Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 124


Tsetlana 124

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Nauvoo, Illinois, Hirikgong 19, 1841. Ka ntlha ya go oketsega ga dipogiso le ditsamaiso tse di seng ka fa molaong kgatlhanong le bone ke badirela puso, Baitshepi ba ne ba pateletswa go tlogela Missouri. Taolo ya go banyeletsa e e neng e ntshitswe ke Lilburn W. Boggs, moeteledipele wa Missouri, ya letsatsi la Phalane 27, 1838, e ne e ba tlogetse ba sena boitlhophelo. Ka 1841, fa tshenolo e e ne e neelwa, toropo ya Nauvoo, e e akaretsang setsha sa motse wa pele wa Commerce, Illinois, e ne e agilwe ke Baitshepi, mme gone fa diofisi dikgolo tsa Kereke di ne di setse di tlhomilwe.

1–14, Joseph Smith o laelwa go dira polelo ya bongwefela ya efangele go moporesidente wa United States, baeteledipele, le babusi baditšhaba tsotlhe; 15–21, Hyrum Smith, David W. Patten, Joseph Smith Sr., le ba bangwe mo gare ga batshidi le baswi ba segofadiwa ka ntlha ya thokgamo le bomolemo jwa bone; 22–28, Baitshepi ba laelwa go aga ntlo ya itloso bodutu ya baeng mmogo le tempele mo Navuoo; 29–36, Dikolobetso tsa baswi di tshwanetse go dirwa mo ditempeleng; 37–44, Batho ba Morena ka metlha ba aga ditempele go dira ditlhomo tse di boitshepo; 45–55, Baitshepi ga ba bonwe molato mo go sa ageng tempele mo Kgaolong ya Jackson ka ntlha ya patiko ya baba ba bone; 56–83, Go neelwa dikaelo tsa go aga Ntlo ya Nauvoo; 84–96, Hyrum Smith o bidiwa go nna mopatiriaka, go amogela dilotlele, le go ema mo boemong jwa ga Oliver Cowdery; 97–122, William Law le ba bangwe ba kaelwa mo ditirong tsa bone; 123–145, Badiredi ka kakaretso le ba lefelo ba a nankolwa, mmogo le ditiro tsa bone le dikamano tsa dikhoramo tsa bone.

1 Ammaaruri, go bua Morena mo go wena, motlhanka wa me Joseph Smith, ke itumelela thata kabelo ya gago le dikamogelo, tseo di dirileng; gonne ka lebaka le ke go tsositse, gore ke supe tlhalefo ya me ka dilo tse di bokowa tsa lefatshe.

2 Dithapelo tsa gago di a amogelesega fa pele ga me; mme go di araba ke a go raya, gore jaanong o a bidiwa gone jaana go dira polelo ya bongwefela ya efangele ya me, le ya lomapo le le ke le tlhomileng go nna lentswe la kgokgotsho ya Sione, leo le tlaa phatsimisiwang ka go betliwa go tshwana le ntlo ya bogosi.

3 Polelo e e tlaa dirwa mo go tsotlhe dikgosi tsa lefatshe, mo dikhutlong tse nne tsa lone, mo go motlotlegi tautona yo o tlaa tlhongwang, le baeteledipele ba batlotlegi ba tšhaba eo o nnang mo go yone, le mo go tsotlhe ditšhaba tse di anameng le lefatshe.

4 A e kwalwe mo moweng wa pelonolo le ka thata ya Mowa o o Boitshepo, o o tlaa nnang mo go wena ka nako ya go kwalwa ga yone;

5 Gonne o tlaa senolelwa ka Mowa o o Boitshepo go itse thato ya me mabapi le dikgosi tseo le balaodi, le e leng mo go tlaa ba diragalelang mo nakong e e tlang.

6 Gonne, bona, ke gaufi le go ba bitsa go ela tlhoko lesedi le kgalalelo ya Sione, gonne nako e e beilweng e tlile ya go mo thusa.

7 Ke gone ka moo, ba bitse wena, ka polelo e e kwa godimo, le ka bopaki jwa gago, o sa ba boife, gonne ba tshwana le tlhaga, le kgalalelo yotlhe ya bone jaaka sethunya sa yone se se wang ka pela, gore le gone ba sale ba sena seipato—

8 Le gore ke ka ba etela mo letsatsing la ketelo, fa ke tlaa sirolola sebipo sa sefatlhogo sa me, go tlhomela bontlha jwa mopatiki mo gare ga baitimokanyi, kwa go nang le phuranyo ya meno, fa ba itatola batlhanka ba me le bopaki jwa me jo ke ba bo senoletseng.

9 Mme gape, ke tlaa etela le go nolofatsa dipelo tsa bone, bontsi jwa bone go go direla molemo, gore o ka bona letlhogonolo mo matlhong a bone, gore ba ka tla mo leseding la boammaaruri, mme Baditšhaba go tsholetsa kgotsa go godisa Sione.

10 Gonne letsatsi la tekolo ya me le tla ka bofefo, mo oureng e o sa e akanyang; mme tshireletso ya batho ba me e tlaa nna kae, le botshabelo jwa bao ba ba tlaa tlogelwang ba bone?

11 Tsogang, Ao dikgosi tsa lefatshe! Tlayang lona, Ao, tlayang lona, ka gauta ya lona le selefera sa lona, go thusa batho ba me, kwa ntlong ya barweetsana ba Sione.

