Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 75


Tsetlana 75

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Amherst, Ohio, Firikgong 25, 1832. Tsetlana e e akaretsa ditshenolo tse pedi tse di patologanyeng (ya ntlha mo ditemaneng 1 go ya go 22 le ya bobedi go ya mo ditemaneng 23 go ya go 36) e neetswe mo letsatsing lone leo. Lobaka e ne e le khonforenseng e kwa go yone Joseph Smith a neng a etleediwa le go tlhomiwa Moporesidente wa Boperesiti jo Bogolo. Bagolwane bangwe ba eletsa go ithuta mo gontsi ka ga ditiro tsa bone. Ditshenolo tse tsa latela.

1–5, Bagolwane ba ba boikanyego ba ba rerang efangele ba tlaa amogela botshelo jo bo sa khutleng; 6–12, Rapela go amogela Mogomotsi, yo o rutang dilo tsotlhe; 13–22, Bagolwane ba tlaa nna mo katlholong ya bao ba ba ganneng molaetsa wa bone; 23–36, Malwapa a baanamisa tumelo a ba amogele thuso go tswa mo Kerekeng.

1 Ammaaruri, ammaaruri Ke a lo raya, Nna yo ke buang fela ka lentswe la Mowa wa me, e bong Alefa le Omega, Morena wa lona le Modimo wa lona—

2 Utlwang, Ao! lona ba lo neetseng maina a lona go tswela pele go bolela efangele ya me, le go poma dikala tsa tshimo ya me ya mofine.

3 Bonang, Ke a lo raya gore ke thato ya me gore lo ka tswela pele mme lo se diege, le fa e le go tshwakgafala mme lo dire ka maatla a lona—

4 Le gelebetega jaaka tumo ya porompeta, lo bolela boammaaruri go ya ka ditshenolo le ditaelo tseo Ke lo di neetseng.

5 Mme jaana, fa lo le boikanyego lo tlaa belesediwa ka dingata tse dintsi, mme lo rweswe tlotlo, le kgalalelo, le bosasweng, le botshelo jo bosakhutleng.

6 Ke gone, ammaaruri Ke a go raya motlhanka wa me William E. McLellin, Ke fetola thomo e Ke mo e neetseng go ya kwa mafatsheng a a ka kwa botlhaba;

7 Mme Ke mo neela thomo e ntsha le taelo e ntsha, tse mo go tsone Nna, Morena, ke mo otlhaelang dingongorego tsa pelo ya gagwe;

8 Mme o leofile, le fa gontse jalo, Ke a mo itshwarela mme ke mo raya ke re gape, Tsamaya o ye kwa mafatshe a a kwa borwa.

9 Mme a motlhanka wa me Luke Johnson a tsamaye le ene, mme ba bolele dilo tse Ke ba di laetseng—

10 Ba bitse leina la Morena go amogela Mogomotsi, yo o tlaa ba rutang dilo tsotlhe tse di tshwanetseng —

11 Ba rapele ka metlha gore ba se lape; mme e re ka jaaka ba dira se, Ke tlaa nna le bone go fitlha kwa bokhutlong.

12 Bonang, se ke thato ya Morena Modimo wa lona mabapi le lona. Fela jalo. Amene.

13 Mme gape, ammaaruri go bua jaana Morena, a motlhanka wa me Orson Hyde le motlhanka wa me Samuel H. Smith ba tseye loeto go ya mo mafatsheng a ka kwa botlhaba, mme ba bolele dilo tseo Ke ba di laetseng; mme e re ka ba le boikanyego, bonang, Ke tlaa nna le bone le e leng go ya kwa bokhutlong.

14 Mme gape, ammaaruri ke a go raya motlhanka wa me Lyman Johnson, le motlhanka wa me Orson Pratt, le bone ba tseye loeto go mafatshe a kwa botlhaba; mme bonang, le gone Ke na le bone, le go ya bokhutlong.

15 Mme gape, Ke raya motlhanka wa me Asa Doods ke re, le motlhanka wa me Calves Wilson, gore le bone ba tseye loeto la bone go ya kwa mafatsheng a a ka kwa bophirima, mme ba bolele efangele ya me, fela jaaka ke ba laetse.

