Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 15


Tsetlana 15

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go John Whitmer, kwa Fayette, New York, Seetebosigo 1829. (bona setlhogo sa tsetlana 14.) Molaetsa o o tseneletseng e bile o kgatlhisa motho ka ntlha ya gore Morena o bolela ka se se neng se itsewe fela ke John Whitmer le Ene. John Whitmer kgabagare a nna mongwe wa Basupi ba ba ferangbobedi ba Buka ya ga Momone.

1–2, Letsogo la Morena le mo lefatsheng lotlhe; 3–6, Go rera efangele le go boloka mewa ke selo se se botlhokwa thata.

1 Utlwa, motlhanka wa me John, mme o reetse mafoko a ga Jeso Keresete, Morena le Morekolodi wa gago.

2 Gonne bona, ke bua le wena ka bogale le ka thata, gonne letsogo la me le mo lefatsheng lotlhe.

3 Mme ke tlaa go bolelela seo se go senang motho ope yo o se itseng fa e se nna le wena fela—

4 Gonne gantsi o lopile mo go nna gore o itse seo se se tlaa nnang botlhokwa thata mo go wena.

5 Bona, o sego ka ntlha ya selo se, le ka ntlha ya go bua mafoko a me a ke go a neetseng go ya ka ditaelo tsa me.

6 Mme jaanong, bona, ke a go raya, gore selo se se tlaa nnang botlhokwa thata mo go wena e tlaa nna go bolela boikotlhao mo bathong ba, gore o ka tlisa mewa kwa go nna, gore o ka bona tapologo le bone mo bogosing jwa ga Rara. Amene.