12 Mme gape, ammaaruri ke a go raya, a motlhanka wa me Robert B. Thompson a go thuse go kwala polelo e, gonne ke itumela thata ka ene, le gore a nne le wena;

13 A ene, ke gone ka moo, a tlhwaele tsebe kgakololo ya gago, mme ke tlaa mo segofatsa ka ntsifalo ya ditshegofatso; a nne boikanyego le boammaaruri mo dilong tsotlhe go tswa fa, mme o tlaa nna mogolo mo matlhong ame;

14 Mme a a gakologelwe gore bodiredi jwa gagwe ke tlaa bo batla mo go ene.

15 Mme gape, ammaaruri ke a go raya, go sego motlhanka wa me Hyrum Smith; gonne Nna, Morena, ke a mo rata ka ntlha ya thokgamo ya pelo ya gagwe, le ka ntlha ya gore o rata seo se se siameng fa pele ga me, go bua Morena.

16 Gape, a motlhanka wa me John C. Bennett a go thuse mo tirong ya gago ya go romela lefoko la me kwa dikgosing le batho ba lefatshe, mme a eme le wena, le e leng wena motlhanka wa me Joseph Smith, mo oureng ya pogisego; mme tuelo ya gagwe ga e ka ke ya mo latlhegela fa a amogela kgakololo.

17 Mme ka lorato lwa gagwe o tlaa nna mogolo, gonne o tlaa nna wa me fa a dira se, go bua Morena. Ke bone tiro e a e dirileng, e ke e amogelang fa a tswelela, mme ke tlaa mo rwesa ditshegofatso le kgalalelo e kgolo.

18 Mme gape, ke a go raya gore ke thato ya me gore motlhanka wa me Lyman Wight a tswelele ka go rerela Sione, mo moweng wa pelonolo, a mpolela fa pele ga lefatshe; mme ke tlaa mo tshegetsa jaaka ekete mo diphukeng tsa ntsu; mme o tlaa dira kgalalelo le tlotlo mo go ene le mo leineng la me.

19 Gore fa a tlaa fetsa tiro ya gagwe ke ka mo ikamogelela, le e leng jaaka ke dirile motlhanka wa me David Patten, yo o nang le nna mo nakong e, le ene motlhanka wa me Edward Partridge, le ene motlhanka wa me yo o neng a tsofetse Joseph Smith, Sen., yo o ntseng le Aberahame mo seatleng sa gagwe sa moja, mme o sego e bile o boitshepo, gonne ke wa me.

20 Mme gape, ammaaruri ke a go raya, motlhanka wa me George Miller ga a na boferefere; o ka ikanngwa ka ntlha ya thokgamo ya pelo ya gagwe; mme ka lorato le a nang le lone mo bopaking jwa me, Nna, Morena, ke a mo rata.

21 Ke gone ka moo ke a go raya, ke kana mo go ene ofisi ya bobishopo, jaaka mo motlhankeng wa me Edward Partridge, gore o ka amogela ditshwaelo tsa ntlo ya me, gore o ka direla bahumanegi ba batho ba me ditshegofatso, go bua Morena. A motho ope a se nyatse motlhanka wa me George, go nne o tlaa ntlotla.

22 A motlhanka wa me George, le motlhanka wa me Lyman, le motlhanka wa me John Snider, le ba bangwe, ba agele leina la me ntlo, e e ntseng jaaka e motlhanka wa me Joseph Smith a tlaa ba e bontshang, mo lefelong le a tlaa le ba bontshang le gone.

23 Mme e tlaa nna ntlo ya bonno, ntlo e baeng ba ka tlang go tswa kgakala go nna mo go yone; ka jalo a e nne ntlo e e siameng, e itekaneletse kamogelo yotlhe, gore moeti yoo lapileng a ka bona botsogo le tshireletso fa a tlhatlhanya lefoko la Morena; le lentswe la kgokgotsho le ke le tlhometseng Sione.

24 Ntlo e e tlaa nna bonno jo bo phepa fa e agelwa leina la me, mme fa motlhokomedi yo o tlaa e tlhomelwang a ka se letlelele gore e leswefatswe ka gope. E tlaa nna boitshepo, kgotsa Morena Modimo wa gago ga a kitla a nna mo go yone.

25 Mme gape, ammaaruri ke a go raya, a baitshepi botlhe ba me ba tle go tswa kgakala.

26 Mme romelang barongwa ba ba bonako, ee, barongwa ba ba itshenketsweng, mme le ba reye le re: Tlayang, ka gauta yotlhe ya lona, le selefera sa lona, le mantswe a lona a a tlhokegang, le tsotlhe dilwana tsa lona tse di tlhwatlhwa tse di kgologolo; le botlhe ba ba nang le kitso ya dilwana tse di tlhwatlhwa tse di kgologolo, ba ba tlaa tlang, ba ka tla, mme ba tlise setlhare sa monato, le setlhare sa mofira, le setlhare sa mopine, ga mmogo le tsotlhe ditlhare tse di tlhokegang tsa lefatshe;

27 Le ka tshipi, ka kopore, le ka borase, le ka sinki, le ka dilo tsotlhe tsa lona tse di tlhokegang tsa lefatshe; mme lo agele leina la me ntlo, gore Mogodimogodimo a nne mo go yone.

