Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 79


Tsetlana 79

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Mopitlo 12, 1832.

1–4, Jared Carter o bilediwa go rera efangele ka Mogomotsi.

1 Ammaaruri Ke a lo raya, gore Ke thato ya me gore motlhanka wa me Jared Carter a tsamaye gape a ye kwa mafatsheng a a ka kwa botlhabatsatsi, go tswa lefelo go ya lefelong le lengwe, le go tswa toropong go ya toropong e nngwe, ka thata ya tlhomamiso e a tlhomilweng ka yone, a bolela mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo, e bong efangele e e sa khutleng.

2 Mme Ke tlaa romela Mogomotsi, yo o tlaa mo rutang boammaaruri le tsela ye a tlaa e tsayang;

3 Mme e re ka a le boikanyego, Ke tlaa mo rwesa gape ka dingata.

4 Ke gone, a pelo ya gago e itumele, motlhanka wa me Jared Carter, e bile o se boife, go bua Morena wa gago, e bong Jeso Keresete. Amene.