Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 65


Tsetlana 65

Tshenolo ka thapelo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Phalane 30, 1831.

1–2, Dilotlele tsa bogosi jwa Modimo di neelwa motho mo lefatsheng, mme ntlha ya efangele e tlaa fenya; 3–6, Bogosi jwa meleniale jwa legodimo bo tlaa tla mme bo kopane le bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.

1 Tlhwayang tsebe, Mme bonang, lentswe jaaka la mongwe a rometswe go tswa kwa godimo, yo o maatla e bile a le thata, yo go tswa ga gagwe go yang kwa dikhutlong tsa lefatshe, ee, yo lentswe la gagwe le tswela kwa bathong—Baakanyang tsela ya Morena, siamisang ditsela tsa gagwe.

2 Dilotlele tsa bogosi jwa Modimo di neelwa motho mo lefatsheng, mme go tsweng foo efangele e tlaa tswela pele kwa dikhutlong tsa lefatshe, jaaka letlapa le le kgaotsweng mo thabeng e seng ka diatla le tlaa kgokologela pele, go fitlha le tlatsa lefatshe ka bophara.

3 Ee, lentswe le le goang—Baakanyang tsela ya Morena, baakanyang selalelo sa Kwana, baakanyetsang Monyadi.

4 Rapelang Morena, bitsang leina la gagwe le le boitshepo, itsiseng ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga batho.

5 Bitsang Morena, gore bogosi jwa gagwe bo tle bo tswele pele mo lefatsheng, gore banni ba lone ba ka bo amogela, ba bo ba ipaakanyetsa malatsi a a tlaa tlang, a mo go one Morwa Motho a tlaa fologang mo legodimong, a apesitswe ke phatshimo ya kgalalelo ya gagwe, go kopantsha bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng mo lefatsheng.

6 Ke gone, a bogosi jwa Modimo bo tswelele, gore bogosi jwa legodimo bo tle bo tle, gore wena, Ao! Modimo, o galalediwe mo legodimong jaaka mo lefatsheng, gore baba ba gago ba tle ba fenngwe; gonne tlotlo ke ya gago, thata le kgalalelo, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae. Amene.