28 Gonne ga go na lefelo le le fitlhelwang mo lefatsheng le a ka tlang kwa go lone mme a busetsa gape mo go neng go latlhegile mo go lona, kgotsa mo a go tsereng, le e leng boperesiti ka botlalo.

29 Gonne lefelo la kolobetso ga leo mo lefatsheng, gore bone, baitshepi ba me, ba ka kolobeletswa bao ba ba tlhokafetseng—

30 Gonne ditao tse ke tsa ntlo ya me, mme di ka se amogelesege mo go nna, fa e se fela mo malatsing a bohumanegi jwa lona, jo mo go bone le ka sekeng la kgona go nkagela ntlo.

31 Mme ke a le laela, lona lotlhe baitshepi ba me, go nkagela ntlo; mme ke lo neela nako e e lekaneng go nkagela ntlo; mme mo nakong e dikolobetso tsa lona di tlaa amogelesega mo go nna.

32 Mme bonang, kwa bokhutlong jwa sebaka se dikolobetso tsa lona tsa baswi ba lona ga di ka ke tsa amogelesega mo go nna; mme fa lo sa dire dilo tse kwa bokhutlong jwa sebaka se lo tla itatolwa jaaka kereke, le baswi ba lona, go bua Morena Modimo wa lona.

33 Gonne ammaaruri ke a lo raya, gore morago ga lo sena go nna le nako e e lekaneng go nkagela ntlo, e mo go yone tao ya kolobetso ya baswi e leng, mme e simoloseleditswe gone moo go tswa pele ga motheo wa lefatshe, dikolobetso tsa lona tsa baswi ba lona ga di ka ke tsa amogelesega mo go nna;

34 Gonne mo go yone dilotlele tsa boperesiti jo bo boitshepo di a tlhomiwa, gore lo ka amogela tlotlo le kgalalelo.

35 Mme morago ga nako e, dikolobetso tsa lona tsa baswi, ka bao ba ba phatlaleletseng kwa ntle, ga di amogelesege mo go nna, go bua Morena.

36 Gonne go tlhomilwe gore mo Sione, le mo dimapong tsa gagwe, le mo Jerusalema, mafelo ao a ke a tlhomileng go nna a botshabelo, go tlaa nna mafelo a dikolobetso tsa lona tsa baswi ba lona.

37 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, go tlhapisiwa ga lona go ka amogelwa jang mo go nna, fa e se fela lo dira mo ntlong e lo e agetseng leina la me?

38 Gonne, ka lebaka le ke ne ka laola Moše gore a age motlaagana, gore ba o tshegetse mo nageng, le go aga ntlo mo lefatsheng la tsholofetso, gore ditao tseo di ka senolwa tse di neng di fitlhilwe pele ga lefatshe le nna teng.

39 Ke gone, ammaaruri ke a lo raya, gore ditlotso tsa lona, le go tlhapisiwa ga lona, le dikolobetso tsa lona tsa baswi, le diphuthego tsa lona tse di masisi, le segopotso sa lona sa ditlhabelo tsa lona ka barwa Lefi, mme le ditshenolo tsa lona mo mafelong a lona a a boitshepo thata a mo go one lo amogelang dipuisano, le melao le dikatlholo tsa lona, e le tshimologo ya ditshenolo le motheo wa Sione, mme le kgalalelo, tlotlo, le khumiso ya botlhe banni ba gagwe, di tlhomilwe ka tao ya ntlo ya me e e boitshepo, e batho ba me ba laolwang ka metlha go e agela leina la me le le boitshepo.

40 Mme ammaaruri ke a lo raya, a ntlo e e agelwe leina la me, gore ke ka senolela batho ba me ditao tsa me mo go yone;

41 Gonne ke bona go tshwanela go senolela kereke ya me dilo tse di neng di ntse di fitlhilwe go tswa pele ga motheo wa lefatshe, dilo tse e leng tsa tebalebelo ya metlha e e tletseng.

42 Mme ke tlaa bontsha motlhanka wa me Joseph dilo tsotlhe tse e leng tsa ntlo e, le boperesiti jwa yone, le lefelo le mo go lone e tlaa agiwang.

43 Mme lo tlaa e aga mo lefelong le lo akantseng go e aga mo go lone, gonne seo ke setsha se ke se itshenketseng gore lo e age.

44 Fa lo dira ka maatla a lona otlhe, ke tlaa tshwaela setsha seo gore se nne boitshepo.

45 Mme fa batho ba me ba tlhwaela lentswe la me tsebe, le lentswe la batlhanka ba me bao ke ba tlhomileng go etelela batho ba me, bonang, ammaaruri ke a lo raya, ga ba kitla ba sutisiwa mo lefelong la bone.

46 Mme fa ba se kitla ba tlhwaela lentswe la me tsebe, kgotsa lentswe la banna bao ba ke ba tlhomileng, ga ba kitla ba segofadiwa, gonne ba leswefatsa lefelo la me le le boitshepo, le ditao tsa me tse di boitshepo, le melao metheo, le mafoko ame a a boitshepo a ke ba a senolelang.

47 Mme go tlaa diragala gore fa lo agela leina la me ntlo, mme lo bo lo sa dire dilo tse ke lo di bolelelang, ga ke kitla ke diragatsa maitlamo a ke a dirang mo go lona, le fa e le go diragatsa ditsholofetso tse lo di solofelang mo go nna, go bua Morena.

