo wa gago, mme ke tlaa go neela molao wa Boperesiti jwa me jo bo Boitshepo, jaaka bo ne bo tlhomilwe ke nna le Rara pele ga lefatshe le nna.

29 Aberahame o amogetse dilo tsotlhe, sengwe le sengwe se a se amogetseng, ka tshenolo le taelo, go ya ka lefoko la me, go bua Morena, mme o tsene mo kgalalelong ya bosakhutleng ya gagwe e bile o ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi.

30 Aberahame o amogetse ditsholofetso mabapi le peo ya gagwe, le ya leungo la matheka a gagwe—yo o tswang mo mathekeng a gagwe, e bong, motlhanka wa me Joseph—e e neng e tshwanetse go tswelela fela jaaka ba ne ba le mo lefatsheng; mme mabapi le Aberahame le peo ya gagwe, go tswa mo lefatsheng ba tlaa tswelela; gotlhe mo lefatsheng le go tswa mo lefatsheng fa ba ka tswelela jaaka losagaripa la dinaledi; kgotsa, fa lo ne lo ka bala moshwawa mo letshitshing la lewatle ga lo ka ke lwa ba bala.

31 Tsholofetso e ke ya lona le lona, gonne le ba ga Aberahame, mme tsholofetso e ne e dirilwe mo go Aberahame; mme ka molao o ke tswelediso ya ditiro tsa ga Rara, tse a ikgalaletsang mo go tsone.

32 Ke gone ka moo, tsamayang mme lo dire ditiro tsa ga Aberahame; tsenang mo molaong wa me mme lo tlaa bolokwa.

33 Mme fa lo sa tsene mo molaong wa me ga lo kake lwa amogela tsholofetso ya ga Rara, e a e dirileng mo go Aberahame.

34 Modimo o laotse Aberahame, mme Sara a neela Aberahame Haga go nna mosadi. Mme ke ka ntlhayang a ne a dira se? Gonne se e ne e le molao; mme go tswa mo go Haga ga tswa batho ba bantsi. Se, ke gone ka moo, se ne se diragatsa, mo gare ga dilo tse dingwe, ditsholofetso.

35 Ke gone ka moo, a Aberahame o ne a le ka fa tlase ga tshekiso? Ammaaruri Ke a lo raya, Nyaa; gonne Nna, Morena, ke se laotse.

36 Aberahame o ne a laelwa go neela morwa wa gagwe Isake; le fa go ntse jalo, go ne go kwadilwe: O seka wa bolaya. Aberahame le fa gontse jalo, ga a ka a gana, mme go ne ga kaiwa mo go ene e le tshiamo.

37 Aberahame o amogetse dinyatsi, mme ba mo tsholetse bana; mme go ne ga kaiwa mo go ene e le tshiamo, ka ntlha ya gore o ne a ba neetswe, mme a obametse molao wa me; jaaka Isake le gone le Jakobe ga ba dira dilo dipe tse dingwe bogolo go tseo tse ba neng ba di laoletswe; mme ka ntlha ya gore ga ba a dira dilo dipe tse dingwe bogolo go tseo tse ba neng ba di laoletswe, ba tsene mo kgalalelong ya bosakhutleng ya bone, go ya ka ditsholofetso, mme ba ntse mo ditulong tsa bogosi, mme ga se baengele ke medimo.

38 Dafite le ene o amogetse basadi ba bantsi le dinyatsi, mme le gone Solomone le Moše batlhanka ba me, jaaka le bone ba bangwe ba bantsi ba batlhanka ba me, go tswa kwa tshimologong ya tlholego go fitlhelela nako e; mme ga ba a leofa mo go sepe fa e se mo dilong tseo tse ba sa di amogelang mo go nna.

39 Basadi ba ga Dafite le dinyatsi o ne a ba neetswe ke nna, ka seatla sa Nathane, motlhanka wa me, le ba bangwe baperofeti ba ba neng ba na le dilotlele tsa thata e; mme mo go sepe sa dilo tse ga a a nteofela fa e se fela mo ntlheng ya ga Uria le mosadi wa gagwe; mme, ke gone ka moo a oleng mo kgalalelong ya bosakhutleng ya gagwe, e bile o amogetse kabelo ya gagwe; mme ga a kitla a ba rua go tswa mo lefatsheng, gonne Ke ba neetse yo mongwe, go bua Morena.

40 Ke Morena Modimo wa gago, mme ke go neetse, motlhanka wa me Joseph, thomo, mme buseletsa dilo tsotlhe. Kopa se o se ratang, mme o tlaa se neelwa go ya ka lefoko la me.

41 Mme jaaka o lopile mabapi le boaka, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, fa monna a amogela mosadi mo kgolaganong e ntsha le e e sa khutleng, mme fa a nna le monna yo mongwe, mme ke sa mo mo laolela ka tlotso e e boitshepo, o dirile boaka e bile o tlaa senngwa.

