Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 130


Tsetlana 130

Melawana ya kaelo e e neetsweng ke Moperofeti Joseph Smith, kwa Ramus, Illinois, Moranang 2, 1843.

1–3, Rara le Morwa ba ka bonala ka sebele mo bathong; 4–7, Baengele ba nna mo kgolokweng ya selesetiale; 8–9, Lefatshe la selesetiale e tlaa nna Urime le Thumime e kgolo; 10–11, Lentswe le le sweu le tlaa neelwa botlhe ba ba tsenang mo lefatsheng la selesetiale; 12–17, Nako ya Go Tla ga Bobedi ga e a itsisiwe Moperofeti; 18–19, Tlhalefo e e amogetsweng mo botshelong jo e tsoga le rona mo Tsogong; 20–21, Tsotlhe di tshegofatso di tla ka kobamelo ya molao; 22–23, Rara le Morwa ba na le mebele ya nama le marapo.

1 Mogang Mmoloki a tlaa bonalang re tlaa mmona jaaka a ntse. Re tlaa bona gore ke monna yo o tshwanang le rona.

2 Mme botsalano jone joo jo bo leng teng mo gare ga rona fa bo tlaa nna teng mo gare ga rona koo, fela bo tlaabo bo patagantswe le kgalalelo ya bo sa khutleng, kgalalelo e jaanong re sa e jeng monate.

3 Johane 14:23—Go bonala ga ga Rara le Morwa, mo temaneng eo, ke ponalo ka sebele; mme kakanyo ya gore Rara le Morwa ba nna mo pelong ya motho ke mogopolo wa bogologolo wa setlhopha sa badumedi, e bile ga se one.

4 Mo karabong ya potso—A palo kakanyetso ya nako ya Modimo, nako ya baengele, nako ya baperofeti, le nako ya motho, go ya ka polanete e ba nna mo go yone?

5 Ke a araba, Ee. Mme ga gona baengele ba ba direlang mo lefatsheng fa e se bao ba e leng kgotsa ba e neng e le ba lone.

6 Baengele ga ba nne mo polaneteng e etshwanang le lefatshe le;

7 Mme ba nna mo boleng teng jwa Modimo, mo kgolokweng e tshwana le lewatle la galase le molelo, kwa dilo tsotlhe ka ga kgalalelo ya bone di bonatshegang, tsa pele, tsa jaanong, le tsa lobaka lo lo tlaa tlang, mme ka gale di le fa pele ga Morena.

8 Lefelo le Modimo a nna kwa go lone ke Urime le Thumime e kgolo.

9 Lefatshe le, mo seemong sa lone se se itshepisiweng le sa bosasweng, le tlaa dirwa go tshwana le legakwa mme le tlaa nna Urime le Thumime mo banning ba ba nnang mo go lone, le ka lone dilo tsotlhe mabapi le bogosi jo bo bobotlana, kgotsa magosi otlhe a thulaganyo e potlana, di tlaa bonatshegelang bao ba nnang mo go lone; mme lefatshe le e tlaa nna la ga Keresete.

10 Ke gone lentswe le le sweu le le umakilweng mo Tshenolo 2:17, e tlaa nna Urime le Thumime mo mothong mongwe le mongwe yo o le amogelang, le ka lone dilo mabapi le thulaganyo e e kgolo ya magosi e tlaa itsisiweng;

11 Mme lentswe le le sweu le neelwa mongwe le mongwe wa bao ba ba tlang mo bogosing jwa selesetiale, le mo go lone go kwadilweng leina le lesha, le go senang motho ope yo o le itseng fa e se ene yoo le amogelang. Leina le lesha ke lefoko la selotlele.

12 Ke a porofesa, mo leineng la Morena Modimo, gore tshimologo ya mathata a a tlaa dirang tshololo e tona ya madi pele ga go tla ga Morwa motho e tlaa nna mo South Carolina.

13 E ka tsogang gongwe ka potso ya bokgoba, Se lentswe le se boletseng mo go nna, fa ke ne ke rapela ka tlhwaafalo mo setlhogong se, Sedimonthole a le di 25 1832.

14 Ke ne nako nngwe ka rapela ka tlhwaafalo go itse nako ya go tla ga morwa motho, fa ke utlwa lentswe le boeletsa se se latelang:

15 Joseph, morwaaka, fa o ka tshela go fitlhelela o nna dingwaga tse di masome a a ferangbobedi le botlhano, o tlaa bona sefatlhego sa Morwa Motho; ke gone ka moo a se se lekane, mme o se tlhole o ntshwenya ka gope ka ga selong se.

16 Ke ne ka tlogelwa jalo, ke sa nonofela go tsaya tshwetsogore a go tla mo go raya tshimologo ya meleniamo kgotsa go bonala gongwe ga pele, kgotsa ka na ke ka a swa mme jaana ka bone sefatlhego sa gagwe.

17 Ke dumela go tla ga Morwa motho go se kitla go nna ka pela go na le nako eo.

18 Le fa e le ofe molawana wa botlhale o re fitlhang mo go one mo botshelong jo, o tlaa tsoga le rona mo tsogong.

19 Mme fa motho a amogela kitso e ntsi le botlhale mo botshelong jo ka tlhwaafalo ya gagwe le kobamela bogolo go yo mongwe, o tlaa nna le thuso e tona mo lefatsheng le le tlang.

20 Go na le molao, o o sa fetogeng o o laotsweng mo legodimong pele ga motheo wa lefatshe le, o mo go o ne ditshegofatso tsotlhe di ikaegileng ka one—

21 Mme fa re amogela tshegofatso epe mo Modimong, ke ka kobamelo ya molao e o ikaegileng ka one.

22 Rara o na le mmele wa nama le marapo o o tshwaregang jaaka wa motho; Morwa le ene; mme Mowa o o Boitshepo ga o na mmele wa nama le marapo, mme ke motho wa Mowa. Fa gone go sa nna jalo Mowa o o Boitshepo o ka bo o sa nne mo go rona

23 Motho o ka amogela Mowa o o Boitshepo, mme o ka fologelela mo go ene mme o wa seka wa nna le ene.