48 Gonne mo boemong jwa ditshegofatso, lona, ka ditiro tsa lona, lo tlisa phutso, tšhakgalo, bogale, le dikatlholo mo go lona, ka boeleele jwa lona, le ka makgapha otlhe a lona, a lo a dirang fa pele ga me, go bua Morena.

49 Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore fa ke neela taelo mo go ope wa barwa batho go dira tiro mo leineng la me, mme barwa batho bao ba tsamaya ka maatla otlhe a bone le ka gotlhe mo ba nang le gone go dira tiro eo, mme ba sa emise botlhaga jwa bone, mme baba ba bone ba ba tlhasela le go ba kgoreletsa mo go direng tiro eo, bonang, go ntshwanetse go sa tlhole ke batla tiro mo diatleng tsa barwa batho bao, mme go amogela dikabelo tsa bone.

50 Mme boikepo le tlolo ya melao ya me e e boitshepo le ditaelo ke tlaa di busetsa mo ditlhogong tsa bao ba ba kgoreleditseng tiro ya me, go ya tshikeng ya boraro le ya bonê, fela fa ba sa ikwatlhae, mme ba ntlhoile, go bua Morena Modimo.

51 Ke gone, ka lebaka le ke amogetse dikabelo tsa bao ba ke ba laotseng go agela leina la me toropo le ntlo, mo kgaolong ya Jackson, Missouri, mme ba ne ba kgorelediwa ke baba ba bone, go bua Morena Modimo wa lona.

52 Mme ke tlaa arabela katlholo, tšhakgalo, le bogale, selelo, le tlalelo, le phuranyo ya meno mo go bone, go ya tshikeng ya boraro le ya bonê, fela fa ba sa ikwatlhae, mme ba ntlhoile, go bua Morena Modimo wa lona.

53 Mme se ke se dira e le sekai mo go lona, go le gomotsa mabapi le botlhe ba ba laetsweng go dira tiro mme ba kgoreleditswe ke diatla tsa baba ba bone, le patiko, go bua Morena Modimo wa lona.

54 Gonne ke nna Morena Modimo wa lona, mme ke tlaa boloka botlhe bao ba bakaulengwe ba lona ba ba ntseng ba itshekile mo pelong, mme ba bolailwe mo lefatsheng la Missouri, go bua Morena.

55 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, ke lo laela gape go agela leina la me ntlo, le e leng mo lefelong le, gore lo itshupe mo go nna gore lo boikanyego mo dilong tsotlhe tse ke lo di laelang, gore ke ka lo segofatsa, le go le rwesa tlotlo, bosasweng, le botshelo jo bo sa khutleng.

56 Mme jaanong ke a lo raya, mabapi le ntlo ya me ya bonno e ke lo laetseng go e agela bonno jwa baeng, a e agelwe leina la me, mme a leina la me le nne mo go yone, mme a motlhanka wa me Joseph le ba lelwapa la gagwe ba nne le bonno mo go yone, go tswa tshika tshikeng.

57 Gonne tlotso e ke e beile mo go ene, gore ditshegofatso tsa gagwe le tsone di bewe mo kokomaneng ya gagwe morago ga gagwe.

58 Mme jaaka ke buile le Aberahame mabapi le matso a lefatshe, fela jalo ke raya motlhanka wa me Joseph: Mo go wena le peo ya gago letso la lefatshe le tlaa segofadiwa.

59 Ke gone ka moo, a motlhanka wa me Joseph le peo ya gagwe morago ga gagwe ba nne le bonno mo ntlong e o, go tswa tshika tshikeng, ka go senang bokhutlo, go bua Morena.

60 Mme a leina la ntlo eo le bidiwe Ntlo ya Nauvoo; mme a e nne bonno jo bo itumedisang motho, le lefelo la boitapoloso la moeti yo o lapileng, gore a tlhatlhanye kgalalelo ya Sione, le kgalalelo ya se, lentswe la kgokgotsho la yone;

61 Gore o ka amogela le yone kgakololo mo go bao ba ke ba tlhomileng go nna jaaka ditlhare tse di tumileng, le jaaka balebeledi mo maboteng a gagwe.

62 Bonang, ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me George Miller, le motlhanka wa me Lyman Wight le motlhanka wa me John Snider, le motlhanka wa me Peter Haws, ba ithulaganye, le go tlhoma mongwe wa bone go nna moporesidente wa khoramo ka maikaelelo a go aga ntlo eo.

63 Mme ba tlaa dira molao motheo, o ka one ba ka amogelang madi a peeletso a go aga ntlo eo.

64 Mme ba se kitla ba amogela ko tlase ga masome a matlhano a di dolara tsa peeletso mo ntlong eo, mme ba tlaa letlelesega go amogela dikete tse di lesome le botlhano go tswa mo mothong ope a le mongwe e le madi a peeletso mo ntlong eo.

65 Mme ga ba kitla ba letlelesega go amogela go feta dikete di le lesome le botlhano tsa di dolara tsa peeletso go tswa mo mothong ope a le mongwe.

66 Mme ga ba kitla ba letlelesega go amogela ka fa tlase ga masome a matlhano a di dolara tsa peeletso go tswa mo mothong ope a le mongwe mo ntlong eo.