42 Fa a se mo kgolaganong e ntsha le e e sa khutleng, mme a nna le monna yo mongwe, o dirile boaka.

43 Mme fa monna wa gagwe a nna le mosadi yo mongwe, mme a ne a le ka fa tlase ga maikano, o robile maikano a gagwe e bile o dirile boaka.

44 Mme fa a sa dira boaka, mme a sena molato e bile a sa roba maikano a gagwe, mme a itse, mme ke a e go senolela, motlhanka wa me Joseph, ke gone o tlaa nna le thata, ka thata ya Boperesiti jwa me jo bo Boitshepo, go mo tsaya le go mo neela ene yo a sa dirang boaka mme a ntse a le boikanyego; gonne o tlaa dirwa molaodi mo go ba le bantsi.

45 Gonne ke go neetse dilotlele le thata ya boperesiti, jo ke buseleditseng dilo tsotlhe ka jone, le go go itsise dilo tsotlhe mo nako e e tshwanetseng.

46 Mme ammaaruri, ammaaruri, Ke a go raya, gore sengwe le sengwe se o se kanang mo lefatsheng se tlaa kanwa kwa legodimong; mme sengwe le sengwe se o se bofang mo lefatsheng, mo leineng la me go ya ka lefoko la me, go bua Morena, se tlaa bofiwa ka bo sa khutleng kwa legodimong; mme le fa e le mang yo dibe tsa gagwe o di itshwarelang mo lefatsheng di tlaa itshwarelwa ka bo sa khutleng kwa legodimong; mme le fa e le mang yo dibe tsa gagwe o di gakologelwang mo lefatsheng di tlaa gakologelwa kwa legodimong.

47 Mme gape, ammaaruri ka re, le fa e le mang yo o mo segofatsang ke tlaa mo segofatsa, mme le fa e le mang yoo mo hutsang ke tlaa mo hutsa, go bua Morena; gonne Nna, Morena, ke Modimo wa gago.

48 Mme gape, ammaaruri ke a go raya, motlhanka wa me Joseph, gore le fae le eng se o se nayang mo lefatsheng, mme le fa e le mang yo o mo neelang mongwe ope mo lefatsheng, go ya ka lefoko la me le go ya ka molao wa me, se tlaa lekolwa ke tshegofatso mme e seng ke phutso, le ka thata ya me, go bua Morena, mme se tlaa nna se sena tshekiso mo lefatsheng le kwa legodimong.

49 Gonne ke Morena Modimo wa gago, mme ke tlaa nna le wena le e leng go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe, le ka bosakhutleng jotlhe; gonne ammaaruri ke kana mo go wena kgalalelo ya bosakhutleng, le go go baakanyetsa setulo sa bogosi mo bogosing jwa ga Rara, le Aberahame rraago.

50 Bona, Ke bone ditlhabelo tsa gago, mme ke tlaa itshwarela dibe tsa gago tsotlhe; ke bone ditlhabelo tsa gago mo boineelong jwa seo se ke se go boleletseng. Ke gone ka moo, tsamaya mme ke dira tsela ya go go falotsa, jaaka ke amogetse tshupelo ya ga Aberahame ya ga morwae Isake.

51 Ammaaruri, ke a go raya: Taelo ke e neela lelata la me, Emma Smith, mosadi wa gago, yo Ke mo go neetseng, gore a itshware mme a se tlhakanele seo se ke se go laetseng go se mo neela; gonne ke e dirile, go bua Morena, go le leka lotlhe, jaaka ke dirile Aberahame, le gore ke ka batla tshupelo mo seatleng sa gago, ka kgolagano le setlhabelo.

52 Mme a lelata la me, Emma Smith, a amogele botlhe bao ba ba neetsweng motlhanka wa me Joseph, mme ba ba molemo e bile ba itshekile fa pele ga me; mme bao ba ba sa itshekang, mme ba rile ba itshekile, ba tlaa senngwa, go bua Morena Modimo.

53 Gonne ke nna Morena Modimo wa gago, mme lo tlaa obamela lentswe la me; mme ke neela motlhanka wa me Joseph gore a dirwe molaodi mo dilong di le dintsi; gonne o ntse a le boikanyego mo dilong di se kae, mme go tswa fa ke tlaa mo nonotsha.

54 Mme ke laola lelata la me, Emma Smith, go nna le go ngaparela motlhanka wa me Joseph, mme e seng ope gape. Mme fa a gana go obamela taelo e o tlaa senngwa, go bua Morena; gonne ke nna Morena Modimo wa gago, mme ke tlaa mo senya fa a sa obamele molao wa me.

