Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 56


Tsetlana 56

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 15, 1831. Tshenolo e e kgalemela Ezra Thayre ka go sa obameleng tshenolo ya pele (“taelo” e e leng mo temana 8), e Joseph Smith a mo e amogeletseng, e ruta Thayre mabapi le ditiro tsa gagwe mo tshimong ya ga Frederick G. William, kwa a neng a nna teng. Tshenolo e e latelang le yone e fetola pitso ya ga Thayre go ya kwa Missouri le Thomas B. Marsh (bona tsetlana 52:22).

1–2, Baitshepi ba tshwanetse go tsaya sefapaano wa bone mme ba sala Morena morago gore ba amogele poloko; 3–13, Morena wa laola le go fetola, mme ba ba sa obameleng ba a kgaolwa; 14–17, Bohutsana mo bahuming ba ba se kang ba thusa bahumanegi, mme bohutsana mo bahumanegi ba dipelo tsa bone di sa thubegang; 18–20, Go sego bahumanegi ba ba pelo tse di itshekileng, gonne ba tlaa rua lefatshe.

1 Tlhwayang ditsebe, Ao! lona batho ba le ipolelang leina la me, go bua Morena Modimo wa lona; gonne bonang, bogale jwa me bo tukela ba ba tsuologileng, mme ba tlaa itse letsogo la me le kgakalo mo letsatsing la tekolo le la tšhakgalo mo ditšhabeng.

2 Mme yo o tlaa se tseyeng sefapaano sa gagwe mme a ntshale morago, le go tshegetsa ditaelo tsa me, ene yo o gaa kitla a bolokwa.

3 Bonang, Nna, Morena, ke a laela; mme yo o ganang go obamela o tlaa kgaolwa mo nakong ya me e e tshwanetseng, morago ga ke sena go laela mme taelo e robiwe.

4 Ke gone Nna, Morena, ke a laela mme ke fetole, jaaka ke bona go le molemo mo go nna; mme tse tsotlhe di tlaa arabelwa mo ditlhogong tsa ba ba tsuologileng, go bua Morena.

5 Ke gone, Ke fetola taelo e e neng e neetsweng motlhanka wa me Thomas B. Marsh le Ezra Thayre, mme ke neela taelo e ntsha mo go motlhanka wa me Thomas, gore a tseye loeto la gagwe ka bofefo kwa lefatsheng la Missouri, mme motlhanka wa me Selah J. Griffin le ene o tlaa tsamaya le ene.

6 Gonne bona, Ke fetola taelo e e neng e neetswe batlhanka ba me Selah J. Griffin le Newel Knight, mo ditlamoragong tsa bo tlhogo e thata jwa batho ba ba mo Thompson, le botsuolodi jwa bone.

7 Ke gone, a motlhanka wa me Newel Knight a sale le bone; mme bontsi jo bo ka tsamayang bo ka tsamaya, ba ba ngomogileng fa pele ga me, mme ba etelelwe pele ke ene go ya kwa lefatsheng le ke le laotseng.

8 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, gore motlhanka wa me Ezra Thayre o tshwanetse go ikwatlhaela boikgogomoso jwa gagwe, le bopelotshetlha, mme a obamele taelo ya pele e Ke mo e neetswe mabapi le lefelo le a nnang mo go lone.

9 Mme fa a ka dira se, go se kitla go nna le dikgaogano tse di dirwang mo lefatsheng, o santse a tlaa tlhomiwa go ya kwa lefatsheng la Missouri;

10 Fa go sa nna jalo o tlaa amogela madi a a duetseng, mme a tswe mo lefelong le, mme o tlaa kgaolwa mo kerekeng ya me, go bua Morena Modimo wa masomosomo;

11 Mme le ntswa legodimo le lefatshe di tlaa feta, mafoko a ga a kitla a feta, mme a tlaa diragala.

12 Mme fa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a tshwanetse go duela madi, bonang, Nna, Morena, ke tlaa duela gape mo go ene mo lefatsheng la Missouri, gore bao ba a tlaa ba amogelang ba ka lefiwa gape go yeng ka tseo ba di dirang;

13 Gonne go yeng ka tse ba di dirang ba tlaa amogela, e bong mo lefatsheng la boswa jwa bone.

14 Bonang, go bua jaana Morena mo bathong ba me—lo na le dilo tse dintsi tse lo tshwanetseng go di dira le go di ikwatlhaela; gonne bonang, dibe tsa lona di tlhatlogetse kwa go nna, mme ga di a itshwarelwa, ka ntlha ya gore lo batla go gakolola ka mekgwa ya lona.

15 Mme dipelo tsa lona ga di a kgotsofala. E bile ga lo obamele boammaaruri, mme lo natefelelwa ke tshiamololo.

16 Bohutsana mo go lona bahumi, bao ba lo ganang go abela bahumanegi dilwana tsa lona, gonne dikhumo tsa lona di tlaa bodisa mewa ya lona; mme se e tlaa nna khutsafalo ya lona mo letsatsing la tekolo, le katlholo, le tšhakgalo: Thobo e fitile, selemo se fedile, mme mowa wa me ga o a bolokwa!

17 Bohutsana mo go lona bahumanegi, bao dipelo tsa bone di sa thubegang, bao mewa ya bone e sa ngomogang, le ba dimpa di sa kgotsofaleng, bao diatla tsa bone di sa thibiweng mo go tshwareng dilwana tsa batho ba bangwe, bao matlho a bone a tletseng ka bopelotshetlha, le ba ba sa rateng go dira ka diatla tsa bone!

18 Mme go sego bahumanegi ba ba pelo di itshekileng, bao dipelo tsa bone di thubegileng, le bao ba mewa ya bone e ngomogileng, gonne ba tlaa bona bogosi jwa Modimo bo tla ka thata le kgalalelo e kgolo go ba golola; gonne mahumo a lefatshe e tlaa nna a bone.

19 Gonne bonang, Morena o tlaa tla, mme tuelo ya gagwe o na nayo, mme o tlaa lefa motho mongwe le mongwe, mme bahumanegi ba tlaa ipela;

20 Mme tshika ya bone e tlaa rua lefatshe go tswa tshika tshikeng, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae. Mme jaanong Ke wetsa go bua le lona. Fela jalo. Amene.