67 Mme ga ba kitla ba letlelelwa go amogela motho ope, jaaka mmeeletsi wa madi mo ntlong e, fa e se fela a tlaa duela madi a peeletso mo go bone ka nako e a a amogelang madi a peeletso;

68 Mme go lekana le selekanyo sa madi a peeletso a a a duelang mo go bone o tlaa amogela madi a peeletso mo ntlong eo; mme fa a sa duele sepe mo go bone ga a kitla a amogela ape madi a peeletso mo ntlong eo.

69 Mme fa ope a duela madi a peeletso mo go bone e tlaa nna madi a peeletso mo ntlong eo, a gagwe, le a tshika ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng, fela fa ene le baruaboswa ba gagwe ba tlaa tshegetsa madi ao a peeletso, mme ba sa rekise kgotsa ba aba madi a peeletso go tswa mo go bone ka boikgethelo jwa bone le go dira, fa lo rata go diragatsa thato ya me, go bua Morena Modimo wa lona.

70 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, fa motlhanka wa me George Miller, le motlhanka wa me Lyman Wight, le motlhanka wa me John Snider, le motlhanka wa me Peter Haws, ba amogela ape madi a peeletso mo go bone, e le madi, kgotsa e le dithoto tse mo go tsone ba amogelang boleng tota jwa madi, ga ba kitla ba dirisa bontlha bope jwa madi a peeletso ao ka maikaelelo ape a mangwe, fa e se fela mo ntlong eo.

71 Mme fa ba dirisa bontlha bongwe jwa madi a peeletso gope go sele, fa e se fela mo ntlong eo, e seng ka tumalano ya mmeeletsi wa madi, mme ba seka ba duela gane madi a peeletso a ba a dirisang gope go sele, fa e se fela mo ntlong eo, ba tlaa hutsega, mme ba tlaa ntshiwa mo maemong a bone, go bua Morena Modimo; gonne Nna, Morena, ke Modimo, mme ga ke kake ka sotlwa mo go sepe sa dilo tse.

72 Ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me Joseph a duele madi a peeletso mo go bone a go agiwa ga ntlo eo, jaaka a bona go tshwanetse; mme motlhanka wa me Joseph a ka se duele go feta dikete di le lesome le botlhano tsa di dolara tsa madi a peeletso mo ntlong eo, kgotsa ka fa tlase ga masome a matlhano a di dolara; le fa e le motho ope, go bua Morena.

73 Mme go na le ba bangwe le bone ba ba eletsang go itse thato ya me mabapi le bone, gonne ba e kopile mo go nna.

74 Ke gone ka moo, ke a lo raya mabapi le motlhanka wa me Vinson Knight, fa a rata go dira thato ya me a a ipeele madi a peeletso mo ntlong eo, le tshika ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

75 Mme a tsholetse lentswe la gagwe ka lobaka le kwa godimo, mo gare ga batho, go bua boemong jwa bahumanegi le batlhoki; mme a seka a palelwa, le fa e le go leseletsa pelo ya gagwe go ngodiega; mme ke tlaa amogela dikabelo tsa gagwe, gonne ga di ka ke ya nna jaaka dikaelo tsa ga Kaene, gonne o tlaa nna wa me, go bua Morena.

76 A lolwapa la gagwe le itumele mme ba fapose dipelo tsa bone mo pogisegong; gonne ke mo itshenketse le go mo tlotsa, mme o tla tlotlwa mo gare ga ntlo ya gagwe, gonne ke tlaa itshwarela dibe tsa gagwe tsotlhe, go bua Morena. Amene.

77 Ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me Hyrum a ipeele madi a peeletso mo ntlong eo jaaka a bona go le molemo, e le a gagwe le tshika ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

78 A motlhanka wa me Isaac Galland a beye madi a peeletso mo ntlong e; gonne Nna, Morena, ke mo ratela tiro e a e dirileng, mme ke tlaa itshwarela dibe tsa gagwe tsotlhe; ke gone ka moo, a a gakologelwe gore o na le seabe mo ntlong eo go tswa tshika tshikeng.

79 A motlhanka wa me Isaac Galland a tlhomiwe mo gare ga lona, mme a tlhomiwe ke motlhanka wa me William Marks, mme a mo segofatse, go tsamaya le motlhanka wa me Hyrum go diragatsa tiro eo motlhanka wa me Joseph a tlaa ba e supegetsang, mme ba tlaa segofadiwa mo go golo.

80 A motlhanka wa me William Marks a duele madi a peeletso mo ntlong eo, jaaka a bona go le molemo, e le a gagwe le tshika ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

81 A motlhanka wa me Henry G. Sherwood a duele madi a peeletso mo ntlong eo, jaaka a bona go le molemo, e le a gagwe le peo ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

82 A motlhanka wa me William Law a duele madi a peeletso mo ntlong eo, e le a gagwe le peo ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

83 Fa a rata go dira thato ya me a a seka a tsaya lelwapa la gagwe go ya mafatsheng a botlhaba, le e leng kwa Kirtland; le fa go ntse jalo, Nna, Morena, ke tlaa aga Kirtland, mme Nna, Morena, ke na le petso e e baakanyeditsweng banni ba teng.

84 Mme ka motlhanka wa me Almon Babbitt, go na le dilo tse dintsi tse ke sa di itumeleleng; bonang, o eletsa go tlhomamisa kgakololo ya gagwe mo boemong jwa kgakololo e ke e tlhomileng, le e leng eo ya Boporesidente jwa Kereke ya me; mme o direla batho ba me namane ya gauta gore ba e obamele.

