Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 72


Tsetlana 72

Tshenolo e e neetswe ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland Ohio, Sedimonthole 4, 1831. Bagolwane ba le mokawana le maloko ba ne ba phuthegile go ithuta ditiro tsa bone le go amogela taelo tse dingwe mabapi le dithuto tsa Kereke. Tsetlana e ke kopanyo ya tshenolo tse tharo tse di amogetsweng mo letsatsing lone leo. Ditemana 1 go ya go 8 di itsise pitso ya ga Newel K. Whitney jaaka bishopo. O ne ke gone a bidiwa mme a tlhomiwa, se morago ga sone ditemana 9 go ya go 23 di neng tsa amogelwa, tse di neng di neela kitso enngwe mabapi le ditiro tsa bishopo. Morago ga foo, ditemana 24 go ya go 26 di ne tsa neelwa, di neela ditaelo mabapi le go phuthega ga Sione.

1–8, Bagolwane ba tshwanetse go neela polelo ya tebalebelo ya bone kwa go bishopo; 9–15, Bishopo o okamela ntlo ya polokelo le go tlhokomela bahumanegi le batlhoki; 16–26, Bobishopo ba tshwanetse go rurifatsa gore bagolwane ba tshwanetse.

1 Utlwang, mme lo reetseng lentswe la Morena, Ao! lona ba lo phuthegileng mmogo, ba lo leng baperesiti ba bagolo ba kereke ya me, ba lo neetsweng bogosi le thata.

2 Gonne ammaaruri go bua jaana Morena, go tshwanetse mo go nna gore bishopo a tlhomiwe mo go lona, kgotsa go tswa mo go lona, mo kerekeng mo kgaolong e ya tshimo ya mofine ya Morena.

3 Mme ammaaruri mo selong se lo dirile ka botlhale, gonne go batliwa ke Morena, mo seatleng sa molebedi mongwe le mongwe, go neela polelo ya tebalebelo ya gagwe, mo motlheng le mo bosakhutleng.

4 Gonne yo o boikanyego le yo o botlhale mo motlheng o kaiwa a tshwanetse go rua manno a a baakanyeditsweng ke Rara.

5 Ammaaruri Ke a lo raya, bagolwane ba kereke mo kgaolo e ya tshimo ya me ya mofine ba tlaa neela polelo ya tebatebelo ya bone kwa go bishopo, yo o tlaa tlhomiwang ke nna mo kgaolong e ya tshimo ya me ya mofine.

6 Dilo tse di tlaa tshegediwa mo pegong, go neelwa bishopo mo Sione.

7 Mme tiro ya bishopo e tlaa itsisiwe ka ditaelo tse di neetsweng, le ka lentswe la khonferense.

8 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, motlhanka wa me Newel K. Whitney ke monna yo o tlaa tlhomiwang le go tlhomamisiwa mo thateng e. Se ke thato ya Morena Modimo wa gago, Morekolodi wa gago. Fela jalo. Amene.

9 Lefoko la Morena, mo tlaleletsong ya molao o o setseng o neetsweng, o o itsiseng tiro ya bishopo yoo setseng a tlhomilweng mo kerekeng mo karolong e ya tshimo ya mofine, o ammaaruri e leng o—

10 Go okamela ntlo ya polokelo ya Morena; go amogela madi a kereke mo karolong e ya tshimo ya mofine;

11 Go tsaya polelo ya bagolwane jaaka go laotswe pele; le go ba thusa mo matlhokong a bone, ba ba tlaa duelelang seo se ba se amogelang, e re ka ba na le seo se ba ka duelang ka sone;

12 Gore se le sone se tle se tshwaelelwe go thusa kereke, go thusa bahumanegi le batlhoki.

13 Mme yo o senang seo se a ka duelang ka sone, polelo e tsewe mme e neelwe bishopo mo Sione, yo o tlaa duelang sekoloto go tswa mo go seo se Morena a tlaa se tsenyang mo diatleng tsa gagwe.

14 Mme ditiro tsa ba ba boikanyego ba ba dirang mo dilong tsa semowa, ba ba dirang mo go abelaneng efangele le mo dilong tsa bogosi mo kerekeng, le mo lefatsheng, ba tlaa duelela sekoloto kwa go bishopo mo Sione;

15 Jaana e tswa mo kerekeng, gonne go ya ka molao motho mongwe le mongwe yo o tlhatlogelang mo Sione o tshwanetse go baya dilo tsotlhe fa pele ga bishopo mo Sione.

16 Mme jaanong, ammaaruri Ke a go raya, gore jaaka mogolwane mongwe le mongwe mo kgaolong e ya tshimo ya mofine a tshwanetse go neela polelo ya tebatebelo ya gagwe kwa go bishopo mo kgaolong e ya tshimo ya mofine—

17 Setlankana se se tswang mo moatlhoding kgotsa bishopo mo kgaolong e ya tshimo ya mofine, go bishopo mo Sione, se neela motho mongwe le mongwe kamogelesego, mme se arabela dilo tsotlhe, tsa boswa, mme gore a amogelwe jaaka molebedi yo o botlhale le jaaka modiri yo o boikanyego;

18 Fa go sa nna jalo ga a kitla a amogelwa ke bishopo wa Sione.

19 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, a mogolwane mongwe le mongwe yo o tlaa neelang polelo kwa go bishopo wa kereke mo kgaolong e ya tshimo ya mofine a neelwe teseletso ke kereke kgotsa dikereke, tse a dirang kwa go tsone, gore a tle a amogelesege le polelo ya gagwe e amogelesege mo dilong tsotlhe.

20 Mme gape, a batlhanka ba me ba ba tlhomilweng jaaka balebedi mo dilong tse di tsamaelanang le bokwadi jwa kereke ba nne le tshwanelo ya thuso mo go bishopo kgotsa bobishopo mo dilong tsotlhe—

21 Gore ditshenolo di tle di anamisiwe, mme di tswele pele go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe; gore le bone ba ka amogela madi a a tlaa thusang kereke mo dilong tsotlhe;

22 Gore le bone ba dire gore ba amogelesege mo dilong tsotlhe, mme ba kaiwe jaaka balebedi ba ba botlhale.

23 Mme jaanong, bonang, se e tlaa nna sekao sa makalana otlhe ka bophara a kereke ya me, le fa e le mo lefatsheng le fe le a tlaa tlhomamisiwang gone. Mme jaanong Ke wetsa mafoko ame. Amene.

24 Mafoko a sekae mo tlalaletsong ya melao ya bogosi, mabapi le maloko a kereke—bone ba ba laotsweng ke Mowa o o Boisthepo go tlhatlhogela kwa Sione, mme le bone ba ba nang le tshiamelo ya go tlhatlogela kwa Sione—

25 A ba ise setlankana kwa go bishopo go tswa mo bagolwaneng ba bararo ba kereke, kgotsa setlankana go tswa mo go bishopo;

26 Fa go sa nna jalo ene yo o tlaa tlhatlogelang kwa lefatsheng la Sione ga a kitla a kaiwa jaaka molebedi yo o botlhale. Se le sone ke sekao. Amene.