16 Mme yo o boikanyego o tlaa fenya dilo tsotlhe, mme o tlaa tsholediwa ka letsatsi la bofelo.

17 Mme gape, ke raya motlhanka wa me Major N. Ashley ke re, le motlhanka wa me Burr Riggs, a le bone ba tseye loeto go ya kwa lefatsheng la borwa.

18 Ee, a botlhe bao ba tseye loeto, jaaka Ke ba laotse, ba tsena go tswa ntlo go ya ntlong e nngwe, le go tswa motse go ya motseng o mongwe, le go tswa toropo go ya toropong e nngwe.

19 Mme ntlo nngwe le nngwe e lo tsenang mo go yone, ba bo ba lo amogela, lo tlogele tshegofatso ya lona mo ntlong eo.

20 Mme mo ntlong nngwe le nngwe e lo tsenang, ba bo ba sa lo amogele, lo tsweng ka bofefo mo ntlong eo, mme lo itlhotlhore lerole mo dinao tsa lona jaaka bopaki kgatlhanong le bone.

21 Mme lo tlaa tlala ka boitumelo le go ipela; mme itseng se, gore mo letsatsing la katlholo lo tlaa nna baatlhodi ba ntlo eo, mme lo ba sekise.

22 Mme go tlaa nna botoka go moheitane mo letsatsing la katlholo, go na le ntlo eo; ke gone ka moo, tlamang matheka a lona mme lo nne boikanyego, mme lo tlaa fenya dilo tsotlhe, lo bo lo tsholediwa ka letsatsi la bofelo. Fela jalo. Amene.

23 Mme gape, go bua jaana Morena mo go lona, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, ba lo neetseng maina a lona gore lo tle lo itse thato ya gagwe mabapi le lona—

24 Bonang, Ke a lo raya, gore ke tiro ya kereke go thusa mo go tlameleng malwapa a bao, mme gape lo go tlamela malwapa a bao ba biditsweng mme ba tshwanetse go romelwa mo lefatsheng go bolelela lefatshe efangele.

25 Ke gone, Nna, Morena, ke lo neelang taelo e, gore lo amogele mafelo a malwapa a lona, e re ka bakaulengwe ba lona ba eletsa go bula dipelo tsa bone.

26 Mme a botlhe bao ba ba ka amogela mafelo a malwapa a bone, le tlamelo ya kereke mo go bone, ba sengosele go ya mo lefatsheng, le fa e le kwa botlhaba kgotsa kwa bophirima, kgotsa kwa bokone, kgotsa kwa borwa.

27 A ba kope mme ba tlaa amogela, ba kokote mme ba tlaa bulelwa, mme ba itsisiwe go tswa kwa godimo, e bong ka Mogomotsi, kwa ba tlaa yang teng.

28 Mme gape ammaaruri, Ke a lo raya, gore a motho mongwe le mongwe yo o patelesega go tlamela lolwapa la gagwe, a a ba tlamele, mme ga a ka ke ka gope a latlhegelwe ke korone ya gagwe; mme a a dire mo kerekeng.

29 A motho mongwe le mongwe a nne tlhaga mo dilong tsotlhe. Mme setshwakga ga se kitla se nna le bonno mo kerekeng, fa e se fela se ikwatlhaya mme se baakanya ditsela tsa sone.

30 Ke gone, a motlhanka wa me Simeon Carter le motlhanka wa me Emer Harris ba tshwaragane mo tirelong;

31 Mme le gone motlhanka wa me Ezra Thayre le motlhanka wa me Thomas B. Marsh;

32 Le gone motlhanka wa me Hyrum Smith le motlhanka wa me Reynolds Cahoon;

33 Mme le gone motlhanka wa me Daniel Stanton le motlhanka wa me Seymour Brunson;

34 Mme le gone motlhanka wa me Sylvester Smith le motlhanka wa me Gideon Carter;

35 Mme le gone le motlhanka wa me Ruggles Eames le motlhanka wa me Stephen Burnett;

36 Mme le gone le motlhanka wa me Micah B. Welton le gone motlhanka wa me Eden Smith. Go ntse jalo. Amene.