85 A motho ope a se tswe mo lefelong le yo o tlileng fa go batla go tshegetsa ditaelo tsa me.

86 Fa ba nna fa a ba nne mo go nna; mme fa ba a swa a ba swele mo go nna; gonne ba tlaa itapolosa mo ditirong tsotlhe tsa bone, mme ba tlaa tswelela ka ditiro tsa bone.

87 Ke gone ka moo, a motlhanka wa me William a beye tshepo ya gagwe mo go nna, mme a emise poifo mabapi le lelwapa la gagwe, ka ntlha ya go lwala ga lefatshe. Fa lo nthata, tshegetsang ditaelo tsa me; mme go lwala ga lefatshe go tlaa fetogela kgalalelo ya gago.

88 A motlhanka wa me William a tsamaye a ye go bolela efangele ya me e e sa khutleng ka lentswe le le kwa godimo, le ka boitumelo jo bogolo, jaaka a tlaa tlhotlhelediwa ke Mowa wa me, kwa banning ba Warsaw, le gone kwa banning ba Carthage, le gone kwa banning ba Burlington, le gone kwa banning ba Madison, mme a emele ka bopelotelele le ka tlhwaafalo dikaelo tse dingwe kwa khonforenseng ya kakaretso, go bua Morena.

89 Fa a rata go dira thato ya me a a reetse kgakololo ya motlhanka wa me Joseph go tswa fa, mme ka morokotso wa gagwe a a thuse go tlamela bahumanegi, le go anamisa thanolo e ntsha ya lefoko la me le le boitshepo mo banning ba lefatshe.

90 Mme fa a rata go dira se ke tlaa mo segofatsa ka ntsifalo ya ditshegofatso, gore a seka a tlogelwa, le fa e le kokomana ya gagwe e bonwe e kopa dijo.

91 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me William a tlhomiwe, a tlhomiwe, le go tlodiwa, jaaka mogakolodi go motlhanka wa me Joseph, mo ntlwaneng ya motlhanka wa me Hyrum, gore motlhanka wa me Hyrum a tseye ofisi ya Boperesiti le Bopatiriaka, e o a neng a e tlhometswe ke rraagwe, ka tshegofatso le gone ka tshwanelo;

92 Gore go tswa fa a tshegetse dilotlele tsa tshegofatso ya bopatiriaka mo bathong ba me botlhe,

93 Gore mongwe le mongwe yo a mo segofatsang a segofale, le mongwe le mongwe yo a mo hutsang a hutsege; gore sengwe le sengwe se a se bofang mo lefatsheng se bofiwe le kwa legodimong; le gore sengwe le sengwe se a se bofololang mo lefatsheng se bofololwe le kwa legodimong.

94 Mme go tswa fa ke mo tlhoma gore o ka nna moperofeti, le molebi, le mosenodi mo kerekeng ya me, fela jaaka motlhanka wa me Joseph;

95 Gore a dire ka tshwaragano mmogo le motlhanka wa me Joseph; le gore a tle a amogele kgakololo go tswa mo go motlhanka wa me Joseph, yo o tlaa mo supegetsang dilotlele tse ka tsone a ka lopang mme a amogele, mme a rweswe ka ditshegofatso tse di tshwanang, le kgalalelo, le tlotlo, le boperesiti, le dineo tsa boperesiti, tse di kileng tsa bo di beilwe mo go ene yo e neng e le motlhanka wa me Oliver Cowdery;

96 Gore motlhanka wa me Hyrum o ka supa tshupo ya dilo tse ke tlaa di mo supegetsang, gore leina la gagwe le gakologelwe ka tlotlo go tswa tshika tshikeng, ka bosenang bokhutlo le bosaengkae.

97 A motlhanka wa me William Law le ene a amogele dilotlele tse ka tsone a ka lopang mme a go amogela ditshegofatso; a a nne boikokobetso fa pele ga me, mme a sena boferefere, mme o tlaa amogela Mowa wa me, e bong Mogomotsi, o o tlaa mo supegetsang boammaaruri jwa dilo tsotlhe, mme o tlaa mo neela, mo oureng eo, se a tlaa se buang.

98 Mme ditshupo tse di tlaa mo sala morago—o tlaa fodisa balwetse, o tlaa kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, mme o tlaa gololwa mo go bao ba ba tlaa mo tsenyetsang botlhole jo bo bolayang;

99 Mme o tlaa gogelwa mo ditseleng kwa noga e e botlhole e ka sekeng e mo lome serethe, mme o tlaa pagama mo godimo ga kgopolo ya dikakanyo tsa gagwe jaaka mo diphukeng tsa ntsu.

100 Mme go ka reng fa ke rata gore a tsose baswi, a a seka a gana ka lentswe la gagwe.

101 Ke gone ka moo, a motlhanka wa me William a buele kwa godimo mme a se rekegele sepe, ka boitumelo le boipelo, le ka dihosana mo go ene yo o ntseng mo setulong sa bogosi ka bosenang bokhutlo le bosaengkae, go bua Morena Modimo wa gago.

102 Bonang, ke a lo raya, ke na le thomo e e emetseng motlhanka wa me William, le motlhanka wa me Hyrum, mme bone fela; mme a motlhanka wa me Joseph a nne mo gae, gonne o a tlhokega. Masalela ke tlaa lo supegetsa morago ga fa. Fela jalo. Amene.

