Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 66


Tsetlana 66

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Phalane 29, 1831. William E. McLellin o ne a kopa Morena mo sephiring go itsise ka Moperofeti karabo ya dipotso tse tlhano, tse Joseph Smith a neng a sa di itse. Ka kopo ya ga McLellin, Moperofeti a botsa Morena mme a amogela tshenolo e.

1–4, Kgolagano e e sa khutleng ke botlalo jwa efangele; 5–8, Bagolwane ba tshwanetse go rera, go paka, le go akantshana le batho; 9–13, Ditirelo tsa thomo tse di boikanyego di netefatsa boswa jwa botshelo jo bo sa khutleng.

1 Bonang, go bua jaana Morena le motlhanka wa me William E. McLellin—O sego, e re ka o boetse morago ditshiamololotsa gago, e bile o amogetse boammaaruri jwa me, go bua Morena Morekolodi wa gago, Mmoloki wa lefatshe, e bong wa botlhe ba ba dumelang mo leineng la me.

2 Ammaaruri ke a go raya, o sego gonne o amogetse kgolagano ya me e e sa khutleng, e bong botlalo jwa efangele ya me, e e rometsweng mo baneng ba batho, gore ba tle ba bone botshelo mme ba dirwe batlhakanedi ba dikgalalelo tse di tlaa senolwang mo malatsing a bofelo, jaaka go ne go kwadilwe ke baperofeti le baaposetole mo malatsing a bogologolo.

3 Ammaaruri Ke a go raya, motlhanka wa me William, gore o ntlafetse, mme e seng gotlhe; ikwatlhae, ke gone ka moo, mo dilong tseo tse di sa kgatlheng mo ponong ya me, go bua Morena, gonne Morena o tlaa di go supegetsa.

4 Mme jaanong, ammaaruri, Nna, Morena, ke tlaa go supegetsa thato ya me mabapi le wena, kgotsa gore thato ya me ke efe mabapi le wena.

5 Bona, ammaaruri Ke a go raya, gore ke thato ya me gore o tshwanetse go bolela efangele ya me go tswa lefatshe go ya lefatsheng le lengwe, le go tswa toropo go ya toropong e nngwe, ee, mo dikgaolo tseo tse di mo tikologong kwa e sa bolelwang teng.

6 Se diege malatsi a mantsi mo lefelong le; se name o tlhatlogetse kwa lefatsheng la Sione; mme e re ka o ka romela, romela; fa go sa nna jalo, se akanye ka dithoto tsa gago.

7 Ya kwa mafatsheng a botlhaba, o supe tshupo mo lefelong lengwe le lengwe, mo bathong botlhe le mo disinagogeng tsa bone, o akantshana le batho.

8 A motlhanka wa me Samuel H. Smith a tsamaye le wena, mme o se mo tlogele, mme o mo neele ditaelo tsa gago; mme yo o boikanyego o tlaa nonotshiwa mo lefelong lengwe le lengwe; mme Nna, Morena, ke tlaa tsamaya le wena.

9 Baya balwetse diatla, mme ba tlaa fola. Se bowe go fitlha Nna, Morena, ke go romela. Nna pelotelele mo dipogisegong. Kopa, mme o tlaa amogela; kokota, mme o tlaa bulelwa.

10 Se batle go ikimetsa. Tlogela tshiamololo yotlhe. Se dire boaka—thaelo e o ntseng o tshwenyegile ka yone.

11 Tshegetsa mafoko a, gonne a boammaaruri le boikanyego; mme o tlaa godisa ofisi ya gago, mme o kgarameletse batho ba bantsi kwa Sione ka dipina tsa boitumelo jo bo sa khutleng mo ditlhogong tsa bone.

12 Tswelela mo dilong tse go fitlha kwa bokhutlong, mme o tlaa nna le korone ya botshelo jo bosakhutleng mo seatleng sa moja sa ga Rara, yo o tletseng tshegofatso le boammaaruri.

13 Ammaaruri, go bua jaana Morena Modimo wa gago, Morekolodi wa gago, e bong Jeso Keresete. Amene.