Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 14


Tsetlana 14

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go David Whitmer, kwa Fayette, New York, Seetebosigo 1829. Ba lolwapa lwa ga Whitmer ba ne ba nnile le kgatlhego e kgolo mo thanolong ya Buka ya ga Momone. Moperofeti o ne a tlhomamisa bonno jwa gagwe kwa lwapeng la ga Peter Whitmer Sr., ko o a nnileng teng go fitlhelela tiro ya thanolo e isiwa motsubong le tetlelolo semmuso ya buka e e tlang e amogelwa. Barwa Whitmer ba le bararo, mongwe le mongwe wa bone a amogetse bopaki ka bonnete jwa tiro e, ba amega tota ka seemo sa maikarabelo a bone ka bongwe. Tshenolo e le tse pedi tse di latelang (ditsetlana 15 le 16) di ne tsa newa e le karabo ya potso ka Urime le Thumime. David Whitmer kgabagare a nna mongwe wa Basupi ba bararo ba Buka ya ga Momone.

1–6, Badiri mo tshimong ya mofine ba tlaa amogela poloko; 7–8, Botshelo jo bo sa khutleng ke neo e kgolo ya dineo tsotlhe tsa Modimo; 9–11, Keresete o tlhodile magodimo le lefatshe.

1 Tiro e kgolo e bile e e gakgamatsang e tloga e tla mo baneng ba batho.

2 Bona, Ke Modimo; tlhokomela lefoko la me, le le tshedileng e bile le le tlhaga, le le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, mo go kgaoganyeng ditokololo le moko; ke gone ka moo tlhokomela lefoko la me.

3 Bona, tshimo e setse e le tsweu go robiwa; ke gone ka moo, yo eletsang go roba, a a latlhele sekele ka thata ya gagwe, mme a robe nako e sale teng, gore a ka bolokela Mowa wa gagwe poloko e e sa khutleng mo bogosing jwa Modimo.

4 Ee, le fa e le mang yo o latlhelelang sekele ya gagwe mme a robe, ene yoo o bidiwa ke Modimo.

5 Ke gone ka moo, fa o ka lopa mo go nna o tlaa amogela; fa o kokota o tlaa bulelwa.

6 Batla go tlisa le go tlhomamisa Sione wa me. Tshegetsa ditaelo tsa me mo dilong tsotlhe.

7 Mme, fa o tshegetsa ditaelo tsa me le go itshoka go ya bokhutlong o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng, neo e e fetang dineo tsotlhe tsa Modimo ka bogolo.

8 Mme go tlaa diragala, gore fa o ka lopa Rara mo leineng la me, ka tumelo o dumela, o tlaa amogela Mowa o o Boitshepo, yo o neelang puo, gore o ka ema jaaka mosupi wa dilo tse o tlaa di utlwang le go di bona, mme le gone gore o ka bolela boikotlhao mo tshikeng e.

9 Bona, Ke Jeso Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng, yo o tlhodileng magodimo le lefatshe, lesedi le le sa kakeng la fitlhwa mo lefifing;

10 Ke gone, ke tshwanetse go tlisa botlalo jwa efangele go tswa mo go Baditšhaba go ya kwa ntlong ya Iseraele.

11 Mme bona, wena o David, mme o bileditswe go thusa; selo se fa o se dira, mme o le boikanyego, o tlaa segofadiwa semowa le ka lobaka lono fela, mme tuelo ya gago e tlaa nna kgolo. Amene.