103 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, fa motlhanka wa me Sidney a rata go ntirela mme a nna mogakolodi wa motlhanka wa me Joseph, a a simolole go dira mme a tle le go ema mo ofising ya pitso ya gagwe, mme a nne boikokobetso fa pele ga me.

104 Mme fa a rata go nneela kabelo e e amogelesegang, le dikamogelo, mme a nne le batho ba me, bona, Nna, Morena Modimo wa lona, ke tlaa mo fodisa gore a bone pholo; mme o tlaa tsholetsa lentswe la gagwe gape mo dithabeng, mme e nne mmueledi fa pele ga sefatlhogo sa me.

105 A a tle mme a beye lelwapa la gagwe mabapi le kwa motlhanka wa me Joseph a nnang teng.

106 Mme mo maetong otlhe a gagwe a a tsholetse lentswe la gagwe jaaka ekete modumo wa terompeta, le go tlhagisa banni ba lefatshe go tshaba bogale jo bo tlang.

107 A a thuse motlhanka wa me Joseph, mme gape a motlhanka wa me William Law a thuse motlhanka wa me Joseph, mo go direng kitsiso e e masisi kwa dikgosing tsa lefatshe, le e leng jaaka ke buile mo go lona go le pele.

108 Fa motlhanka wa me Sidney a rata go dira thato ya me, a a seka a fudusa lelwapa la gagwe go ya mafatsheng a botlhaba, mme a a fetole bonno jwa bone, le e leng jaaka ke buile.

109 Bonang, ga se thato ya me gore a batle go bona tshireletso le botshabelo kwa ntle ga toropo e ke lo e tlhometseng, le e leng toropo ya Nauvoo.

110 Ammaaruri ke a lo raya, le e leng jaanong, fa a rata go tlhwaela tsebe lentswe la me, go tlaa mo siamela. Fela jalo. Amene.

111 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me Amos Davies a duele madi a peeletso mo go bao ke ba tlhomileng go aga ntlo ya bonno, le e leng Ntlo ya Nauvoo.

112 Se a a se dire fa a rata go nna le seabe; mme a a tlhwaele tsebe kgakololo ya motlhanka wa me Joseph, mme a dire ka diatla tsa gagwe gore a amogele boikanyo jwa batho.

113 Mme fa a ka itshupa a le boikanyego mo dilong tsotlhe tse di tlaa bewang mo tlhokomelong ya gagwe, ee, le e leng dilo di se kae, o tlaa dirwa mmusi wa tse dintsi;

114 A ka jalo a nne boikokobetso gore a ka godisiwa. Fela jalo. Amene.

115 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, fa motlhanka wa me Robert D. Foster a ka obamela lentswe la me, a agele motlhanka wa me Joseph ntlo, go ya ka tumalano e a e dirileng le ene, gonne o tlaa bulelwa kgoro nako le nako.

116 Mme a a ikwatlhaele boeleele jotlhe jwa gagwe, mme a ikapese ka bopelonomi; mme a emise go dira bosula, mme a beele kwa thoko dipuo tse di lolea;

117 Mme le gone a a duele madi a peeletso mo go ba khoramo ya Ntlo ya Nauvoo, e le a gagwe le tshika ya gagwe morago ga gagwe, go tswa tshika tshikeng.

118 Mme a tlhwaele tsebe kgakololo ya batlhanka ba me Joseph, le Hyrum, le William Law, le mo balaoding ba ke ba biditseng go baya motheo wa Sione; mme go tlaa mo siamela ka go senang bokhutlo. Fela jalo. Amene.

119 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, a motho ope a se duele madi a peeletso kwa khoramong ya Ntlo ya Nauvoo fa e se fela e le modumedi mo Bukeng ya ga Momone, le ditshenolo tse ke lo di senoletseng, go bua Morena Modimo wa lona;

120 Gonne se se fetang mo kgotsa se le kwa tlase ga se se tswa mo bosuleng, mme se tlaa patiwa ke diphutso mme e seng ditshegofatso, go bua Morena Modimo wa lona. Fela jalo. Amene.

121 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, a khoramo ya ba Ntlo ya Nauvoo ba nne le dituelo tse di ba tshwanetseng tsa otlhe matsapa a bone a ba a dirang mo go ageng Ntlo ya Nauvoo; mme a dituelo tsa bone di nne jaaka ba tlaa dumalana mo gare ga bone, mabapi le tlhwatlhwa ya tsone.

122 Mme a motho mongwe le mongwe yo o duelang madi a peeletso a ntshe bontlha jwa gagwe jwa dituelo tsa bone, fa go tlhokega, gore ba thusiwe, go bua Morena; e seng jalo, matsapa a bone a tlaa duelelwa ka madi a peeletso a ntlo e. Fela jalo. Amene.

123 Ammaaruri ke a lo raya, jaanong ke lo neela badiredi ba ofisi ya Boperesiti jwa me, gore lo ka tshegetsa dilotlele tsa jone, le e leng Boperesiti morago ga thulaganyo ya ga Melekiseteke, e e leng morago ga thulaganyo ya Morwaake yo o Tsetsweng a le Esi.

124 Santlha, ke lo neela Hyrum Smith go nna mopatiriaka mo go lona, go tshegetsa ditshegofatso tse di kanang tsa kereke ya me, e bong Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, o ka one le kanwang go ya letsatsing la thekololo, gore le seka la wa le fa go ntse jalo oura ya thaelo e ka tla mo go lona.

