Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 36


Tsetlana 36

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Edward Partridge, gaufi le Fayette, New York, Sedimonthole 9, 1830 (bona setlhogo sa tsetlana 35). Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore Edward Partridge “e ne e le sekao sa poifo Modimo, le mongwe wa monna yo mogolo wa Morena.”

1–3, Morena o baya seatla sa Gagwe mo go Edward Partridge ka seatla sa ga Sidney Rigdon; 4–8, Motho mongwe le mongwe yo o amogelang efangele le boperesiti o tshwanetse go bilediwa go tswela pele mme a rere.

1 Go bua jaana Morena Modimo, Mothata wa Iseraele: Bona, ke a go raya, motlhanka wa me Edward, gore o segofaditswe, mme dibe tsa gago o di itshwaretswe, mme o bileditswe go rera efangele ya me jaaka e kete ka lentswe la porompeta;

2 Mme Ke tlaa baya seatla sa me mo go wena ka seatla sa motlhanka wa me Sidney Rigdon, mme o tlaa amogela Mowa wa me, Mowa o o Boitshepo, e bong Mogomotsi, yo o tla go rutang dilo tsa kagiso tsa bogosi;

3 Mme o tlaa e bolela ka lentswe le le kwa godimo, o re: Hosanna, a go bakwe leina la Modimo mogodimodimo.

4 Mme jaanong ke go neela pitso e le taelo mabapi le batho botlhe—

5 Gore botlhe ba ba tlaa tlang fa pele ga batlhanka ba me Sidney Rigdon le Joseph Smith, Jun., ba amogela pitso e le taelo, ba tlaa tlhongwa le go romelwa go rera efangele e e sa khutleng mo gare ga ditšhaba—

6 Ba bolela boikotlhao, ba re: Ipolokeng mo losikeng lo, lo lo sokameng, mme tswayang mo molelong, lo ila le tse e leng diaparo tse di mathegetsweng ke leswe la nama.

7 Mme taelo e e tlaa neelwa bagolwane ba kereke ya me, gore motho mongwe le mongwe yo o tlaa e amogelang ka bongwefela jwa pelo o ka tlhongwa le go romelwa, fela jaaka ke buile.

8 Ke Jeso Keresete, Morwa Modimo; mme ke gone, tlamang matheka a lona mme Ke tlaa tla ka tshoganyetso kwa tempeleng ya me. Fela jalo. Amene.