55 Mme fa a gana go obamela taelo e, ke gone motlhanka wa me Joseph o tlaa mo direla dilo tsotlhe, fela jaaka a buile; mme ke tlaa mo segofatsa le go mo ntsifatsa le go mo neela ga lekgolo mo lefatsheng le, mo go borraagwe le bommaagwe, bo morwarragwe le bo kgatsadie, matlo le mafatshe, basadi le bana le dirwalo tsa matshelo a bosakhutleng mo mafatsheng a bo sa khutleng.

56 Mme gape, ammaaruri ka re, a lelata la me le itshwarele motlhanka wa me Joseph ditlolo tsa gagwe; mme ke gone o tlaa itshwarelwa ditlolo tsa gagwe, tse a nteofetseng ka tsone; mme Nna, Morena Modimo wa gago, ke tlaa mo segofatsa, le go mo ntsifatsa, le go dira pelo ya gagwe gore e itumele.

57 Mme gape, ka re, a motlhanka wa me Joseph ase ntshe thoto ya gagwe mo diatleng tsa gagwe, e sere kgotsa mmaba a tle mme a mo senye; gonne Satane o batla go mo senya; gonne ke Morena Modimo wa gago, mme ke motlhanka wa me; mme bonang, mme lebang, ke na le ene, jaaka ke ne ke na le Aberahame, rraalona, le e leng go ya kwa kgalalelong ya bosakhutleng ya gagwe le kgalalelo.

58 Jaanong, mabapi le molao wa boperesiti, go na le dilo tse dintsi mabapi le one.

59 Ammaaruri, fa monna a bidiwa ke Rara, jaaka Arone, ka lentswe la me, le ka lentswe la ene yo o nthumileng, mme ke mo apesitse ka dilotlele tsa thata ya boperesiti jo, fa a dira sengwe mo leineng la me, le go ya ka molao wa me le go ya ka lefoko la me, ga a kitla a dira sebe, mme ke tlaa mo siamisa.

60 Ke gone ka moo, a mongwe ope a se kgale motlhanka wa me Joseph; gonne ke tlaa mo siamisa; gonne o tlaa dira setlhabelo se ke se batlang mo diatleng tsa gagwe sa ditlolo tsa gagwe, go bua Morena Modimo wa gago.

61 Mme gape, mabapi le molao wa boperesiti—fa monna mongwe a beelela lekgarebe, mme a eletsa go beelela le lengwe, mme wa ntlha a dumalana, mme fa a beelela wa bobedi, mme e le makgarebe, mme ba sa ikanela monna ope yo mongwe, ke gone o siamisitswe; ga a ka ke a dira boaka gonne o ba neetswe; gonne ga a kake a dira boaka ka seo se e leng sa gagwe mme e seng ope o sele.

62 Mme fa a na le makgarebe a le lesome a a neetswe ka molao o, ga a ka ke a dira boaka, gonne ke ba gagwe, e bile o ba neetswe; ke gone ka moo o siamisitswe.

63 Mme fa mongwe kgotsa a le mongwe wa makgarebe a a lesome, morago ga go beelelwa, a ka nna le monna yo mongwe, o dirile boaka, mme o tlaa senngwa; gonne o ba neetswe go ntsifala le go ata mo lefatsheng, go ya ka taelo ya me, le go diragatsa tsholofetso e e neetsweng ke Rara pele ga motheo wa lefatshe, mme le ya kgalalelo ya bosakhutleng ya bone mo mafatsheng a bo sa khutleng, gore ba ka tshola mewa ya batho, gonne mo go se tiro ya ga Rara ya tsweledisiwa, gore o ka galalediwa.

64 Mme gape, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa monna ope a na le mosadi, yo o nang le dilotlele tsa thata e, mme a mo ruta molao wa boperesiti jwa me, mabapi le dilo tse, kegone o tlaa dumela le go mo direla, kgotsa o tlaa senngwa, go bua Morena Modimo wa lona; gonne Ke tlaa mo senya; gonne ke tlaa godisa leina la me mo go botlhe bao ba ba amogelang le go obamela molao wa me.

65 Ke gone ka moo, go tlaa nna ka fa molaong mo go nna, fa a sa amogele molao o, gore ene a amogele dilo tsotlhe le fa e le eng se Nna, Morena Modimo wa gagwe, ke tlaa se mo neelang, ka ntlha ya gore ga a dumela le go mo direla go yeng ka lefoko la me; mme ene ke gone e nna motlodi; mme o seegelwa fa thoko mo molaong wa ga Sara, yo o diretseng Aberahame go ya ka molao fa Ke laela Aberahame go tsaya Haga go nna mosadi.

66 Mme jaanong, mabapi le molao o, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya ke tlaa go senolela mo gontsi, morago ga fa; ke gone ka moo, a se se lekane mo bo gompienong. Bona, Ke Alefa le Omega. Amene.