125 Ke lo neela motlhanka wa me Joseph go nna mogolwane yo o okametseng kereke ya me yotlhe, go nna moranodi, mosenodi, molebi le moperofeti.

126 Ke mo neela e le bagakolodi motlhanka wa me Sidney Rigdon le motlhanka wa me William Law, gore ba ba ka dira khoramo le Boporesidente jwa Ntlha, go amogela ditshenolo tsa kereke ka bophara.

127 Ke lo neela motlhanka wa me Brigham Young go nna moporesidente wa ba ba Lesome le Bobedi ba Lekgotla le le tsamayang;

128 Ba ba Lesome le Bobedi bao ba tshegetsang dilotlele go bula taolo ya bogosi jwa me mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe, mme morago ga se go romela lefoko la me kwa sebopiweng sengwe le sengwe.

129 Bone ke Heber C. Kimball, Parley P. Pratt, Orson Pratt, Orson Hyde, William Smith, John Taylor, John E. Page, Wilford Woodruff, Willard Richards, George A. Smith;

130 David Patten ke mo itseetse; bonang, boperesiti jwa gagwe ga go motho ope yo o bo tsayang mo go ene; mme, ammaaruri ke a lo raya, yo mongwe o ka tlhomelwa pitso e e tshwanang.

131 Mme gape, ke a lo raya, ke lo neela lekgotla le legolo, e le lentswe la kgokgotsho la Sione—

132 E bong, Samuel Bent, Henry G. Sherwood, George W. Harris, Charles C. Rich, Thomas Grover, Newel Knight, David Dort, Dunbar Wilson—Seymour Brunson ke mo itseetse; ga go motho ope yo o tsayang boperesiti jwa gagwe, mme yo mongwe o ka tlhomelwa mo boperesiting jo bo tshwanang mo boemong jwa gagwe, mme ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me Aaron Johnson a tlhomiwe go pitso e mo boemong jwa gagwe—David Fullmer, Alpheus Cutler, William Huntington.

133 Mme gape, Ke lo neela Don C. Smith go nna moporesidente mo khoramong ya baperesiti ba bagolo;

134 Tao e e tlhomiwang ka maikaelelo a go kgontsha bao ba tlaa tlhomelwang boporesidente kgotsa batlhanka ba dimapo tse di phatlhaladitsweng kwantle;

135 Mme ba ka eta le bone fa ba batla, mme bogolo ba tlhomiwe e le diporesidente tse di tlhomameng; se ke ofisi ya pitso ya bone, go bua Morena Modimo wa lona.

136 Ke mo neela Amas Lyman le Noah Packard e le bagakolodi, gore ba okamele khoramo ya baperesiti ba bagolo ba kereke ya me, go bua Morena.

137 Mme gape, ke a lo raya, ke lo neela John A. Hicks, Samuel Williams, le Jesse Baker, boperesiti jo bo tlaa okamelang khoramo ya bagolwane, khoramo e e tlhomelwang badiredi ba ba tlhomameng; le fa go ntse jalo ba ka eta, fela ba tlhomilwe go nna badiredi ba ba tlhomameng go kereke ya me, go bua Morena.

138 Mme gape, Ke lo neela Joseph Young, Josiah Butterfield, Daniel Miles, Henry Herriman, Zera Pulsipher, Levi Hancock, James Foster, go okamela khoramo ya ba ba masome a supa;

139 Khoramo e e tlhomiwang e le ya bagolwane ba ba tsamayang ba a fa bopaki ka leina la me mo lefatsheng lotlhe, gope fela kwa Lekgotla le legolo le le tsamayang, baaposetole ba me, ba tlaa ba romelang go baakanya tsela fa pele ga sefatlhogo sa me.

140 Pharologanyo fa gare ga khoramo e le khoramo ya bagolwane ke gore e nngwe e tswelela ka go tsamaya, mme e nngwe e okamela dikereke go tswa nako le nako; e nngwe e na le maikarabelo a go okamela go tswa nako le nako, mme e nngwe ga e na maikarabelo a go okamela, go bua Morena Modimo wa lona.

141 Mme gape, ke a lo raya, ke lo neela Vinson Knight, Samuel H. Smith, le Shadrach Roundy, fa a tlaa e amogela, go okamela bobishopo; kitso ya bobishopo ba ba nankotsweng lo e senoletswe mo bukeng ya Dithuto le Dikgolagano.

142 Mme gape, ke a lo raya, Samuel Rolfe le bagakolodi ba gagwe e le ba baperesiti, le moporesidente wa baruti le bagakolodi ba gagwe, le gone le moporesidente wa batiakone le bagakolodi ba gagwe, le gone le moporesidente wa lomapo le bagakolodi ba gagwe.

143 Badiredi ba ba fa godimo ke ba lo neetse, le dilotlele tsa tsone, e le ba dithuso le ba ditirelo, ba tiro ya bodiredi le go itekanedisa baitshepi ba me.

144 Mme taelo Ke a lo e neela, gore lo tlatse tsotlhe diofisi tse le go amogela maina ao a ke a kaileng, kgotsa lo se a amogele kwa khonforenseng ya kakaretso ya me;

145 Le gore lo baakanyetse diofisi tse tsotlhe dikamore mo ntlong ya me fa lo e agela mo leineng la me, go bua Morena Modimo wa lona. Fela jalo. Amene.