Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 71


Tsetlana 71

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Hiram, Ohio, Sedimonthole 1, 1831. Moperofeti o ne a tsweletse ka go ranola Baebele le Sidney Rigdon jaaka mokwadi wa gagwe go fitlhelela tshenolo e e amogelwa, ka lobaka lo e neng ka nakwana ya beelwa fa thoko gore ba tle ba nonotshediwe go diragatsa taelo e e neetswe moo. Bakaulengwe ba ne ba tshwanetse go tswelela ba rera gore ba tle ba fokotse maikutlo a a senang botsalano a a simologileng kgatlhanong le Kereke ka ntlha ya kanamiso ya makwalo a a kwadilweng ke Ezra Booth, yo o neng a kgelogile.

1–4, Joseph Smith le Sidney Rigdon ba romilwe go bolela efangele; 5–11, Baba ba Baitshepi ba tlaa tlhabisiwa ditlhong.

1 Bonang, go bua jaana Morena mo go lona batlhanka ba me Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon, gore ammaaruri nako e tlile e mo go yone go tlhokegang mme go tshwanetse mo go nna gore le tshwanetse go bula melomo ya lona go bolela efangele ya me, dilo tsa bogosi, le atolosa masaitsiweng a mo go jone, go tswa mo dikwalong tse di boitshepo, go ya ka kabelo ya Mowa le thata e lo tlaa e neelwang, fela jaaka Ke rata.

2 Ammaaruri Ke a lo raya, bolelang mo lefatsheng mo dikgaolong tse di mo tikologong, mme le gone mo kerekeng, ka lobakanyana, le e leng go fitlha lo itsisiwe.

3 Ammaaruri se ke thomo ka lobaka, e Ke lo e neelang.

4 Ke gone, dirang mo tshimong ya me ya mofine. Bitsang banni ba lefatshe, mme lo supe tshupo, mme baakanyang tsela ya ditaelo le ditshenolo tse di tlaa tlang.

5 Jaanong, bonang se ke tlhalefo; le fa e le mang yo o balang, a a tlhaloganye mme le gone a amogele;

6 Gonne mo go ene yoo amogelang go tlaa neelwa ka letlotlo, le e leng thata.

7 Ke gone, silofatsang baba ba lona; ba bitseng go kopana le lona gotlhe mo phatlalatseng le mo bo thokong; mme e re ka lole boikanyego ditlhong tsa bone di tlaa bonadiwa.

8 Ke gone, a ba ntshe mabaka a bone a a nonofileng kgatlhanong le Morena.

9 Ammaaruri, go bua jaana Morena mo go lona—ga gona sebetsa sepe se se dirilweng kgatlhanong le lona se se tlaa tlhogonolofalang;

10 Mme fa motho mongwe a tsholetsa lentswe kgatlhanong le lona o tlaa fenngwa mo nakong ya me e e tshwanetseng.

11 Ke gone, tshegetsang ditaelo tsa me; di boammaaruri le boikanyego. Fela jalo. Amene.