Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 51


Tsetlana 51

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Thompson, Ohio, Motsheganong 20, 1831. Ka nako e Baitshepi ba ba ne ba fuduga go tswa kwa dikgaolong tse di kwa botlhaba ba ne ba simolola go goroga mo Ohio, mme go ne ga nna botlhokwa go dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa bonno jwa bone. Ka ntlha ya gore tiro e e neng e le segolobogolo ya ofisi ya ga bishopo, Bishopo Edward Partridge o ne a kopa ditaelo mo selong se, mme Moperofeti a botsa Morena.

1–8, Edward Partridge o tlhomiwa go laola ditebalebelo le dithoto; 9–12, Baitshepi ba tshwanetse ba dire ka boikanyego mme ba amogele mo go lekanang; 13–15, Ba tshwanetse go nna le ntlo ya polokelo ya ga bishopo le go rulaganya dithoto go yeng ka molao wa Morena; 16–20, Ohio e tlaa nna lefelo la go phuthegela ga nakwana.

1 Ntlhwaele tsebe, go bua Morena Modimo wa gago, mme Ke tla a bua le motlhanka wa me Edward Partridge, mme ke mo neela ditaelo; gonne o tshwanetse go amogela ditaelo tsa ka fa a ka rulaganyang batho ba ka gone.

2 Gonne go a tlhokega gore ba rulaganngwe go yeng ka melao ya me; fa go sa nna jalo, ba tlaa kgaolwa.

3 Ke gone, a motlhanka wa me Edward Partridge, le bao a ba itshenkentseng, yo ke itumelang thata mo go ene, a laolele batho ba diabe tsa bone, motho mongwe le mongwe go lekana go yeng ka lolwapa lwa gagwe, go yeng ka dieemo tsa gagwe le se a se tlhokang.

4 Mme a motlhanka wa me Edward Partridge, fa a neela motho seabe sa gagwe, a mo neele mokwalo o o tlaa sireleletsang seabe sa gagwe, gore a o tshware, e bong tshwanelo e le boswa jo mo kerekeng, go fitlha a tlola molao mme a sa kaiwe a tshwanetswe ka lentswe la kereke, go yeng ka melao le dikgolagano tsa kereke, go nna leloko la kereke.

5 Mme fa a ka tlola molao mme a sa kaiwe a tshwanetswe go nna wa kereke, ga a kitla a nna le thata ya go batla seabe se a se tshwaetseng kwa go bishopo go thusa bahumanegi le batlhoki ba kereke ya me; ke gone ka moo, ga a kitla a tshegetsa neo e, mme o tla a tsaya fela seabe se a se neetsweng ka mokwalo wa molao.

6 Mme jaana dilo tsotlhe di tlaa tlhomamisiwa, go yeng ka melao ya lefatshe.

7 Mme a seo se e leng sa batho ba se tlhomiwe mo bathong ba.

8 Mme madi a a salang mo bathong—a go nne le moemedi yo o tlhomilweng mo bathong ba, go tsaya madi go ba tlamela ka dijo le diaparo, go yeng ka go tlhoka ga batho ba.

9 Mme a motho mongwe le mongwe a dire ka boikanyego, mme lo tshwane mo gare ga batho ba, le go amogela mo go lekanang, gore lo nne bangwefela, fela jaaka Ke lo laetse.

10 Mme a tseo tse e leng tsa batho ba di se tsewe mme tsa neelwa bao ba kereke e nngwe.

11 Ke gone, fa kereke e nngwe e ka amogela madi go tswa mo kerekeng e, a ba duele kereke e gape go yeng ka fa ba dumalaneng ka gone;

12 Mme se se tlaa dirwa ke bishopo kgotsa moemedi, yo o tlaa tlhomiwang ka lentswe la kereke.

13 Mme gape, a bishopo a tlhome ntlo ya polokelo mo kerekeng e; mme a dilo tsotlhe tsa madi le tsa dijo, tse di fetang jaaka go tlhokega mabapi le matlhoko a batho ba, di bewe mo diatleng tsa ga bishopo.

14 Mme a le gone a itshadisetse go yeng ka letlhoko la gagwe, le letlhoko la ba lolwapa lwa gagwe, jaaka a tlaa a tsena mo go direng tirong e.

15 Mme jaana Ke naya batho ba tshiamelo ya gore ba ithulaganye go yeng ka melao ya me.

16 Mme ke ba tshwaela lefatshe le ka lobakanyana, go fitlha Nna, Morena, ke ba tlamela ka go sele, le go ba laela go tloga fa;

17 Mme oura le letsatsi ga ba a di neelwa, ke gone a ba dire jaaka e kete ba ne ba tlile go nna mo lefatsheng le dingwaga, mme se se tlaa fetoga molemo mo go bone.

18 Bonang, se e tlaa nna sekao mo motlhankeng wa me Edward Partridge, mo mafelong a mangwe, mo dikerekeng tsotlhe.

19 Mme le fa e le mang yo o fitlhelwang a le boikanyego, mosiami, le molebedi yo o botlhale o tlaa tsena mo boitumelong jwa Morena wa gagwe, mme o tla a rua botshelo jo bo sa khutleng.

20 Ammaaruri, Ke a lo raya, Ke Jeso Keresete, yo o tlang ka bonako, mo oureng e lo sa solofeleng ka yone. Fela jalo. Amene.